Pego ya Baboledi ba Bogosi
Ba Ne Ba Bona Lebaka la go Fetoga
A MALOKO a makoko a dinokwane le batho ba ba bogale ba ka fetola botshelo jwa bone? Ke eng seo se ka ba thusang go dira jalo? Phetogo e e bonalang mo boitsholong e ka kgonega jaaka go ne ga bonwa mo kgannyeng ya ga Saulo wa Tareso, yo ka boene a neng a fetoga go tswa go mmogisi wa Bakeresete go nna Mokeresete. Morago ga moo o ne a itsege jaaka moaposetoloi Paulo. (Bagalatia 1:13, 14; 1 Timotheo 1:13) Go tswa kwa Kenya go begiwa ka diphetogo tse dikgolo.
◻ Lekawana lengwe e ne e le leloko la setlhopha sa dinokwane mo kgaolong ya Nairobi mme o ne a romelwa kwa Kenya bophirima go ya go batlisisa gore ba ka utswela dibanka jang. O ne a nna le monna mongwe yo o godileng mme a fitlhela mokowa wa di-Awake! tse dikgologolo mo ntlong ya gagwe. Lekawana leno le ne la nwela mo go baleng dimakasine tseno mo a neng a lebala gotlhelele ka maano a gagwe a go utswa kwa dibankeng. Fa a setse a di badile tsotlhe, o ne a kopa tse dingwe gape, mme monna yo o godileng yoo o ne a mmolelela gore go tla nna le nngwe ya tsone mo dibekeng dingwe le dingwe tse pedi ka poso. Fa esale ka nako eo lekawana leno le ne la nna la kopa monna yono gore a ye kwa posong letsatsi le letsatsi go ya go tlhola dimakasine tse di oketsegileng. Ka yone nako eo, o ne a dira tshwetso ya go tlogela ditiro tsa gagwe tse di maswe, a latele seo a se ithutileng mo dimakasineng tseno, le go nna Mosupi wa ga Jehofa. O ne a ba a simolola go bolelela baagelani gore e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana, mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a dira mo tshimong eo mme a gakgamala go fitlhela lekawana leno leo le ipitsang Mosupi. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene, a nonofa, mme gompieno ke mmulatsela wa ka metlha. Kitso e e tlhomameng ya Bibela e ne ya mo naya lebaka la go fetola botshelo jwa gagwe.
◻ Monna mongwe kwa Argentina le ene o ne a bona lebaka la go fetola tsela eo a neng a tshela ka yone ya go nna bogale. Ka dingwaga di le 20, o ne a bogisa mosadi wa gagwe mo go maswe, yo e neng e le Mosupi. Go ne ga bolelwa gore o ne a ba a epa lehuti mo jarateng ya gagwe a ba a baya sefapaano mo godimo ga lone, ka maikaelelo a go bolaya motho yo o neng a utswa dikokwana tsa gagwe mme a mo fitlhe gone moo. Ka ntlha ya botho jwa monna yono jo bo setlhogo, baagelani botlhe ba ne ba sa mmatle.
Molebedi wa potologo o ne a mo etela. Fa a le koo, molebedi wa potologo o ne a solofetsa monna yono thuto ya Bibela mme o ne a gakgamala fa a ne a bolela gore o ne a tla itumelela go ithuta Bibela. Mokaulengwe mongwe o ne a ithuta le ene boroutšhara ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! Monna yono o ne a tswela pele mo kitsong ya Bibela le mo go tlhaloganyeng dilo tsa semoya. Jaanong o nna gone kwa dipokanong tsotlhe. O rata dipokano thata le go kopanela le bakaulengwe mo eleng gore o ne a bolela jaana, “Ke rata go nna mono.”
Phetogo e monna yono a neng a e dira e ne e gakgamatsa mo eleng gore baagelani ba ne ba botsa mosadi wa gagwe gore o ne a alafiwa ke ngaka efe. Fa a ne a tlhalosa gore phetogo eno e ne ya nna gone ka gonne o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, moagelani mongwe o ne a kgatlhega thata mo eleng gore o ne a bo a kopa Bibela. Moagelani yo mongwe o ne a dira peeletso ya nngwe ya dimakasine tsa rona.
Kitso ya boammaaruri ya Bibela e ne ya neela banna bano lebaka la go fetola tsela ya bone ya go tshela. E ka thusa mongwe le mongwe yo o eletsang go nna le botshelo jo bo nang le bokao ka mo go oketsegileng jaanong mme a na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng ke Modimo.—Yohane 17:3.