Go Lebana le Kgwetlho ya Tshimo E E Leng ya Bogologolo go Di Feta Tsotlhe mo Lefatsheng
“BOGOSI yoa legodimo bo atametse.” Mo baboleding ba le 370 ba “mahoko a a molemō” ba kwa nageng ya segompieno ya kwa Iseraele, go bolela molaetsa oo go na le bokao jo bo kgethegileng mo go bone. Ka ntlhayang? Ka gonne e ne e le gone fano moo molaetsa ono wa Bogosi o neng wa bolelwa la ntlha ke Jesu Keresete gone dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. (Mathaio 4:17; 24:14) Seo se dira gore Iseraele e nne tshimo ya bogologolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng eo mafoko a a molemo a rerwang mo go yone.
Lefa go ntse jalo, tshimo eno fa e sale e ntse e le e e gwetlhang go tloga fela kwa tshimologong. Lemororo ba le bantsi ba ne ba bontsha kgatlhego mo molaetseng wa ga Jesu, ba sekae ba ne ba dira se se fetang seo. (Yohane 6:2, 66) Gompieno, kgwetlho eno e nna gone ka ntlha ya go farologana ka bodumedi, ka setso, le ka dipono tsa sepolotiki.
Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le Maarabia a le dimilione di le 2,2. Mo gare ga bone go na le bao ba ipitsang gore ke Bakeresete, bao e leng Mamoseleme kana bao ba ipitsang Mamoseleme fela ba sa bo dirise, maloko a tumelo ya Druze, le bao ba iphakang gore ke balatola Modimo. Gape go na le ditsela tse di farologaneng tsa sepolotiki tseo ba gogang le tsone, ba bangwe ba rata go tlhongwa ga naga e e ipusang ya Palesetina kwa West Bank le kwa Gaza Strip.
Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le Bajuda ba Baiseraele ba le dimilione di le 3,5, bao le bone ba kgaoganeng ka ditsela di le dintsi. Bangwe ba bone ba fuduga go tswa kwa Morocco, Yemen, Iraq, le Syria. Ba bangwe ba tswa kwa Yuropa le kwa Russia. Ba bangwe mo godimo ga moo ba tswa kwa India, kwa Amerika, Ethiopia, kwa Afrika Borwa, le kwa gongwe go sele. Ba tshela ka ditlhophanyana-tlhophanyana tseo di nang le setso sa tsone le ditlwaelo gammogo le tsela e e sa tshwaneng le tse dingwe e ba tlhalosang Bojuda ka yone le tsela eo bo tshwanetseng jwa dirisiwa ka yone.
Ka sekai, go na le rabi yo mogolo wa Bajuda ba Ashkenazi (ba Ma-Yuropa) le yo mongwe wa Bajuda ba Sephardi (ba Botlhaba-Gare). Lemororo bontsi jwa bone ba bontsha go kgatlhegela dikgang tsa dipolotiki thata, go na le Bajuda bao ba ratang bodumedi thata bao ba sa amogeleng le go amogela go nna gone ga Naga ya Iseraele le eseng ebile ba gana go duela makgetho. Morago go bo go nna le bao ba neng ba falola Matlhotlhapelo a Bonazi, bao bontsi jwa bone ba santsaneng ba tlhokofadiwa ke madimabe ao a a neng a ba wela mo nakong e e fetileng, bao mongwe le mongwe wa bone a nang le boitemogelo jo bo gamolang pelo jo a ka bo bolelang. Gape, ba bantsi go ya pele ba iphaka gore ke balatola Modimo, ba ngaparela matlhajana a bone ka namana a a farologaneng. Selo se le sengwe fela seo se dirang gore morafe wa Bajuda o tshwaragane ke go tswela pele ga bone ba tshela jaaka batho le go tshela ga bone ba eme nosi ka tsela ya sepolotiki.
Go Lebana le Kgwetlho
Morago ga go sena go feta dingwaga di le 1 800, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya simololwa gape mono ka selekanyo se se kwa tlase ka 1913. Ka nako eo, lekawana lengwe leo le neng le kgatlhegela Bibela le ne la simolola go jala peo ya Bogosi kwa Ramallah, mo e ka nnang dikilometara di le 16 kwa bokone jwa Jerusalema. Go tswa koo mafoko a a molemo a ne a anamela kwa baaging ba Maarabia ba kwa Beit-Jala le kwa Haifa. Ka bonakonyana fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II, bokgaitsadi bangwe ba le babedi ba Basupi bao eleng Bajuda ka tsalo ba ne ba simolola tiro kwa karolong nngwe ya Tel Aviv/Jaffa. Gompieno, go na le diphuthego di le thataro le ditlhopha di le pedi tsa Basupi ba ga Jehofa tseo di direlang kwa Haifa, Tel Aviv, Betlelehema, Ramallah, Lod, le kwa karolong ya kwa Beer-Sheba.
Jaaka go ne go ntse mo makgolong a dingwaga a le 19 a a fetileng, bodihedi jwa ka ntlo le ntlo e santse e le tsela e e nang le katlego thata ya go bona bao ba kgatlhegelang mafoko a a molemo. (Luke 8:1; bapisa Ditihō 5:42.) Tota, fa go bapisiwa le mafatshe a mangwe, go a itumedisa go rera ka mokgwa ono mono. Ka kakaretso, batho ba gone ba rata go itse ka molaetsa wa rona mme ba laletsa baboledi ba Bogosi gore ba tsene mme ba tshware motlotlo le bone. Go rata go itse dilo gono gantsi go gogela kwa goreng re ba tsamaisetse dimakasine tsa rona le dibuka tse dingwe tsa Bibela. Gantsi, dibuka tse di ntseng jalo di fetisediwa go baagelani ka go latelana ga bone, go felela ka gore batho bangwe ba ithute boammaaruri jwa Bibela.
Lefa go ntse jalo, gone go rata go itse dilo gono gantsi go fetoga matshosetsi go peo e e bokoa ya boammaaruri e e mo dipelong tsa batho ba basha go ithuta. (Mathaio 13:20, 21) Baagelani, ditsala, le baeteledipele ba bodumedi segolo-bogolo ba dira bojotlhe jwa bone go gatelela bao ba bontshang kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi, go ba kgala, go ba tshosetsa, mme mo makgetlong a mangwe le go ba gobatsa mo mmeleng. Ka ntlha ya seo, ba bangwe ba ile ba latlhegelwa ke mebereko, mme ba bangwe bone ditsala le ba losika ba ile ba ba itatola gotlhelele. Bao ba emang ba tlhomame mme ba bo ba fetoga Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba itshokela kganetso e e matlho mahibidu.—Bapisa Yohane 9:22.
Kganetso e tla le ka ditsela tse dingwe gape. Basupi bao eleng Bajuda ka tsalo ba ile ba tlhaselwa ke segopa sengwe. Lekala la ofisi le Holo ya Bogosi ya kwa Tel Aviv le Holo ya Bogosi ya kwa Haifa di ile tsa tlhaselwa ke batshuba-ka-molelo. Jaanong Basupi bao e leng Maarabia le Bajuda ba gatelelwa thata gore ba tseye karolo mo dingangisanong tsa sepolotiki tse di malebana le go tlhongwa ga naga ya Palesetina. Bakaulengwe ba boloka boemo jwa boitlhaodi mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, ba tlhalosa ka botlhale gore ga go na motho ope yo o ka kgonang go rarabolola mathata a setho se se lwalang. Go na le moo, Basupi ba etsa Moeteledipele wa bone, ebong Jesu Keresete, ka go supa Bogosi jwa Modimo gore ke jone fela tharabololo.—Yohane 17:16; 18:36.
Go Tlhagisiwa Maungo a Bogosi
Go sa kgathalesege dikgwetlho tsa mo tshimong eno e go supiwang mo go yone e eleng ya bogologolo go di gaisa tsotlhe, bao “ba utlwañ lehoko . . . ba . . . le tlhaloganya” ba tlhagisa maungo a Bogosi mo tshimong eno. (Mathaio 13:23) “Go na le batho bao ba nyoretsweng boammaaruri, bao ba ratang tshiamo bao ba bo batlang eletota,” go ne ga akgela jalo modihedi mongwe wa nako e e tletseng yo o nang le maitemogelo. “Ga ba tlhotlhelediwe ke maikutlo a ba bangwe le go gatelelwa ke bone. Fa sebaka sa gore ba ithute boammaaruri se tlhaga, ba se dirisa ka bonako.” Maitemogelo a le mantsi a tshegetsa ntlha eno.
Benvenida yo o goletseng mo mokgatlhong wa baitlami kwa Greece, o ne a kgatlhiwa thata ke seo Bibela e se bolelang ka “tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ,” eleng, “go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.” (Yakobe 1:27) Ka nako eo a neng e sale mosetsana yo mmotlana wa Mojuda ka yone, o ne a bona “matlhotlhapelo ka go latelana ga one” fela, jaaka a bolela. O ne a itshokela mathata a fa Manazi a ne a thibeletse le a ntwa ya selegae, eo a neng a latlhegelwa ke monna wa gagwe mo go yone. Mme tsholofelo ya gagwe ya go bona batho ba ba ikanyegang mme ba sena boitimokanyi ga ya ka ya fela le ka motlha.
Morago ga a sena go fudugela kwa Iseraele ka 1949, Benvenida o ne a tswela pele ka tiro ya gagwe jaaka mmelegisi go fitlhela a e rola ka 1974. “Ka nako eo yotlhe,” o ne a bolela jalo, “ke ne ke aga ke ipotsa jaana: ‘Ba kae batho ba ba molemo le ba ba ikanyegang bao Bibela e tlhalosang ka bone? Tshiamo e kae mo lefatsheng leno?’” O ne a tsenela Bojuda, a nna gone kwa senagogeng le go boloka Sabata le malatsi a boikhutso. Mme go sebana le go jana ka meno ga maloko a phuthego ya lefelo la bone go ne ga dira gore a bolaelwe “tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ” ke tlala le go feta.
Kgabagare, ka 1985, mo go lengwe la maeto a ngwaga le ngwaga a ga Benvenida a kwa lefelong lengwe la pholo la kwa Greece, mosadi mongwe wa Mosupi yo a neng a neelwa kalafi koo o ne a simolola motlotlo le ene. Go ne ga latela motlotlo o motelele. Mo go jone bosigo joo, Benvenida o ne a nna gone kwa pokanong ya ntlha kwa Holong ya Bogosi ya kwa lefelong leo mme o ne a kgatlhiwa thata ke go nna botsalano le peloephepa ga bakaulengwe le bokgaitsadi.
Benvenida o ne a tsweletsa thuto ya gagwe pele fa a sena go boela kwa Iseraele, mme mo e ka nnang ngwaga le sephatlho moragonyana ga moo, o ne a kolobetswa go supa boineelo jwa gagwe go Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa. O ne a bolela jaana, “Labofelo morago ga dingwagangwaga tseno tsotlhe mme ke na le dingwaga di le 70, ke ne ka bona batho ba ba boingotlo le ba ba boikokobetso bao Bibela e buang ka bone, bao ba ntshwarang jaaka motho. Jaanong, letsatsi lengwe le lengwe leo ke le tshelang ke letsatsi la boipelo le la boikaelelo!”
Moshe e ne e le yo mongwe yo o neng a batlana le boammaaruri yo a neng a emetse fela go ‘utlwa lentswe la modisa yo o molemo.’ (Bapisa Yohane 10:14-16.) Lemororo Moshe ka metlha a ne a rata Dikwalo, o ne a ithuta ka Jesu Keresete go tswa mo sekaelong sa “Tesetamente E Ntšha” eo morwarraagwe a neng a le gaufi le go se latlha, mme seo se ne sa mo kgatlha thata. Nako nngwe morago ga moo, modiri-mmogo le Moshe o ne a mo pata mo thutong ya gagwe ya Bibela le Mosupi mongwe mme a nna gone kwa puong nngwe e e neng e neelwa ke sebui se se etileng. “Seno ke sone seo ke sa bolong go batla go se utlwa!” o ne a bolela jalo morago ga pokano eo ya ntlha.
Morago ga a sena go nna le poelomorago kwa tshimologong, Moshe o ne a gatela pele ka bonako. O ne a kolobetswa mo dikgweding di le thataro. Lefa go ntse jalo, kgatelopele ya gagwe e ne ya mo leretse kganetso go tswa mo lelapeng la gagwe, segolo-bogolo go tswa mo mosading wa gagwe. Seno se ne sa ya magoletsa fa a ne, jaaka morwa wa leitibolo mo lelapeng, a gana go nna le seabe mo dithapelong tsa tlwaelo kwa phitlhong ya ga rraagwe. Mo godimo ga moo, ditsala le balosika ba ne ba bolelela mosadi wa gagwe gore go botoka gore ba ‘dire sengwe ka bonako’ pele ga Moshe a saena sengwe le sengwe gore se tsewe ke phuthego. “Ke ne ka tlosa dipoifo tseo tsa gagwe ka go ithaopela go kwadisa ntlo ka leina la gagwe,” Moshe o ne a akgela jalo. Mme ka go rulaganya nako ya gagwe ka tshwanelo, Moshe o ne a kgona go boloka tekatekano ka boitumelo magareng ga lelapa la gagwe le maikarabelo a phuthego.
Lefa go ntse jalo, ga se balosika botlhe bao ba neng ba le kgatlhanong le boammaaruri. Nehai o ne a bolelela monna wa gagwe, ebong Hanna, yo ka nako eo a neng a tshwaregile thata mo dipolotiking, ka seo a neng a se ithuta mo Bibeleng. Ka bonako, ka bobedi ba ne ba lemoga gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya setho se se gateletsweng. Ka gone ba ne ba fetoga batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa mme ba simolola go supela malapa a Maarabia a kwa Haifa le a mo metsaneng e e leng mo tikologong ya gone. Ba ne ba supela segolo-bogolo lelapa la bone le legolo, leo le nang le batho ba ka nna 252 fa ba feletse.
A seno e ile ya nna kgwetlho? Ee, ka ntlha ya gore mo godimo ga go tshwanelwa ke gore ba kgweetse oura le sephatlo ba ya kwa metsaneng eno ya Maarabia go ya go etela batho ba teng, go ne go tlhokafala bopelotelele le boitshoko jo bogolo. “Ka dinako tse dingwe batho ba ba farologaneng ba go bolelela gore ga ba batle go tlhola ba utlwa go ya pele. Fa seo se diragala, o tla tshwanela gore o tlogele go bua. Morago ga moo, gongwe o ka nna wa nanabela ka botlhale wa boela mo go seo lo neng lo tlotla ka sone. Go tshwana le fa o ne o lelekwa o ntshiwa ka kgoro ya kwa pele o bo o boela ka letlhabaphefo,” Hanna o ne a akgela jalo. Seno sotlhe se ne sa nna le maduo. Go tla go fitlha jaanong, ba le 24 ba balosika lwa bone ba le 36 ba ile ba bontsha kgatlhego ka tlhoafalo mo Dikwalong, mme ba le 13 ba bone ba ithuta Bibela le Hanna kana le Basupi ba bangwe. Go tla go fitlha gompieno, ba le batlhano ba ba atamalaneng nabo ka losika gammogo le bana ba gagwe ka namana ba ile ba neela matshelo a bone mo go Jehofa, mme ba bangwe ba le bararo ba dira kgatelopele go isa koo.
Ditlhora tse Disha mo Tshimong E E Leng ya Bogologolo go Di Feta Tsotlhe
Maitemogelo a a itumedisang a a tshwanang le ano a a oketsega mono Iseraele, mme ditebelelo tsa kgolo di kgothatsa tota. Ka 1988 palo ya baboledi ba Bogosi e ile ya fitlhelela tlhora ya ba le 370. Palogare ya dithuto tsa Bibela tse di tshwarwang kgwedi nngwe le nngwe mo magaeng a batho ba ba kgatlhegang e ile ya tlola go tloga go 89 ka 1979 go ya go 301 ka 1988—eo eleng koketsego ya 240 lekgolong!
Seno sotlhe se tlisetsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefatsheng leno la bogologolo boipelo jo bogolo. Re lebeletse pele masegong a magolo le go feta ano go tswa go Modimo wa rona, ebong Jehofa, fa re ntse re gatela pele ka tiro eno ya go dira barutwa mo tshimong eno e eleng ya bogologolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]
Fa godimo: Lebitla Le Le mo Tshingwaneng, Jerusalema
Go lebagana le lone: Ditshwantsho tsa kwa marekelong le tsa kwa mebileng ya kwa Iseraele
Kwa tlase: Ofisi ya lekala ya kwa Tel Aviv