Lenyalo leo le Solegelang Dimilione tse di Tshelang Jaanong Molemo
“Morèna Modimo oa rona, Mothataeotlhe, oa busa . . . A re o galaletseñ: gonne nyalō ea Kwana e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse.”—TSHENOLŌ 19:6, 7.
1. Pina eno ya seperofeti ya ga Tshenolō 19:6-8 e tla simolola go opelwa leng, mme ka ntlhayang?
MAFOKO ano a a kgatlhang ke karolo ya pina ya seperofeti ya phenyo. E tla simololwa go opelwa leng? Morago ga go senngwa ga mmaba wa bogologolo wa kobamelo ya ga Jehofa—“BABELONA O MOGOLO,” “seaka se segolo” sa tshwantshetso seo se emelang mefuta yotlhe ya ditumelo tsa maaka. Katlholo e tshwanetse go diragadiwa mo go ene ka ntlha ya tsela eo a ileng a seka a emela Modimo sentle ka yone. A bo a ile a tsietsa batho jang ne ka go itlhakatlhakanya ga gagwe mo dipolotiking, bogagapa jwa gagwe mo dilong tse di bonalang, le kilo ya polao eo a nang nayo mo baobameding ba boammaaruri ba ga Jehofa!—Tshenolō 17:1-6; 18:23, 24; 19:1, 2; Yakobe 4:4.
2. (a) Jehofa o tla tlisa tshenyego ya Babelona o Mogolo jang? (b) Go na le go galaletsa Jehofa, bao ba tla senyang bodumedi jwa maaka ba tla dira eng?
2 Go ise go e kae, Jehofa Modimo o tla tlhotlheletsa dipelo tsa baeteledipele ba lefatshe ba bopolotiki gore ba mo senye. (Tshenolō 17:12, 16, 17) Mme basenyi ba bodumedi jwa maaka ga ba kitla ba kopanela mo go opeleng pina e kgolo ya phenyo. Go na le moo, kafa tlase go tlhotlheletso ya ga Satane, yo gape o itsegeng jaaka Goga, ba tla tlhasela badumedi ba boammaaruri, bao ba tshelang ka kagiso mme ba ipoloka ba sa tlhakanele mo boikepong jwa lefatshe leno.—Isaia 2:2-4; Esekiele 38:2, 8-12; Yohane 17:14; Yakobe 1:27.
3. Ke ka mabaka afe batlhanka ba ga Jehofa ba batho ba tla kopanelang mo pineng ya selegodimo?
3 Tlhaselo eno e e gwetlhang Modimo ya babusi ba dipolotiki e tla felela ka ntwa ya Hara–Magedona, eo e tla nyeletsang merafe yotlhe ya bodumedi gotlhelele. Morago, tlhotlheletso e e boikepo ya ga Satane le badimona ba gagwe e tla tlosiwa mo lefatsheng. (Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21; 20:1, 2) Ka dipelo tse di tletseng ditebogo, batho botlhe ba ba falotseng ba tla kopanela mo pineng eno ya selegodimo: “Haleloya! gonne Morèna Modimo oa rona, Mothataeotlhe, oa busa.” (Tshenolō 19:6) Eleruri, ditiragalo tseo tse di tshikinyang lefatshe di tla supa go simologa ga motlha o mosha. Jehofa o tla bo a goleditse bolaodi jwa gagwe mme a tlositse botlhe bao ba gwetlhang puso ya gagwe mo lefatsheng. Kgabagare nako ya lenyalo la selegodimo e tla bo e tsile. Fela jaaka pina eno ya seperofeti e tswelela: “A re itumeleñ, a re ipeleñ thata, a re . . . galaletseñ [Jehofa]: gonne nyalō ya Kwana e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse.”—Tshenolō 19:7, 8.
4. (a) Ke bomang bao ba tshwantshediwang ke Kwana le “mosadi” wa gagwe? (b) Ke dipotso dife tseo di bodiwang fano, mme re ka bona dikarabo tsa tsone jang?
4 Kwana eno ga se ope fela fa e se Jesu Keresete yo o galaleditsweng, mme “mosadi” wa gagwe ke ba palo e e tletseng ya balatedi ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ba 144 000 bao jaanong ba kopaneng le ene kwa legodimong. Banyalani bano ba selegodimo ba dira maloko a a tletseng a Bogosi jwa Modimo mmogo, ao a tla nayang batho, go kopanyeletsa le ba ba tsositsweng mo baswing, boitekanelo jwa botho. (Tshenolō 5:8-10; 14:1-4; 20:4, 12, 13; 21:3-5, 9, 10; 22:1-3) A ditiragalo tseo di lebisang kwa lenyalong le le segofaditsweng leo di tla atlega? O ka sologelwa molemo jang ke lenyalo leo? Go bona dikarabo tsa dipotso tseo, a re sekasekeng ditiragalo tseo di dikologileng lenyalo la ga Isake, jaaka le kwadilwe mo go Genesise kgaolo 24.
Mosadi yo o Tlhopilweng ke Modimo wa ga Isake
5, 6. Ke ka ntlhayang fa Aberahame a ne a gatelela thata gore Isake a se ka a nyala Mokanana, mme seno ke kaelo e e molemo mo go bomang gompieno? (1 Bakorintha 7:39)
5 Polelo eno e simolola ka go naya ga ga Aberahame mookamedi wa bantlo ya gagwe yo go lebegang e le Eliesere, ditaolo. (Genesise 15:2; 24:2) “Ke tla gu ikanisa ka Yehofa,” ga bolela jalo Aberahame, “ha u se ketla u tseisa morwaake mosadi oa bomorwadia Bakanana ba ke agileñ mo go bōnè: Me u tla ea kwa lehatshiñ ya ga echo, le kwa go ba e leñ ba ga echo, u ea go tseisa morwaake Isake mosadi gōna.”—Genesise 24:3, 4.
6 Ke ka ntlhayang fa Aberahame a ne a gatelela jalo gore morwawe a seka a nyala Mokanana? Ka gonne Bakanana e ne e le ditlogolwana tsa ga Kanane, yo a neng a hutsitswe ke Noa. (Genesise 9:25) Mo godimo ga moo, Bakanana ba ne ba itsege ka mekgwa ya bone e e maswe, mme se se botlhokwa thata, ba ne ba sa obamele Jehofa. (Genesise 13:13; Lefitiko 18:3, 17-28) Go tlhaloganngwa gore Aberahame o ne a batla gore morwawe a nyale mongwe wa losika lwa gagwe, setlogolwana sa ga Sheme, yo a neng a amogela tshegofatso e e tlhotlheleditsweng ya ga Noa. (Genesise 9:26) Abo seno e le kaelo e e molemo jang ne mo Bakereseteng bao ba batlang go nyala gompieno!—Duteronome 7:3, 4.
7. Aberahame o ne a baakanyetsa Eliesere jang tiro eo a neng a e abetswe go e dira?
7 Jalo Eliesere o ne a tsaya loeto lwa dikilometara tse di fetang 800 go ya kwa Mesopotamia. O ne a tsamaya a ipaakantse sentle, ka dikamele di le lesome tse di rweleng dimpho. (Genesise 24:10) Mo godimo ga moo, o ne a kgona go tlhatlhanya ka mafoko a a nonotshang tumelo ano a mong wa gagwe: “Yehofa, Modimo oa legodimo . . . o tla roma moengele oa gagwè ha pele ga gago, me u tla tseisa morwaake mosadi oa gōna.”—Genesise 24:7.
8, 9. (a) Go ne ga diragala eng fa Eliesere a ne a fitlha kwa motsemogolong wa Nahore? (b) Ke teko efe eo monyadiwa yo o tshwanelang a neng a tla tlhopiwa ka yone?
8 Kgabagare, o ne a goroga mo motsemogolong wa Nahore kwa bokone jwa Mesopotamia. Eliesere o ne a letla dikamela tse di lapileng go ikhutsa fa sedibeng ka kwantle ga motse. E ne e le nako ya letsatsi eo basadi ba neng ba ya go ga metse ka yone—a nako e e siameng, eleruri, eo mo go yone Eliesere a neng a ka batla mosadi yo o tshwanetseng ka yone! Mme e ne e tshwanetse go nna mosadi wa mofuta ofe? Yo montle go gaisa? Nnyaa. Eliesere o ne segolo bogolo a kgatlhegela mosadi yo o nang le botho jwa bomodimo. Seno se ne sa bontshiwa ke thapelo ya boikokobetso le tumelo eo a neng a e dira jaanong: “Yehofa, Modimo oa ga muñoake Aberahame, kea gu rapèla, u ntlisetsè letlhōgōnōlō gompiyeno, u bo u shupetsè muñoake Aberahame pelonomi. Bōna, ke eme ha mocwediñ oa metse: me bomorwadia banna ba motse ba tla go ga metse: A go dihahalè go re, morweetsana eo ke tla mo raeañ, ke re, Kea gu rapèla, a ko u sekegè nkgwana ea gago gore ke nwè: me ha a tla re, Nwa, le dikamela tsa gago ke tla di nosa: èna eouō, a e nnè èna eo u mo laoletseñ motlhanka oa gago, Isake: me ke tla bo ke itse ka mo ha u shupeditse muñoake pelonomi.”—Genesise 24:11-14.
9 Eo eleruri e ne e le teko e e molemo. Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, kamela e e nyorilweng thata e ka nwa ‘dilitara tsa metsi di le 95 mo metsotsong e le 10.’ E ka nna ya tswa e le gore dikamela tsa ga Aberahame di ne di sa nyorwa mo go kalo, mme kwantle ga pelaelo basadi ba nako eo ba ne ba itse selekanyo se phologolo eo e neng e nwa metse ka sone. Eleruri, e ne e tla nna fela mosadi yo o pelonomi, yo o seng bogagapa, yo o senatla yo a neng a tla ithaopela go nosa dikamela tse di lesome tse di lapileng tsa moeng metsi.
10, 11. (a) Thapelo ya ga Eliesere e ne ya arabiwa ka tsela efe e e gakgamatsang? (b) Rebeka o ne a bontsha jang dinonofo tse di eletsegang? (c) Eliesere o ne a itshwara jang?
10 Le eleng pele ga Eliesere a wetsa thapelo ya gagwe, e ne ya arabelwa, fela jaaka polelo eo e re: “Rebeka a cwa . . . Me morweetsana a bo a le montlè thata go leywa, e le kgarebane, le gōna a e se a itsiwe ke monna opè: me a hologèla mo mocwediñ, a gèlèlèla nkgwana ea gagwè, a ba a tlhatloga. Me motlhanka a siana a ea go mo kgatlhantsha, a re, Kea gu rapèla, a ko o nnosè metsenyana mo nkgwaneñ oa gago. Me a re, Nwa, morèna oa me. Me a akoha a rolèla nkgwana ea gagwè mo seatleñ, a mo nosa. Me e rile a sena go shwetsa go mo nosa, a re, Le dikamela tsa gago ke tla di gèlèlèla di tsamaee di shwetse go nwa. Me a akoha a tshèla a nkgwana mo sekoroñ, a sianèla gapè kwa sedibeñ go ga, me a gèlèlèla dikamela cotlhe tsa gagwè.”—Genesise 24:15-20.
11 Eliesere ‘o ne a leba fela a gakgametse’ jaaka a ne a bona go arabelwa ka dikgakgamatso ga thapelo ya gagwe. Fa lekgarebane le le tshwanelwang ke pako le fetsa, o ne a le leboga ka lenyena la gouta le maseka a mabedi a gouta a bo a le botsa gore: “U morwadia mañ?” Fa a fitlhela gore e ne e le setlogolwana sa ga Aberahame, Eliesere o ne a inama a obamela Jehofa ka tlotlo, a re: “A go bakwè Yehofa, Modimo oa ga Aberahame muñoake, eo o sa latlhañ kutlwèlō botlhoko ea gagwè le boamarure yoa gagwè kaga muñoake: kaga me, Yehofa o nkgogetse mo tseleñ e e tlañ mo tluñ ea bana ba ga rragwè muñoake.”—Genesise 24:21-27.
12. Kgang eno e ne ya amogelwa jang kwa legaeng la gaabo Rebeka?
12 Rebeka o ne a sianela kwa gae a itumetse go ya go bolelela balelapa la gagwe. Moragonyana, fa rraagwe Rebeka le kgaitsadie ba ne ba utlwa boikaelelo jwa loeto lwa ga Eliesere go bua ene ka sebele ka moo Jehofa a arabileng thapelo ya gagwe ka gone, ba ne ba dumela kwantle ga ketsaetsego epe gore Rebeka o tshwanetse go nna mosadi wa ga Isake. “Me ga dihala, ea re motlhanka oa ga Aberahame a utlwa mahoko a bōnè, a inamèla ha hatshe ha pele ga Yehofa. Me motlhanka a ntsha mekgabo ea selefera, le mekgabo ea gouda, le diaparō, a di naea Rebeka: a ba a naea kgantsadiè le mmagwè dilō tse di tlhōkègañ.”—Genesise 24:52, 53.
Karabelo ya Monyadiwa le Bathusi ba Gagwe
13. Tlhopo ya ga Jehofa e ne ya tlhomamisiwa gore ke e e siameng jang?
13 Rebeka o ne a leba jang tshiamelo eo ya go tlhopiwa ke Modimo go nna monyadiwa wa ga Isake? Letsatsi le le latelang go ne ga diragala sengwe seo se neng sa supa boikutlo jwa gagwe jwa mmatota. Ka go bo a ne a fitlheletse boikaelelo jwa loeto lwa gagwe, Eliesere o ne a batla go boela kwa go mong wa gagwe kwantle ga go diega. Mme balelapa la ga Rebeka ba ne ba batla gore monyadiwa a nne le bone malatsi a a ka nnang lesome fela. Ka jalo go ne ga bewa mo go Rebeka gore a dire tshwetsho ya gore a o ne a batla go tsamaya ka bonako. O ne a re “Ke tla tsamaea.” Go dumela ga gagwe go tlogela balelapa la gagabo ka bonako le go tsaya loeto go ya kwa lefatsheng le le kgakala go ya go nyalana le monna yo a neng a ise a ko a mmone e ne e le sesupo se se tlhomologileng sa go dumela ga gagwe mo kaelong ya ga Jehofa. Go ne go tlhomamisa gore e ne e le ene yo o tshwanetseng.—Genesise 24:54-58.
14. (a) Rebeka o ne a patilwe ke bomang? (b) Ba ne ba lebane le loeto lwa mofuta ofe?
14 Rebeka o ne a patilwe ke batho bangwe mo loetong lwa gagwe. Jaaka kgang eno e tlhalosa: “Rebeka a nanoga, le barweetsana ba gagwè, me ba pagama dikamela.” (Genesise 24:61) Ka jalo mokoloko ono wa dikamela o ne wa simolola loeto lo lo kotsi lwa dikilometara tse di fetang 800 mo lefatsheng la boeng. “Kamela eo e rwesitsweng morwalo,” go tlhalosa jalo buka The Living World of Animals, “e tsamaya ka lobelo lwa dikilometara tse nne ka oura.” Fa e le gore dikamela tsa ga Aberahame di ne di tsamaya ka lobelo loo dioura di le robedi ka letsatsi, go tshwanetse ga bo go ile ga ba tsaya malatsi a le 25 go fitlha koo ba neng ba ya gone kwa Negebe.
15. (a) Ke sekao sefe se se molemo seo re se bonang mo go Eliesere, Rebeka, le bathusi ba gagwe? (b) Tiragalo eno e tshwantshetsa eng?
15 Eliesere, Rebeka, le barweetsana ba gagwe ba ne ba ikantse kaelo ya ga Jehofa ka botlalo, sekao se se molemo sa Bakeresete gompieno! (Diane 3:5, 6) Mo godimo ga moo, kgang eno ke setshwantsho sa boperofeti se se nonotshang tumelo. Jaaka re bone, Aberahame o tshwantshetsa Jehofa Modimo, yo a neng a ntsha Morwawe yo a mo ratang thata, Isake yo Mogolwane, setlhabelo gore batho ba ba nang le boleo ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 3:16) Go rulaganngwa ga lenyalo la ga Isake go ne ga tla nakonyana morago ga gore a falodisiwe mo losong lwa sebeso sa ditlhabelo. E ne e le thulaganyo ya seperofeti ya lenyalo la selegodimo, leo go rulaganyediwa ga lone go neng ga simolola ka tlhoafalo morago ga go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing.
Lenyalo la ga Isake yo Mogolwane
16. (a) Ke jang motlhanka wa ga Aberahame a tshwanelang go ka tshwantshetsa moya wa Modimo o o boitshepo? (b) Ke potso efe eo e ka bodiwang mabapi le moya le monyadwi?
16 Leina la ga Eliesere le kaya “Modimo ke Mothusi wa Me.” Ka leina le ka ditiro, o tshwanela go tshwantshetsa moya o o boitshepo wa ga Aberahame yo Mogolwane, Jehofa Modimo, yo O neng a o roma mo lefatsheng leno le le kgakala, lefatshe la rona, go tlhopa monyadiwa yo o tshwanelang wa ga Isake yo Mogolwane, Jesu Keresete. (Yohane 14:26; 15:26) Setlhopha sa monyadiwa ke “phuthègō,” e e dirilweng ka barutwa ba ga Jesu bao ba tsetsweng jaaka bana ba semoya ba Modimo ka moya o o boitshepo. (Baefesia 5:25-27; Baroma 8:15-17) Fela jaaka Rebeka a ne a amogela dimpho tse di tlhwatlhwa-kgolo, jalo ka letsatsi la Pentekosete la 33 C.E. maloko a ntlhantlha a phuthego ya Bokeresete a ne a amogela dimpho tse di gakgamatsang e le bosupi jwa pitso ya bone ya Bomodimo. (Ditihō 2:1-4) Fela jaaka Rebeka, ba ne ba kgaogana le botlhe bao ba neng ba na le dikamano tsa selefatshe le tsa senama nabo, e le gore kgabagare ba ka ya go kopana le Monyadi wa bone wa selegodimo. Go tloga ka nako eo maloko ka bongwe a setlhopha sa monyadiwa a tlhophiwang ka yone go fitlhela fa ba swa, ba tshwanetse go tlhokomela fela thata bokgarebane jwa bone jwa semoya fa ba tsamaya mo lefatsheng le le kotsi, le le le hepisang la ga Satane. (Yohane 15:18, 19; 2 Bakorintha 11:3; Yakobe 4:4) Ba tladitswe ka moya o o boitshepo, ba setlhopha sa monyadiwa ka boikanyegi ba laletsa botlhe bao ba tlang go kopanela mo dithulaganyong tsa Modimo tsa poloko. (Tshenolō 22:17) A o latela sekao sa bone ka go arabela kaelong ya moya?
17. (a) Dikamela tse di lesome di tshwantshetsa eng? (b) Boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe mabapi le Bibela le dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng tseo di baakanngwang ke setlhopha sa monyadiwa? (Ditihō 17:11)
17 Setlhopha sa monyadi se tseela seo se tshwantshediwang ke dikamela di le lesome kwa godimo. Palo ya lesome e dirisiwa mo Bibeleng go bontsha boitekanelo kana botlalo fa go bapisiwa le dilo tsa lefatshe. Dikamela tse di lesome di ka tshwantshanngwa le go felela kana go itekanela ga Lefoko la Modimo, leo setlhopha sa monyadiwa se amogelang dijo tsa semoya le dineo tsa semoya ka lone. (Yohane 17:17; Baefesia 1:13, 14; 1 Yohane 2:5) Fa e akgela ka go nosa ga ga Rebeka dikamela, The Watchtower ya November 1, 1948, e ne ya dirisetsa seno mo setlhopheng sa monyadiwa jaana: “Ba tlhokomela Lefoko la Modimo leo le nang le moya wa gagwe ka lorato. Ba kgatlhegela Lefoko la gagwe le le kwadilweng, ba le direla le go le tlhabolola ka go le tlhokomela le go bontsha go amega ka bopeloephepa molaetsa wa lone le boikaelelo jwa lone, ba batla go le dumela.” Jaaka sekao sa seno, setlhopha sa masalela a monyadiwa ka lorato se baakanyetsa dimilione New World Translation of the Holy Scriptures e e tlhabolotsweng, e e leng mo nakong. Ekane thanolelo e e molemo eno e le gone kana e seo ka loleme lwa gaeno, a o bontsha kanaanelo ka go tlhatlhoba Bibela ka metlha gammogo le dithusa-thuto tseo setlhopha seno sa monyadiwa se di nayang?—2 Timotheo 3:16.
Lenyalo la ga Kwana le Gaufi
18. Ke ka ntlhayang fa bathusi ba ga Rebeka ba tshwanela go tshwantshetsa balekane ba monyadiwa gompieno?
18 Mo metlheng eno ya bofelo ya lefatshe la ga Satane, masalela a setlhopha sa monyadiwa a ile a kopana le “boidiidi yo bogolo,” joo bo tshwanang le “barweetsana” ba ga Rebeka. Fela jaaka mo kgannyeng ya ga Rebeka, bano ba feta setlhopha sa palo e e tletseng sa monyadiwa sa ba ba 144 000. Ke “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu Keresete. (Tshenolō 7:4, 9; Yohane 10:16) Jaaka bathusi ba ba ikanyegang ba monyadiwa, gape ba tshwanetse gore ba itshole ba sa leswefadiwa ke lefatshe le le boikepo leno la ga Satane. Le bone ba tshwanetse go arabela kaelong ya moya wa ga Jehofa le Lefoko la gagwe jaaka ba ntse ba le tlhalosediwa ke setlhopha sa monyadiwa. Mme tuelo ya bone e farologane. Fa ba itshoka mo go tshegetseng monyadiwa wa ga Keresete ka boikanyego, ba tla falola bokhutlo jwa lefatshe la ga Satane mme ba bone tshono e e galalelang ya go tshelela ruri mo paradaiseng ya selefatshe.—Tshenolō 21:3, 4.
19. Go ne ga diragala eng fa Rebeka le bathusi ba gagwe ba ne ba fitlha kwa bokhutlong jwa loeto lwa bone?
19 A Rebeka le “barweetsana” ba gagwe ba ne ba kgona go fitlhelela mokgele wa bone. Ee. Fela jaaka Bibela e bega: “Me Isake a cwèla kwa nageñ, go le maitsiboea, a ea go tlhatlhanya; me a choletsa matlhō a gagwè, a leba, me bōna, ga bo go tla dikamela. Me Rebeka le èna a choletsa matlhō a gagwè, me a re a bōna Isake a pagologa kamela.” Morago ga gore Eliesere a tlhalose ka loeto lwa gagwe lo lo atlegileng, Isake o ne a amogela Rebeka jaaka mosadi wa gagwe mme “a mo rata.”—Genesise 24:63-67.
20. Ke tiragalo efe ya boipelo eo e tshwantshediwang ke lenyalo la ga Isake?
20 Ka go tshwana, boikaelelo jwa ga Jehofa mabapi le monyadiwa wa ga Keresete ga bo kake jwa palelwa. (Isaia 55:11) Go ise go e kae, ka jaana Babelona o Mogolo o tla bo a atlhotswe a bile a sentswe, ba bofelo ba masalela a monyadiwa ba tla wetsa loeto lwa bone. Nako e tla bo e tsile jaanong ya gore ba kgaoganngwe le ditsala tsa bone tsa bathusi mme ba kopane mo go nyalaneng ga bone le Isake yo Mogolwane kwa legodimong. Abo seo e tla nna nako ya boitumelo jo bogolo jang ne mo lobopong lotlhe!—Tshenolō 19:6-8.
21. Jaaka konelo ya lenyalo la selegodimo e atamela, ke eng seo rotlhe re tshwanetseng go bo re se dira?
21 Ka nako eno, dimilione tsa batho di tla segofala ka go arabela mo bodiheding jwa masalela a a fokotsegang a monyadiwa. Pele botlhe ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ka loso, go senngwa ga mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka wa seka-seaka go tla tshwaya tshimologo ya “sepitla se segolo . . . se se e señ se ke se nne, e sale ka tshimologō ea lehatshe.” Nako e e setseng e khutshwane. Fa o batla go falola, a bo go le botlhokwa jang ne gore o tseye karolo mo go diragatseng ditaolo tseno tsa bomodimo! (Mathaio 24:14, 21; Mareko 13:10; Luke 21:15; Yohane 13:34) Ditaolo tse di ntseng jalo di na le tiragatso e e kgethegileng mo metlheng eno e e tlhokofatsang. Jalo, ekane o le wa masalela a monyadiwa kana o le wa “boidiidi yo bogolo” jwa bathusi ba gagwe, tswelela pele go obamela Jehofa seo se tla mo galaletsang le go go naya boitumelo jwa goyagoile. Abo go tla bo go le molemo jang ne mo go bo ba boidiidi jo bogolo, bao ba setseng ba badilwe jaaka ditsala tsa Modimo, go tswelela ba ntse ba tshela jaaka Jehofa a tla bo a ‘dira dilo tsotlhe sesha’ mme dimilione di elelelwa ke masego a goyagoile mo lefatsheng la paradaise!—Tshenolō 21:5; 22:1, 2, 17.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ditiragalo dife tse di kgatlhisang tseo di tshwanetseng go diragala mo bogautshwaneng?
◻ Ke eng seo se tlhomamisang gore lenyalo la selegodimo le tla atlega ka botlalo?
◻ Eliesere le dikamela di le lesome ba ka tshwantshiwa le eng?
◻ Ke bomang bao gompieno ba tshwantshediwang ke Rebeka le barweetsana ba gagwe?
◻ Ke eng seo re se ithutang go tswa mo ditiragalong tseo di diragetseng pele ga lenyalo la ga Isake?