LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 9/1 ts. 19-23
  • Go Nna Badiri-mmogo mo Bobulatseleng Botshelo Jotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Badiri-mmogo mo Bobulatseleng Botshelo Jotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokopano Jwa Kwa Tshimologong
  • Go Rera mo Magaeng
  • Go Bulatsela mo Dikgaolong Tse Disha
  • A re Tla ya Tareshisha kana Ninefe?
  • Go Neela Bosupi ka Nako ya Ntwa
  • Go Bona “Dinku” mo Wales
  • Jehofa o Gogela Batho ba Maemo a a Kwa Tlase mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Sengwe se se Molemolemo se Nka se Dirang ka Botshelo Jwa Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 9/1 ts. 19-23

Go Nna Badiri-mmogo mo Bobulatseleng Botshelo Jotlhe

Mo teng ga kamore e e baakantsweng ka botswerere e e nang le dilwana tsa ntlo tse di seng maphatsiphatsi thata mo Cardiff, Wales, Thuto ya Buka ya Phuthego e sa tswa go digelwa. Motsamaisi wa thuto o lebogela bopelontle jwa bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela, ebong Maud Clark le Mary Grant, bao jaanong ba leng mo dingwageng tsa bo-90 mme o ba kgothaletsa gore ba bue maitemogelo a bone . . .

Maud: Go set se jaanong go fetile dingwaga tse 65 fa esale nna le Mary re kopana le go bulatsela mmogo.

Mary: Ee, e ne e le ka 1923, mo bosigong jo bo serame, jo bo oleng kapoko jwa January! A o santse o gakologelwa se, Maud? Ke ne ka ya go go folosa kwa seteitshaneng sa terena sa Much Wenlock mme ka go isa kwa ke neng ke nna gone. Re ne ra ja selalelo mmogo, mme morago ra ithuta Tabernacle Shadows mmogo. Mo mosong o o latelang re ne ra simolola tiro ya rona ya go rerela boradipolasi ba Shropshire re pagame dibaesekele.

Bokopano Jwa Kwa Tshimologong

Maud: Legale, re ne re ipaakanyeditse seno. Tota, re ne re setse re na le nakonyana re ntse re bulatsela. Le eleng fa ke ne ke sale mosetsanyana, ka metlha yotlhe ke ne ke kgatlhwa ke Lefoko la Modimo. Aitsane, ke santse ke gakologelwa ke bua mafoko a dipesalema di supa ka tlhogo kwa kerekeng gore ke tle ke fiwe Bibela mahala! E ne e le ka 1908, fa ke ne ke le dingwaga tse 11, fa nkgonne wa mosadi a bala buka ya The Divine Plañ of the Ages mme a tlogela kereke e re neng re e tsena, mme a nna Moithuti wa Bibela. Boammaaruri jwa Bibela bo ne jwa nna setlhogo sa motlotlo wa rona kwa gae. Mme fa rre a sena go tlhokafala ke ne ka simolola go ipotsa gore, ‘Baswi ba kae?’

Abo ke ne ka itumela jang ne go bona karabo fa ke sena go ya go lebelela The Photo-Drama of Creatioñ, eo e neng e supiwa mo gaetsho mo Sheffield! Mo ditshwantshong tseo tse di tshikhinyegang, tse di neng di tshamekelwa magongwe le direkoto tsa seletso, ke ne ka bona go supiwa go tsosiwa ga morwa mosadi wa Moshunema. Ee, ke ne ka ithuta gore baswi ga ba itse sepe go fitlhelela ba tsosiwa.—2 Dikgosi 4:32-37.

Ke ne ka akofa ka iphimola mo Kerekeng ya Anglicañ mme ka simolola tiro e re neng re e bitsa ya bodisa, re aba dibuka tsa Bibela gone fela mo lefelong leo ke neng ke itsege ka go aba dimakasine tsa kereke. Ke ne ka supa boineelo jwa me go Jehofa ka August 1918 kwa kopanong e e neng e le mo motseng o o gaufi wa Leeds.

Fa ke sena go nna le maitapoloso a a monate le bokgaitsadi ba babedi ba barekisi ba dibuka mo Derbyshire, ke ne ka fetsa mogopolo gore ke tseye tirelo ya bobulatsela go nna tiro ya botshelo jwa me jotlhe. Ka August 1922, ke ne ka tsaya kabelo ya me ya ntlha: Biggleswade mo Bedfordshire.

Mongwe wa barekisi ba dibuka o ne a nhaya a re: “Fa o ka itshoka mo dikgweding tse thataro tsa ntlha, o tla siama.” Dilo di ne di se motlhofo mo dikgweding tseo tsa ntlha. Ke ne ka bona kotsi mo baesekeleng ya me. Morago ga moo modiri-ka-nna wa mmulatsela wa ntlha o ne a boela gae. Mme ke ne ka ititaya sehuba gore ke tswelele pele, jalo ka kwalela Mokgatlho ke kopa mopati. Mme Jehofa a mpha Mary!

Mary, o ne wa emela boammaaruri pele ga me, a ga go jalo?

Mary: Ee, Maud. Ka nako eo re ne re nna kwa Cardiff, kwa South Wales. Fa ke ne ke le dingwaga tse 16, mmemogolo o ne a nkopa gore ke bale buka ya The Divine Plañ of the Ages, eo a neng a e bona mo pokanong ya phatlalatsa e e neng e rulagantswe ke Baithuti ba Bibela. Ka metlha yotlhe ke ne ke batla go tlhaloganya Bibela le go nna morongwa fa ke sena go gola. Fa ke ntse ke bala buka eno, ke ne ka lemoga gore ke bone boammaaruri.

Ke ne ka simolola go nna gone mo dipokanong tsa Baithuti ba Bibela, go sa kgathalesege kganetso e kgolo ya ga mmè. Ebu, batsadi ba me e ne e le batho ba ba itsholetseng mme ba sa dumele gore ke bereke sepe, ke ne ka bona maemo a mo gae e le a a kgoreletsang. Lefa go le jalo, ke ne ka kgona go bona dibuka tse di ithutang Bibela ka kakaretso. Fa mmè a sena go di lemoga, o ne a di ja ka molelo a tletse bogale mme a nthaya a re ke sale mmotlana thata go ka itse kaga dilo tseo. Ke ne ka tshwanelwa ke go busetsa dibuka tseo mo gae ka sephiri ka bongwe ka bongwe, morago ga ke sena go etela kwa legaeng la mongwe wa Baithuti ba Bibela leo le neng le le dikilometara di le tharo kgakala le gaetsho. Ke ne ke tle ke bale dibuka tseno ka tlhagafalo pele ga botlhe mo ntlong ba tsoga, mme ke bo ke di fitlha mo ntlwaneng ya mo tshingwaneng fa go le motshegare.

Ka 1913, fa ke ne ke le dingwaga tse 17, ke ne ka etela kwa Lontone go ya go iphokisa phefo le go bona dinaga. Ka boitumelo, sena se ne sa thulana le loeto lwa ga Mokaulengwe Russell kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Kingsway Hall. Fa ke fitlha koo ke ne ka supa keletso ya me ya go batla go kolobediwa. Kgaitsadi mongwe wa morekisi wa dibuka yo o neng a dira mo Cardiff o ne a ya kwa go Mokaulengwe Russell go ya go mmotsa gore a o ne a akanya gore ke sale mmotlana thata. O ne a mpotsa gore ke dingwaga di kae mme a mpotsa dipotso go bona gore a tota ke ne ke tlhaloganya Dikwalo le go tlhomamisa gore a tota ke ineetse botshelo jwa me go Jehofa. Ka jalo, ke ne ka apara seaparo se seleele se sentsho mme ka kopana le ba bangwe ba ba neng ba ya go kolobediwa kwa Londoñ Tabernacle. Ke santse ke gakologelwa sentle mafoko a pina eno e re neng re e opela fa re tlhatloga mo metsing:

“Go fitlhwa le Keresete

le go tsosiwa le ene gape,

Ke eng se se santseng se ntshaletse go se dira?

Ke fela go emisa

kgaratlho le kgang,

Ke fela go tsamayeng mo bosheng jwa botshelo. ”

Morago ga moo, mokaulengwe mongwe o ne a nkatamela mme are: “O tshwanetse wa bo o le wa bofelo mo go ba ba 144 000 go tsena; o ne o saletswe fela ke nako e khutshwane mo go kana go tiisetsa pitso ya gago le go tlhophiwa.” Ba le bantsi ba ne ba akanya jalo ba ba neng ba lebeletse thata mo ngwageng o o atamelang wa 1914. Lefa go le jalo, mo go nna, sena se ne sa itshupa e le nako ya diteko fa ke ntse ke itshokela kganetso e kgolo kwa gae. Ke ne ke leka bojotlhe go nna gone mo dipokanong. Ka 1916, ke ne ka ipelela tshiamelo ya go direla jaaka motlhokomedi fa go ntse go bontshiwa The Photo-Drama of Creation mo Cardiff. Fa ke sena go digela dithuto tsa me tsa booki mo Manchester, ke ne ka simolola tirelo ya nako e e tletseng ya bobulatsela ka 1922.

Go Rera mo Magaeng

Maud: Tota ka nako eo re ne re tshwanelwa ke go dira maiteko a magolo. Re ne re bolelela mongwe le mongwe gore re ne re dira tiro ya Bokeresete. Batho mo metlheng eo ba ne ba bala thata. Re ne re aba The Harp of God le motseletsele wa Studies iñ the Scriptures. Ebu, re ne re tlhoka potomente e tona eo re neng re ka tsenya dibuka tsa rona mo go yone. Ya me e ne e le kgolo fela thata mo e leng gore fa ke sena go goroga mo polaseng nngwe e e kwa thoko letsatsi lengwe, mosadi mongwe wa rapolasi eo o ne a akanya gore ke ne ke le mongwe wa ba-losika yo o neng a tswa Canada mme a ba etetse. Abo re ne ra tshega jang ne!

Ereka bobulatsela e ne e le botshelo jwa rona, re ne re kgona go itshedisa ka tiro ya go aba dibuka tse di neng di tshotse molaetsa wa Bogosi. Re ne re dirisa se re se bapetseng ka kelotlhoko mme re dirisa madi ka botlhale, re ananya dibuka ka botoro le ka dilo tse dingwe tse re di bonang mo dipolasing le go sela ditapole, digwere tse di jewang, le dikhabetshe tse di neng di wa mo dikaraking fa di ntse di siane mo ditseleng tse di makobekobe le tse di lerole. Re ne ra nna ditswerere tsa go baakanya dithaere tse di phunyegileng tsa rona, mme gape re ne ra nna baroki ba ba ditswerere ba diaparo, re itshegela diaparo.

Fa bakaulengwe ba ba neng ba direla jaaka dibui tse di etelang mafelo ba tlile go fa dipuo tsa Bibela mo ditoropong, nna le Mary re ne re ba sala morago go thusa ba ba kgatlhegileng ka ntlha ya thero ya bone. Go ne ga nna le ditlhophanyana tsa batho ba ba kgatlhegang mo Shrewsbury le mo ditoropong tse dingwe. Mme a bo ka metlha re ne re tlhologelelwa jang ne go tla ga dikopano! Ke akanya gore kopano ya Lontone ya 1926 e ne ya kgatlhisa thata. Koo re ne ra nna le tshiamelo e nngwe gape ya go aba bukana ya The Standard for the People mo mebileng ya motsemogolo. Go tswa foo kgatlhego ya rona e ne ya gola segolo fa re bala diteng tsa lokwalo lo lo neng lo tswa kwa Mokgatlhong. Re ne re tla romelwa go sele: Northern Ireland.

Go Bulatsela mo Dikgaolong Tse Disha

Re ne ra goroga mo County Antrim, Northern Ireland, go rerela batho ba ba neng ba kgaogane ka bodumedi. Re ne ra gorogela pele mo Greenisland. Go ne go le bokgola ebile go le tsididi, mme ra fetsa dibeke di le dintsi re sena molelo o o gotsitsweng ka ntlha ya ngalo-ditiro ya malatlha mo Ennyelane. Ke santse ke gakologelwa jaanong, re apere dijase tsa rona le ditlelafo mo maitsiboeng, re leka go ithuta mme re roroma ka ntlha ya serame. Mme selemo se ne sa goroga, mme abo re ne ra leboga Jehofa jang ne ka ntlha ya tshiamelo ya go dira mo lefelong le lentle la kwa diphataneng tsa Antrim. Batho ba ne ba reetsa molaetsa wa Bogosi ka kelotlhoko. Ebu, gantsi ba ne ba ganetsa, mme ba ne ba le pelonomi. “Come awa’ iñ,” ba ne ba rialo, mme ba ne ba tlhatlega ketlele mo teng ga greesha (leiso la mmu le le mogote thata) go e bedisa, mme puisano ya rona e ne e tswelela pele.

Mary: Ereka jaanong re ne re le basetsana ba babulatsela ba le bane mo kabelong ya rona, re ne ra ngaparela thulaganyo e e nonofileng ya bolegodimo ya dipokano. Mo mosong mongwe le mongwe re ne re buisana ka temana e e tswang mo Dikwalong re bo re bala “My Morning Resolve,” e ka bontlhanngwe e neng e re, ‘Ke tla gakologelwa ka malatsi otlhe kwa Setulong sa Segosi sa Selegodimo sa Tshegofatso maikarabelo otlhe a tiro ya go roba, segolo bogolo seabe seo nna ka bonna ke nang le tshiamelo ya go se ipelela mo tirong eno, le badirimmogo ba ba rategang kwa Bethele le gongwe le gongwe.’ Ka Laboraro bosigo re ne re nna le Thapelo, Pokano ya Pako, le Boipolelo. Ka bo-Sontaga re ne re ithuta Tora ya Tebelo mmogo, mme re ne re phuthegela fa seletsong se sepotlana sa mmino wa okene tse gantsi re neng re di bona mo magaeng a batho re bo re opela mo kopelong ya Hymns of the Millennial Dawn, jaaka:

“O se gopole gore phenyo e bonwe,

Lefa e le gone go nna fa fatshe ka phuthologo

Tiro ya gago e e boima e ka se dirwe

Fa e se fela morago ga o bona serwalo sa gago. ”

Maud: Abo go ne ga nna phetogo jang ne fa re ne re abelwa tiro e e kgethegileng e e neng ya tlhaga—re ne ra nna babulatsela ba ntlo ya kgwebo. Re ne re tla lala re kgonne jang go rerela borakgwebo, baokamedi ba dibanka, le batho ba ba tshwanang le bao? Dikago tse dikgolo tseo mo Belfast di ne di lebega di ka se tsenwe. Mme re ne ra gakologelwa Bafilipi 4:13: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” Mme re ne ra seka ra akanya ka go sa amogele kabelo. Abo re ile ra nna le maitemogelo a a molemolemo jang ne a go bua le banna bao le go ba tsamaisetsa dibuka di le dintsi! Ka 1931 re ne re feditse matlo a kgwebo mme re feditse dingwaga tse tlhano mo Northern Ireland. Re ne ra ipotsa gore kabelo ya rona e nngwe e tla nna kae. Re ne ra gakgamala fa re utlwa go twe e kwa matlung a kgwebo a Dubliñ.

A re Tla ya Tareshisha kana Ninefe?

Gone ke boammaaruri gore, lantlha, re ne ra ikutlwa fela jaaka Jona, yo o neng a abelwa go ya go rera kwa Ninefe mme go na le moo a leba kwa Tareshisha. Re ka bo re ne re ratile go romelwa kwa kabelong e sele. Ka bonakonyana re ne ra lemoga kafa re tshwanetseng go ikaega ka Jehofa ka gone. Lefa go le jalo, abo go ne go tlhoka bopelokgale jang ne go ema fa Nelson’s Pillar mo Dubliñ mme re bona mebila e tletse ka baperisiti le baitlami ba basadi, banna ba rola dihutshe tsa bone fa basadi bone ba ikwala sefapaano go tlotla ‘Kgarebane e e segofaditsweng.’ Ka nako eo go ne go na le Baithuti ba Bibela ba le bane fela mo Dubliñ.

Re ne ra kgona go bona boroko mo legaeng lengwe la Moroma Katoliki. Legale, re ne ra tshwanelwa ke go fitlha dibuka tsa rona kafa tlase ga bolao, ka go bo moruti o ne a etela ntlo eo ka metlha. Letsatsi lengwe rakgwebo mongwe mo Dubliñ o ne a tla mo re kopileng boroko gone, mme are: ‘Lo ne lwa tlogela dibuka dingwe kwa bankeng ya me.’ o ne a di ratile thata mo e leng gore o ne a ya mo mabenkeleng otlhe go tlhola gore a a ne a rekisa dibuka tsa ga Judge Rutherford. Go tswa foo o ne a kwalela New York mme a fiwa aterese ya rona. O ne a rulaganyetsa ditsala tsa gagwe tsotlhe maitiso go ba bolelela ka seo a neng a se ithutile.

Moragonyana mo ngwageng oo, re ne ra ya kopanong e e neng e le kwa Liverpool, Ennyelane, koo re neng ra utlwa ka leina le lesha, la Basupi ba ga Jehofa. Fa re boela kwa Dubliñ, re ne ra tlhakanela mo tlhabanong ya go aba bukana e e reng The Kingdom, the Hope of the World, e e neng e tshotse maitlhomo a kopano. Re ne ra etela dimonaseteri tsotlhe, matlo a baitlami ba basadi, le matlo a kgwebo, re ba fa sekaelo sa mahala sa bukana eo. Botlhe ba ne ba di amogela!

Mary: Letsatsi lengwe re ne ra bona sekepe se lelemela mo Nokeng ya Liffey, mme seo se ne sa re gakolola gore re rerele babereki ba dikepe mo boemelong jwa dikepe. Fa re re re leka go tsena mo lefelong la boemelo jwa dikepe, re ne ra fitlhela bo kganetswe ke lepodisi lengwe, yo o neng are botsa gore re dirang. Fa re mmontsha dibuka, o ne a re, “Tsamayang.” Re ne ra bona baokamedi ba dikepe ba le bantsinyana go tswa dinageng tse dingwe ba ba neng ba itse Basupi. Fa re ntse re akanya ka maitemogelo ano, re gakgamalela tsela eo Jehofa a neng a re tlhokomela ka yone fa mongwe le mongwe wa rona a ntse a ya mo dikepeng a le nosi.

Go Neela Bosupi ka Nako ya Ntwa

Maud: Ka 1939 fa ntwa e tsoga, re ne ra boela kwa Liverpool mme ra kopana le babulatsela ba bangwe ba le 20 ba ba neng ba nna mo legaeng la babulatsela. Jaanong re ne re tshelela fela mo ditlhaselong tsa difofane le dibomo mme re neela bosupi gongwe le gongwe ko batho ba neng ba kgona go reetsa teng. Gantsi re ne re a tle re tsenye direkoto mo diletsong tsa rona, re bua ka molaetsa wa Bogosi, go tswa foo re bo re sianela gape kwa legaeng la babulatsela, kana re kgabaganya go tswa mo lefelong la go tshabela tlhaselo ya difofane go ya kwa go le lengwe. Mo lobakeng lono lotlhe, re ne re sa boife sepe, ka go bo re ne re dira tiro ya Morena.

Nako le nako e ne e re fa re feta ka mmila, batho ba ne ba re goeletsa ka matlhapa ka go bo Basupi ba ne ba boloka boitlhaodi mo nakong eno ya dintwa. Ke gakologelwa gore mo ntlong nngwe lekawana lengwe le ne la reetsa direkote mme a amogela thuto ya ka metlha ya Bibela. Go ne ga tsoga bothata. O ne a sa tswa go ikwadisa gore o ne a tla tsena mo Bosoleng jwa Dikepe jwa Britane. O ne a kwalela bagolwane ba teng kaga boemo jwa gagwe jwa boitlhaodi mme fa ba mo araba ba ne ba mo golola gotlhelele mo ditirong tsa sesole. Moragonyana o ne a kopanela le rona mo tirong ya rona ya nako e e tletseng.

Mary: Ga ke kitla ke lebala metlha eo ya ntwa, Maud. A o gakologelwa se se neng sa diragala fa re ne re fudugela kwa Knutsford mo Cheshire ka 1942? Mosadi mongwe o ne a re goeletsa are, ‘Lona lo dirang go thusa mo ntweng?’ Pele ga re ka mo araba, mofeti-katsela mongwe o ne a araba a re, ‘O dira tiro e re tlhokileng bopelokgale jwa go e dira.’ Monnamogolo mongwe le ene o ne a akgela, ‘Ba dira tiro e e molemo.’

Maud: Ee ruri, tiro ya thuto ya Bibela e ne e le namane e tona ya selo. Ke ne ka nna le boitemogelo jo bo molemolemo fa ke ne ke etela polasi nngwe mme ke bona mosadi mongwe yo o neng a nthaya a re mosimanyana wa gagwe o sa tswa go swa mo kotsing ya koloi. Ke ne ka mo tsamaisetsa bukana ya Hope for the Dead mme ka simolola thuto ya Bibela. Morago ga dithuto di supa fela, mosadi yono o ne a si molola go tsamaya le nna mo tirong ya go neela bosupi. Dikgwedi di sekae moragonyana monna wa gagwe o ne a amogela boammaaruri, mme mo dingwageng di le pedi fela banyalani bano ba ne ba rekisa polasi ya bone mme ba simolola go bulatsela. Moragonyana ga moo morwadiabone o ne a kopanela le bone mo tirong ya nako e e tletseng, mme jaanong ene le monna wa gagwe ba direla mo Bethele ya Lontone.

Kwa kopanong ya 1941 ya Leicester, Mokaulengwe Schroeder o ne a itsise gore babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba tla amogela thuso ya madi e potlana go ba thusa mo ditlhokafalong tsa botshelo. Mo dingwageng tse di ka tshwarang 20, Jehofa o ne a ile a segofatsa tiro ya rona ya go aba dibuka mme ka gone a re tlamela ka dilo tse re neng re di tlhoka. Jehofa ga a ise a ko a re latlhe le ka motlha. Re ile ra iponela ka matlho go re: “Ga goa tlhaèla lehoko lepè ya choloheco eotlhe ea gagwè e e molemo.”—1 Dikgosi 8:56.

Go Bona “Dinku” mo Wales

Ka 1954 re ne re le mo Milford Haveñ, mo Wales. Go sa kgathalesege kganetso ya baruti, re ne ra rera mme ra bona batho ba seka-dinku ba ba neng ba arabela. Re ne ra rulaganya bano go nna ditlhopha mme ra ba bontsha kafa ba ka tsamaisang dipokano ka gone le go fa dikakgelo tse dikhutshwane, tse di utlwalang. Abo e ne e le paka e e itumedisang jang ne go bona batho ba supa ba kolobediwa mo letangwaneng la go tlhapisa dinku mo metsing a a bothitho a a tshetsweng ma teng ka dikgamelo tsa maši!

Mo toropong e e mo mokgatšheng wa Wales ya Abercynoñ, ketelo nngwe ya tselana ya dimakasine e ne ya tlisa matswela a a molemo. Lemororo mosadi yo o neng a amogela dikaelo tsa dimakasine ka metlha a ne a re, “Ga ke dumele se 10 se mpolelelang,” o ne a dumela go bala dimakasine. Mo ketelong ya moragonyana, ke ne ka fitlhela monna wa gagwe a tshwaregile a kgabisa ntlo. Morago ga puisano e e botsalano, re ne ra dira dithulaganyo tsa go simolola thuto ya Bibela mo bekeng e e latelang. Re ne ra tsalana le bana ba gagwe ba basimane ba ba neng ba kopanela mo thutong. Kgabagare, mmè le bana ba gagwe ba basimane ba le bararo ba ne ba ineela matshelo a bone go Jehofa mme ba kolobediwa. Go tla go fitlha jaanong, ba le 35 mo lelapeng leo ba ile ba amogela boammaaruri, bangwe ba direla jaaka babulatsela ba ba thusang, ba ka metlha, kana ba ba kgethegileng, mme ba bangwe jaaka bagolwane.

Jaanong re mo Cardiff, re ntse re gopola kaga matshelo a rona. Ga re ikotlhaye. Jehofa o re thusitse ka sengwe le sengwe se re se tlhokang mo dilong tse di bonalang. Re ile ra nna le botshelo jo bo molemo thata jwa go direla mmogo jaaka babulatsela, mme re santse re tsaya tirelo ya nako e e tletseng jaaka letlotlo le legolo la rona mo botshelong.

Jaanong dipelo tsa rona di tletse ka boitumelo go bona palo ya babulatsela e e ntseng e ya magoletsa. Mme botlhe ba basha ba ba dirang tirelo eo e e botlhokwatlhokwa—abo re itumela jang ne! Nna le Mary re ile ra bulatsela mmogo ka dingwaga di le 65. Matshelo a rona a ile a nna a a motlhofo fela, mme re nna re tshwaregile, fa gongwe e le a a boima mme e le a a duelang. Tota ruri re hakela bobulatsela jaaka selo sa botshelo jotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Maud (kafa molemeng) le Mary ba santse ba bona letlotlo la bone le legolo mo tirelong ya nako e e tletseng ya ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela