Baratiwa Ba Rona Ba Ba Suleng Ba Kae Gone Jaanong?
“MOSIMANYANA o kae gone jaanong?” Mmè yo o tshwenyegileng thata (yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng) o ne a ntse a ipotsa gore lesea la gagwe le le tlhokafetseng le ile kae. A o ne a le kwa legodimong kana felo gongwe?
Mmaagwe Andrew o ne a fiwa karabo ka bonako. Morago ga go utlwa ka tiragalo e e botlhoko eo, ngwana wa gagwe yo motona, yo le ene e leng Moroma Katoliki, o ne a araba a re: “Andrew o kwa Limbo.” Mme a gone o ne a le koo?
Limbo E Kae Kana Ke Eng?
The Concise Oxford Dictionary e bolela gore Limbo ke “lefelo le le fa molelwaneng wa dihele, leo go akanngwang gore ke legae la batho ba ba siameng ba pele ga Bokeresete le masea a a sa kolobediwang; . . . boemo jo bo tlhokomologilweng kana jo bo lebetsweng.” Malebana le Limbo, New Catholic Encyclopedia e bua jaana: “Gompieno lereo leno le dirisiwa ke baithutabomodimo go supa lefelo kana boemo jwa meya e e neng e sa tshwanela go ya kwa diheleng go ya go bogisiwa ka bosakhutleng mme e ne e ka seka ya tsena kwa legodimong pele ga Kgololo (Limbo ya borre) kana la meya eo ka ntlha ya sebe sa tlholego fela e sa kgoneng go itse Modimo ka sebele ka bosakhutleng (Limbo ya bana).”
Lefa go ntse jalo, yone encyclopedia eo e bua gape jaana: “Seo se diragalelang masea ao a swang pele a kolobediwa eleruri ke bothata jo bo raraaneng. . . . Kgang kaga Limbo e santse e le nngwe ya dipotso tsa bodumedi tse di sa arabiwang. Ga go sepe sa semmuso se se kwadilweng ke Kereke se se ka bonwang kaga go nna gone ga Limbo.” Fa e gatelela seno, The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Ka go bo Kereke ya Roma Katoliki e ise e ko e kwale semmuso thuto kaga limbo jaaka boemo kana lefelo leo le leng gone, kgopolo kaga limbo e sala e ntse e le potso e e sa arabiwang.”
Lefa go le jalo, Makatoliki a mantsi a a tlhagafetseng a amogela kgopolo ya Limbo. Mme tsweetswee a o ko o akanyetse ntlha eno ka kelotlhoko: Ke ka ntlhayang fa masea a ka atlholelwa go ya kwa lefelong le go sa itsiweng sepe ka lone, le le sa tlhaloganyesegeng ka bosakhutleng fela ka ntlha ya go bo a ne a sa kolobediwa?
A Bibela e umaka sepe ka Limbo? Nnyaa, Lefoko la Modimo ga le e umake gotlhelele. Jalo se no se tsosa potso e e botlhokwa thata: Batho, go akareletsa le masea, ba ya kae fa baa swa?
Batho Ba Ya Kae Fa Baa Swa?
Pono e e itsegeng thata gareng ga batsena-kereke ba La-Bodumedi ke gore bat ho fa baa swa ba ya kwa legodimong kana kwa diheleng. Mme Bibela ya reng kaga seno? E tlhalosa jaana: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) Jalo baswi ga ba itse sepe. Ga ba tshele felo gongwe mme ka tota-tota ba sule gotlhelele. Ga ba ikutlwe.
Ntlha eno e gatelelwa ke dipolelo tseno tse di mo bukeng ya Bibela ya Dipesalema: “Bashwi ga ba bake Yehofa, leha e le opè eo o hologèlañ mo tuulaloñ.” (Pesalema 115:17) “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.”—Pesalema 146:3, 4.
Mme go tweng ka moya? A ga o swe? Nnyaa. Go farologana le seo batho ka bontsi ba se dumelang, moya o a swa. Ntlha eno e tlhalositswe ka papamalo fela mo Bibeleng, e e buang jaana: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4, 20) Se se gatelelang se no gape se fitlhelwa mo go Ditihō 3:23, e e buang jaana: “Me go tla nna, go re, motho [moya, NW] moñwe le moñwe eo o se ketlañ a reetsa moperofeti eo [Jesu], o tla senyediwa rure mo bathuñ.”
A Loso Ke Bokhutlo jwa Sengwe Le Sengwe?
Tota loso ga se bokhutlo jwa sengwe le sengwe. Tsogo ya baswi e rutwa ka phepafalo mo Dikwalong. Jesu o ne a re: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.” (Yohane 5:28, 29) Mo godimo ga moo, Jesu mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng o ne a tsosa batho bangwe. Kgang e e gakgamatsang thata e ne e le ya tsala ya ga Jesu ebong Lasaro. O ne a setse a sule ka malatsi a le mane. Mme fa Jesu a ne a goa are: “Lasaro, cwa,” monna yo o suleng o ne a tsoga, a tswa mo lebitleng. Abo sena se ne sa kgatlha boidiidi jo bo lebileng jang ne! Mme a bo tiragalo eno e ne e ipedisa jang ne mo go Maria le Maratha, ebong bokgaitsadia Lasaro!—Yohane 11:38-45.
Lasaro o ne a le kae mo malatsing a mane ao? A o ne a le kwa legodimong? Kwa diheleng? Kwa Limbo? Nnyaa. Bibela ga e bue sena kana go supela go sone. Fa Lasaro a ne a tshela golo gongwe, eleruri o ne a ka bo a boleletse ba bangwe kaga seno. Mme jaaka Bibela e bua: “Bashwi ga ba itse sepè.”—Moreri 9:5.
Tiragalo e nngwe e e omosang pelo e diragetse kwa motseng wa Naina. Fa Jesu a atamela kgoro ya motse, o ne a kopana le batho ba ya phitlhong. Moswi e ne e le “morwa mmagwè eo o esi,” yo e neng e le motlholagadi. Ka tlholego fela, o ne a lela botlhoko. Seno se ne sa ama pelo ya ga Jesu e e kutlwelobotlhoko, le lorato. O ne a atamela, a emisa batho, mme a bua are: “Lekau, kea gu raea, Coga.” Mme monna yo o suleng a dira jalo! A o ka akanya fela ka moo mmaagwe a neng a itumela ka gone le ka moo babogedi ba neng ba gakgamala ka gone?—Luke 7:11-17.
A lekawana leno le ne la bua sengwe ka gore le ne le le kwa legodimong kana kwa Limbo? Nnyaa. O ne a ka bua jalo jang? “Bashwi ga ba itse sepè.” Bibela gape e tshwantsha loso le boroko jo bogolo. Dafide o ne a bua jaana: “U bo u mphetolè Yehofa, Modimo oa me: bonesa matlhō a me, nka tla ka rōbala thobalō ea losho.” (Pesalema 13:3) Mo godimo ga moo, pele ga fa Jesu a tsosa Lasaro, o ne a tshwantsha loso le boroko.—Yohane 11:11-14.
Fa re fitlha fano, go tsoga potso e nngwe gape.
A Batho Bangwe ba ba Siameng ba ya Legodimong?
Ee, batho bangwe ba ba siameng ba ya legodimong. Ntlha e e kgatlhisang thata ka batho ba ba siameng, kana Bakeresete ba boammaaruri, eo bontsi jwa batsena-kereke ba sa e itseng ke ya gore go na le ditlhopha tse pedi. Setlhophanyana se sennye se ya legodimong go ya go bus a le Jesu Keresete, fa bontsintsi jo bongwe bo tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Gongwe se no se a go gakgamatsa. Ka jalo, a re sekasekeng seo Bibela e se buang ka kgang e e kgatlhisang eno.
Boikaelelo jwa Modimo jwa ntlha ka batho e ne e le eng? Fa a ne a bopa Adame le Efa, a o ne a ikaeletse gore ba ipelele botshelo ka nakwana fela mo tshimong ya Edene ba bo ba swa ba ya legodimong? Nnyaa. Modimo o ne wa ba naya tiro e e kgethegileng mabapi le lefatshe, fa are: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” (Genesise 1:28) Mme Jehofa ga a ke a fetola boikaelelo jwa gagwe jo a bo tlhomileng. O bua jaana, mo go Pesalema 89:34: ‘Ga nkitla ke fetola polelo e e duleng ka dipounama tsa me.’ Jalo he Paradaise e e jaaka Edene e tshwanetse go busediwa le go ipelelwa ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang—bontsintsi jo bo umakilweng fa godimo.
Setlhopha se sennye ke sa batho ba ba fiwang tshiamelo e e kgethegileng, eleng ya go busa le Keresete kwa legodimong. Ka mantswe a mangwe, ba tla kopanela le Jesu mo go buseng batho ba ba nnang mo lefatsheng. Seno ke puso ya Bogosi eo Bakeresete ba e rapelelang mo thapelong ya Morena. Ka mo go kgatlhisang, mo go yone thapelo, eo re bua jaana: “Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
A Bibela e senola gore ke ba le ba kae bao ba yang go ipelela tshiamelo eno e kgolo ya go busa le Keresete kwa legodimong? Ee, e a senola. Tshenolō kgaolo 14 e bua jaana, mo temaneng ya 1: “Me ka leba, me bōnañ, Kwana a bo a eme mo thabeñ ea Siona, a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, ba ba kwadilweñ leina ya gagwè, le leina ya ga Rragwè, mo diphatleñ tsa bōnè.” O tla gakologelwa gore Tshenolō e dirisa ditshwantsho di le dintsi, kana ‘ditshupo,’ jaaka go bontshitswe mo temaneng e e simololang, Tshenolō 1:1, NW. “Kwana” ke Jesu Keresete. (Bapisa Yohane 1:29.) Mme Thaba ya Siona ga e reye motsemogolo wa Iseraela wa sepolotiki mme e supela go “Yerusalema oa selegodimo.”—Bahebera 12:22.
Tshenolō kgaolo 7 e re naya tshedimosetso mabapi le setlhopha sa selegodimo le setlhopha sa selefatshe tseo re di umakileng. Ditemana tsa 4-8 di umaka ba ba 144 000 “e le ba locō loñwe le loñwe loa bana ba Iseraela.” Seno ke kgang e nngwe gape ya tshwantshetso e e rayang Iseraela wa semoya, kana “Iseraela oa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Baroma 2:29 e buajaana: “Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ.” Tshenolō 7:9 e tswelela go tlhalosa setlhopha sa selefatshe, fa e bua jaana: “Bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dico cotlhe, le batho, le dipuō.”
Batho ba ba Siameng ba Tla Tshela mo Lefatsheng
Dibilione tsa batho ba ba siameng di tla tshela mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43) A o eletsa go nna gareng ga bone? Eleruri go jalo. Abo e tla bo e le tshiamelo jang ne go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng leo le senang kgotlelo, tlala, bokebekwa, bolwetsi, pogisego, le tebelelo e e tshosang ya kgogakgogano ya ntwa ya nukle! A Bibela ruri e bolelela pele selo se se ntseng jalo? Ee, eleruri. E bua jaana: “Badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. . . . Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō. Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:9, 11, 29; bapisa Mathaio 5:5.
Go tweng, he, mabapi le masea a a suleng? A le one a tla nna teng mo lefatsheng la Paradaise? Ga a ye kwa Limbo, e e seng gone. Mme banana bano ba Modimo a ba gakologelwang ba tla boa gape ka tsogo ya baswi—nngwe ya ditsholofetso tse di itumedisang tse di mo Lefokong la Modimo, jaaka re setse re bone. (Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15) o ka tswa o latlhegetswe ke bao o ba ratang ka ntlha ya loso mme o ipotsa gore ba kae gone jaanong. Go tswa mo Dikwalong go phepafetse sentle gore ba robetse, mme ba letetse tsogo. A o ka rata go bona tshedimosetso e nngwe gape kaga tsholofelo eno e e itumedisang ya botshelo mo lefatsheng la paradaise? Fa go le jalo, ke ka ntlhayang fa o sa tlotle ka dikgang tseno le Basupi ba ga Jehofa fa ba etela legae la gago mo nakong e e tlang?
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Batho bangwe ba ba siameng ba ya legodimong. Ke bomang?
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Lasaro o ne a le kae fa a santse a sule?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
Photo taken at Brooklyn Botanic Garden