‘Re A Itse Fa Ba Tla Tsoga ka Motlha wa Tsogo’
MODIMO MOTHATAYOTLHE o neile batho botshelo. Gape a ka bo busetsa mo bathong ba ba suleng. Gape, re na le motswedi o o ikanyegang thata wa tshedimosetso o o kaga botshelo le loso o o tswang kwa go ene: eleng Dikwalo tsa Sehebera le tsa Bokeresete tsa Segerika, mme dikarolo tseno tse pedi di dira Bibela. E na le molaetsa o o theilweng mo mabakeng wa gore ba bantsi ba ba suleng ba ka kgona go boa gape ba tshela mme ebile ba tla boa gape ba tshela.—Yohane 5:28, 29.
Ka sekai, a ko o akanye ka pego ya hisitori ya ga Lasaro wa kwa Bethania, yo o neng a itsiwe thata ke Jesu Keresete. Lasaro o ne a ntse a lwala, mme morago ga moo o ne a tlhokafala. Morago ga moo, Jesu o ne a bolelela Maratha kgaitsedie Lasaro jaana: “Kgantsadio [yo o suleng] o tla ba a coga.” O ne a fetola jaana: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” (Yohane 11:23, 24) Ee, o ne a itse. Ka seno se theilwe mo tshedimosetsong e e ikanyegang, o ne a sa belaele ka gope gore kgaitsadie yo o rategang ebong Lasaro o ne a tla boa a tshela “ka letsatsi ya bohèlō.”
Fa o ntse o buisa tiragalo eno ya hisitori mo go Yohane kgaolo 11, o tla bona pego ka botlalo ya seo se neng sa diragala ka nako eo. Jesu o ne a tsosetsa monna yoo botshelong gape, lemororo Lasaro a ne a setse a na le malatsi a le mane a sule. Tsogo eo ke sesupo sa gore Modimo a ka diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsa go tsosa baswi, “ka letsatsi ya bohèlō.” Mme ke kwa kae koo Maratha a neng a lebeletse go bona Lasaro gape gone? Ke kwa kae koo Bajuda ba bangwe ba ba ikanyegang ba neng ba akanya gore tsogo e e tlang e tla diragalela gone?
‘A Ke Lefatshe Leo go Senang Ope Yo O Yang a ba a Boa kwa go Lone’?
Lefatshe le ne la tlhophiwa ke Modimo gore e nne bonno jwa tlholego jwa motho. Mopesalema o tlhalosa seno ka mafoko ano: “Magodimo ke magodimo a ga Yehofa; me lehatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Ga go na sepe mo Dikwalong tse di Boitshepo se se bontshang gore fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba nna boikanyego go Modimo, ba ka bo ba ile ba tshelela ruri golo gongwe go sele eseng mo lefatsheng. Tota, a “setlhare sa botshelō” se ne se se mono mo lefatsheng, mo Paradeiseng eo batho ba babedi ba pele ba neng ba e ipelela pele ga ba wela mo go tloleng taolo ya Modimo? (Genesise 2:9; 3:22) Ereka go ne go sena tshedimosetso epe e e fapaaneng le eno go tswa go Modimo, batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ka kwa ntle ga tshimo ya Edene (go simolola ka morwa yo o boifang Modimo wa ga Adame ebong Abele go ya pele) kwantle ga pelaelo, ba ne ba tla amanya tsogo le legae le le lengwe fela leo ba neng ba le itse e le la motho—eleng lefatshe.
‘A o ko o iketle pele,’ batho ba bangwe ba ba tlwaelaneng le Bibela ba ka ganela jalo, ‘a Jobe ga a ka a bolela mo kgaolong 16, temana 22, “ka tsela nngwe e” a “se ketlañ [a] boea mo go eōna” gore o tla “ea” ka yone? Gape mo go Yobe 7:9 o ne a bolela jaana: “Le èna eo o hologèlañ mo Bobipoñ [Shèol], ga a ketla a tlhōla a tlhatloga.” Jobe o ne a oketsa jaana mo temaneng 10: “Ga a ketla a tlhōla a boèla kwa tluñ ea gagwè, le gōna helō ga gagwè ga go ketla go tlhōla go mo itse.”’
Jalo, jaaka bakanoki bangwe ba bolela, a ditemana tseo le dipolelo tse di tshwanang le tsone ga di bontshe gore Jobe o ne a tsaya loso jaaka ‘lefatshe leo go senang ope yo o yang a ba a boa kwa go lone’? A dipolelo tsa mothale oo di raya gore Jobe o ne a sa dumele mo tsogong ya mo isagweng? Go bona karabo, re tshwanetse go tsaya mafoko ao go ya ka boemo joo a builweng mo go jone, gape re a bapisa le maikutlo a mangwe ao Jobe a a bontshitseng ka kgang eno.
Jobe o ne a sa itse gore o ne a bogela eng. Ka lobakanyana o ne a akanya ka phoso gore Modimo ke one o neng o mmakela pogo eo. (Yobe 6:4; 7:17-20; 16:11-13) Ereka a ne a kgobegile marapo, o ne a ikutlwa gore lefelo le le lengwe fela leo a neng a tla gololesega ka bonako kwa go lone e ne e le lebitla. (Yobe 7:21; 17:1; bapisa 3:11-13.) Koo, go ya ka pono ya ditsala tsa gagwe, o ne a ka se bonwe, a ka se boele kwa tlung ya gagwe, a ka se tlhole a tlotlwa gape, a ka se boe gape kana a nna le tebelelo epe ya go dira jalo pele ga nako ya Modimo e e beilweng. Ba tlogetswe ba le bosi kwa ntle ga go tsenelela ga Modimo, Jobe le ba bangwe botlhe ba e leng bana ba ga Adame ba ne ba sena thata ya go tsoga mo baswing.a—Yobe 7:9, 10; 10:21; 14:12.
Go Dumela mo Tsogong
Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tsaya go belaela ga ga Jobe ka seo se neng se mo diragalela le dikakgelo tsa gagwe tse di sa jeseng monate ka isagwe ya gagwe e e neng e le fa gaufi gore di bolela gore o ne a sa dumele mo tsogong. Gore tota o ne a dumela mo tsogong ya mo isagweng go bonala sentle mo go Yobe 14:13-15. Mo temaneng eo, Jobe o ne a bolela gore o ne a eletsa go ‘fitlhiwa mo Bobipong’ mme morago ga moo Modimo ‘wa mo gakologelwa.’ Mo godimo ga moo, mo go Yobe 19:25-27 monna yono wa tumelo le bothokgami o ne a bolela gore o na le “morekolodi” le gore morago ga moo o ne a tla ‘bona Modimo.’ Ee, Jobe o ne a dumela mo tsogong. O ne a dumela gore Modimo a ka kgona go mmusetsa kwa botshelong mme o tla dira jalo, le eleng jaaka fa Aborahame pele ga moo a ne a dumela gore Modimo o na le kgono ya go tsosa ‘baswi.’—Bahebera 11:10, 16, 19, 35.
Go fitlhela le mo motlheng wa gompieno Bajuda ba santse ba dumela mo tsogong ya mo isagweng e e tla diragalelang mo lefatsheng. Encyclopædia Judaica (1971) e bua jaana: “Tumelo ya gore kwa bofelong baswi ba tla busediwa mo mebeleng ya bone mme ba bo ba tshela gape mo lefatsheng” ke “tumelo e kgolo” ya Sejuda. Encyclopedia eno e tswelela jaana: “Kgang eno e tsewa ka masisi le go tsewa lefoko ka lefoko moo eleng gore Bajuda ba badumedi gantsi ba tshwenyega ka diaparo tseo ba fitlhiwang ka tsone, ka gore ba fitlhiwe ka dirwe tsotlhe di feletse, le gore ba fitlhelwe kwa Iseraele.”
Ka mo go kgatlhisang, Bibela ga e bolele gore mo tsogong Modimo o tla phutha mebele e e bodileng ya batho ba ba suleng le go e kopanya. Dikarolwana tsa mmatota tsa mebele ya bao e leng kgale ba sule di ile tsa gasagasama le lefatshe lotlhe mme gantsi morago ga moo di ile tsa tsena mo merogong le mo diphologolong tsa fetoga karolo ya tsone—ee, le eleng mo bathong ba bangwe, bao ba neng ba swa morago ga moo. Go bonala ka phepafalo gore mo tsogong go ne go se kake ga dirisiwa dikarolwana tsone tseo go tsosa batho ba ba fetang a le mongwe. Mo boemong jwa seo, Modimo o tla tsosa batho ka mebele e e ba tshwanelang, go se dirwe tse di tlhaelang le makoa a mmele ao ba neng ba na le one pele ga ba swa, kafa a ratang ka gone.—Bapisa 1 Bakorintha 15:35-38.
A bano ba ba tsositsweng ba tla gakologelwa ke ditsala le ba losika bao le bone ba tsoseditsweng botshelong gape? Seo se lebega se na le tlhaloganyo, gonne fa re ka seka ra kgona go gakologelwa baswi ba ba tsositsweng le bone ba ka se ka ba re gakologelwa, re tla itse jang gore tota baswi ba rona ba ba rategang ba boile? Lemororo mmele wa ga Lasaro o ne o bola, o ne a lemogiwa ke balosika le ditsala morago ga gore Jesu a mo tsose. Ka jalo, le rona re ka lebelela gore Jehofa Modimo ka lorato o tla dira gore re bonane re bo re itsane mo go tsosediweng mo botshelong mo lefatsheng.
Tsholofelo ya Selegodimo ya Ba Sekae
Jaaka re setse re bone, lefatshe ke legae la motho leo a le neilweng ke Modimo. Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a neela tshedimosetso ka tebelelo ya gore go na le palo e e tlhophilweng go tswa mo bathong e e tla tsosediwang kwa botshelong jwa semoya jwa go sa boleng, le jwa go sa sweng kwa go ene kwa legodimong. (2 Timotheo 1:10) Lobakanyana morago ga gore Jesu a simolole “tsela e ncha le e e tshedileñ” ya botshelo jwa selegodimo, Bakeresete botlhe ba ne ba lalediwa go nna le seabe mo tsholofelong eo. (Bahebera 9:24; 10:19, 20) Ke ba ba kae bao labofelo ba neng ba tla bona tuelo eo? Tshenolo e e tlhotlheleditsweng, ‘e Modimo o e neileng Jesu gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla diragalang,’ e bontsha palo eo e le 144 000, ya bao “ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ.”—Tshenolō 1:1; 7:4-8; 14:1, 3.
Ke ka ntlhayang fa palo e nnye jalo ya batho e “rekwa mo lehatshiñ” gore ba ye go tshela kwa legodimong? Yone buka eo ya Tshenolō e re naya lebaka la gore ke ka ntlhayang fa palo ya bone e lekanyeditswe. Re buisa jaana mo go kgaolo 20, ditemana 5 le 6: “E ke eōna cogō ea ntlha. Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Bona gape Tshenolō 5:9, 10.
Babusiwa ba Kgosi ba mo Lefatsheng
Ka mo go bonalang ka gone, ga se batho botlhe ba ba tla busang jaaka dikgosi le baperesiti, ka gonne fa botlhe e ne e le dikgosi ba ne ba tla “busa” bomang? Mo boemong jwa seo, setlhopha seno se se tlhophilweng ka mo go kgethegileng, se se ageletsweng mo baaposetoloing ba ga Jesu ba ba ikanyegang, se tla busa lefatshe leo karolo ya lone e bopiwang ke “boidiidi yo bogolo” jo bo tlhalosiwang mo go Tshenolō kgaolo 7, ditemana 9 go ya go 17. Dimilione tsa bano jaanong di lebeletse go tla ga ntwa e e tlang ka bonako “ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” e e tla tlosang tshiamololo yotlhe mo lefatsheng. Ka bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang, ba tla falola sepitla seo se segolo kwa ntle ga go bona loso gotlhelele.—Tshenolō 16:14; 21:14; Diane 2:21, 22.
O ka botsa jaana ka tshwanelo, ‘Mme go tweng ka bao ba suleng, jaaka baratwa ba me?’ Jesu ka boene o ne a bolelela Maratha gore ba bangwe, ‘lefa ba sule, ba tla tshela.’ (Yohane 11:25) Seo e tla nna tsogo ya mo lefatsheng. Fa Keresete a busa kwa legodimong a patilwe ke dikgosi le baperisiti ba le 144 000, dimilione di le dintsi tsa ba ba suleng tseo Modimo o di gakologelwang ka tsela e e molemo di tla tsosiwa mme di tla nna le tshono e e tletseng ya go ithuta kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa. Fa ba ikanyega, ba tla bona tuelo ya botshelo jo bosakhutleng mo paradeiseng e e tla bong e aname le lefatshe lotlhe. Seo se tla diragala “ka letsatsi ya bohèlō” leo Maratha a neng a bua ka lone fa a ne a dumalana le Jesu gore kgaitsadie Lasaro o tla tsogela mo botshelong gape.—Yohane 5:28, 29; 11:24; Luke 23:43.
Tsholofelo E E Theilweng mo Ditlhomamisetsong tsa Boammaaruri
Ditsogo tse di begilweng mo Bibeleng ke dikao le ditlhomamisetso tsa boammaaruri tsa ka moo tsholofelo ya tsogo e e leng mo Dikwalong tse di Boitshepo e nang le tlhaloganyo ka gone. Pego eno e bolela ka ditsogo tse di neng tsa dirwa mo lefatsheng ke baperofeti Elia le Elisha pele ga metlha ya Bokeresete, ke Morwa wa Modimo (go kopanyeletsa le ya ga Lasaro), ke baaposetoloi Petere le Paulo, mme segolo-bogolo ke Jehofa Modimo ka go tsosa Morwa wa gagwe. O ka buisa ka dipego tseno mo Bibeleng ya gago mo go: 1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; Mathaio 28:1-10; Luke 7:11-17; 8:40-56; Yohane 11:38-44; Ditihō 9:36-42; 10:38-42; 20:7-12.b
Ka tsholofelo ya tsogo e e theilweng mo mabakeng a a nonofileng jaana, Paulo o ne a ka tlhomamisetsa Baathena jaana: “Modimo . . . o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ; me mo, o go tlhōmamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwiñ.”—Ditihō 17:30, 31.
Ee, tsogo ya ga Jesu ke tlhomamisetso ya motheo ya ka moo tsholofelo ya tsogo e leng boammaaruri ka gone. Ka jalo le rona re na le motheo o o nonofileng wa go ikanya thata le lorato tsa ga Jehofa Modimo re sa kabakanye. Le rona re ka bontsha tumelo eo Maratha a neng a na le yone: ‘Rea itse gore baswi ba tla tsoga mo go tsogeng ka letsatsi la bofelo!’
Morago ga gore bareetsi ba ga Paulo kwa Mars’ Hill ba utlwe bosupi jwa gagwe ka ga “go coga ga bashwi,” ba ne ba kgaogana ya nna ditlhopha tse tharo: “Bañwe ba shotla, me ba bañwe ba re, Re tla ba re gu utlwa gapè kaga mouō. . . . Me banna bañwe ba mo ñaparela, ba dumèla.”—Ditihō 17:32-34.
O arabela jang malebana le tsholofelo ya tsogo? Jehofa o tla boloka tsholofetso ya gagwe ya go tsosa dimilione, le eleng dikete tsa dimilione, mo baswing. Gore a o tla bo o le gone go ba bona gape, le gore le bone ba go bone, go ikaegile thata ka seo o se dirang. A o rata go ithuta le go tshela tumalanong le dipatlafalo tsa Modimo gore o tle o bone botshelo jo bosakhutleng? Basupi ba ga Jehofa ba tla ipelela thata go go naya tshedimosetso e e oketsegileng ka ga tsholofelo ya baswi le ya gore o ka falola jang bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Yohane 17:3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mabapi le seno, mopesalema o kwala ka mokgwa ono ka boemo joo bo neng bo le gone ka nako eo jwa pele ga Modimo a tsenelela: “Mme [Modimo] o ne wa nna wa gakologelwa fa [Baiseraele] e le nama fela, moya [kana maatla a botshelo a a tswang go Modimo] o a tswa mme o seke o boe.”—Pesalema 78:39, NW.
b O ka bona kgang e e feletseng kaga ditsogo tsa mo metlheng ya Bibela le tsholofetso ya Bibela ya tsogo e e tla tlang mo pusong ya ga Keresete mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Kgaolo 20 e na le setlhogo sengwe se se reng “Go Tla Tsosiwa Baswi Bafe, Mme Ba Tsogela Kae?” O ka bona buka eno mo Basuping ba ga Jehofa ba ba mo lefelong leo o nnang mo go lone kana mo diofiseng tse di thathamisitsweng mo tsebeng 2 ya makasine ono.