Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
1 Fa o fitlha mo lefelong le go rekisiwang dikuranta mo go lone o bona eng? Dimakasine. Mo khoneng ya seterata, o bona eng? Dimakasine. Ke eng se se dirang gore monna yo o tsamaisang poso a iname a ntse a sikere kgetsi ya gagwe ya poso? Ke dimakasine. Ka jalo, ke eng se batho ba le bantsi ba se balang? Ke dimakasine. Dipatlisiso di bontsha gore basha ba le 9 mo go ba le 10 ba ba leng gare ga dingwaga tsa 10 le 18 e leng selekanyo se se tshwanang le sa bagolo, ba bala bobotlana makasine o le mongwe mo kgweding nngwe le nngwe. Lefatshe le kgothaletsa batho go bala dimakasine.
2 A re ka dira gore batho ba ba dipelo di phepa ba kgothalele go bala Tora ya Tebelo le Tsogang!? Ee, fa RONA re kgothaletse go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke eng se se ka re thusang? Akanya ka dikakantsho tseno:
◼ Bala Dimakasine: Molebedi mongwe yo o etang o ne a bolela gore, ka kakaretso go na le mmoledi a le 1 mo go ba le 3 mo potologong ya gagwe yo o balang tokololo nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang! yotlhe. A wena o a di bala? Fa o ntse o bala setlhogo sengwe le sengwe, ipotse gore, ‘Ke mang yo o tla anaanelang tshedimosetso eno—a ke mmè, motho yo o sa dumeleng gore Modimo o gone, rrakgwebo, mosha?’ Tshwaya ntlha e le nngwe kana di le pedi mo makasineng wa gago tse o tla di dirisang fa o di buelela. Morago ga foo akanya gore o ka tsosa jang kgatlhego mo kgannyeng eo ka polelwana e le nngwe kana di le pedi fela.
◼ Nna le Otara e e Tlhomameng ya Dimakasine: Tsenya otara e e siameng ya palo e e tlhomameng ya dimakasine tsa tokololo nngwe le nngwe mo mokaulengweng yo o tlhokomelang dimakasine. Ka tsela eno, wena le lelapa la gago lo tla nna le dimakasine tse di lekaneng ka metlha.
◼ Dira Thulaganyo ya ka Metlha ya Letsatsi la Dimakasine: Diphuthego di le dintsi di beetse letsatsi le le rileng kwa thoko le ka lone ba neelang bosupi fela ka dimakasine. A o ka kgona go tshegetsa Letsatsi la phuthego la Dimakasine? Fa o sa kgone, leka go dirisa nako nngwe gangwe le gape go neela bosupi ka dimakasine mo mmileng le ka go tsamaisetsa batho dimakasine ka ntlo le ntlo le ka tselana ya dimakasine.
◼ Kgothalela go Bala “Tora ya Tebelo” le “Tsogang!”: Tsamaya ka dimakasine fa o le mo loetong kana fa o ya go reka. Di tsamaise fa o bua le badirimmogo, baagisani, ba o tsenang sekolo nabo, kana barutabana. Banyalani bangwe ba gantsi ba tsamayang ka sefofane ba dirisa ntlha nngwe mo dimakasineng tsa bosheng go simolola motlotlo le mopalami yo o bapileng le bone. Ba nnile le maitemogelo a mantsi a a itumedisang. Basha bangwe, nako le nako ba tsamaya ka dimakasine tse ba akanyang gore ditlhogo tsa tsone di tla kgatlha barutabana ba bone kana baithutikabone. Tsaya dimakasine fa o le mo mesepeleng e e amanang le kgwebo mme o di tsamaisetse barekisi fa o fetsa ka kgwebo ya gago. Ba le bantsi ba rona re tshela peterolo ka metlha; ke eng fa o sa tsamaisetse modiredi wa seteishene sa peterolo dimakasine? Di beye gaufi fa ba losika ba etile, fa o dirisa sepalangwa sa batho botlhe, kana fa o santse o emetse nako e o e beetsweng. A o ka akanya ka dinako tse dingwe tse di tshwanelang?
◼ Baakanyetsa Puisano e Khutshwane ya Dimakasine: Rulaganya go bua go le gonnye fela mme o bue sentle. Nna matlhagatlhaga. Fitlhelela pelo. Opa kgomo lonaka. Tlhopha ntlha e le nngwe mo setlhogong sengwe, e tlhalose ka mafoko a le mmalwa fela mme o tsamaise dimakasine. Tsela e e molemolemo ya go di buelela ke go botsa potso malebana le kgang e e kgatlhang batho mme o mmontshe setlhogo se se neelang karabo e e tswang mo Dikwalong. Ela tlhoko dikai di le mmalwa tsa kafa seno se ka dirwang ka gone:
3 Fa o buelela setlhogo se se buang ka tsela e bokebekwa bo oketsegang ka yone, o ka nna wa botsa jaana:
◼ “Go tla tlhokega eng gore re kgone go robala bosigo re sa boife bokebekwa bope?” Mongantlo a ka nna a bo a sena tsholofelo ya gore dilo di tla tokafala. O ka nna wa araba ka gore batho ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela eo mme o bo o oketsa ka go mmolelela gore o na le tshedimosetso nngwe e o akanyang gore e tla mo kgatlha. Morago ga foo mmontshe ntlha nngwe e e tshwanelang mo setlhogong seo.
4 Fa o buelela setlhogo se se buang ka botshelo jwa lelapa, o ka nna wa re:
◼ “Batho ba le bantsi ba bona go le thata tota go itshedisa le go nna le lelapa mo metlheng eno. Go na le dibuka di le mmalwa tse di ileng tsa kwalwa tse di buang ka kgang eno mme le e leng baitse ga ba dumalane malebana le gore tharabololo ya mathata a rona e tla nna eng. A go na le gongwe koo re ka lebang teng go bona kaelo e re ka e ikanyang?” Mme o bo o mmontsha ntlha e e rileng mo makasineng e e tlhalosang ka botlhale jo bo leng mo Baebeleng.
5 O ka nna wa simolola jaana fa o buelela setlhogo se se buang ka mathata a batho:
◼ “Batho ba le bantsi ba kafa tlase ga kgatelelo gompieno. Modimo le ka motlha ga o ise o ko o batle gore re tshele jaana.” Morago ga foo mmontshe kafa tshedimosetso e e mo setlhogong seo e e thailweng mo Baebeleng e ka re thusang ka gone go emelana le mathata a botshelo gone jaanong le kafa e re neelang tsholofelo ya gore go tla nna le tharabololo e e tla nnelang ruri mo isagweng.
6 Le ka motlha ga re a tshwanela go etsaetsega go kopa moneelo wa madi a a akantshitsweng, re akanya gore dimakasine tsa rona di tura thata; eleruri dimakasine tsa rona ga di ture fa di bapisiwa le dimakasine tsa lefatshe. Ka jalo, re tshwanetse gore re nne le boikutlo jo bo siameng fa re bua ka moneelo o o duelelang ditshenyegelo tsa go di gatisa.
7 Bosupi Jwa Mmila bo Mosola: Baboledi ba ne ba kgothadiwa ka lekgetlho la ntlha gore ba rulaganye letsatsi le le kgethegileng beke nngwe le nngwe go neela bosupi jwa mmila ba dirisa dimakasine mo tokololong ya January 1940 ya Informant (Tirelo ya Rona ya Bogosi). A o neela bosupi jwa mmila gangwe le gape? Fa e le gore o a go dira, a mokgwa o o o dirisang tota o na le matswela? Go ile ga elwa tlhoko gore baboledi bangwe ba ema mo khoneng ya seterata se go fetang batho ba le bantsi mo go sone, ba tsere dikgang fela le mororo batho ba bantsi ba ntse ba feta ba sa ba bone. Go na le gore lo eme lo bapile ka dimakasine, go botoka fa lo kgaogana mme lo bo lo atamela batho. Batho ba o sa ba itseng ba ka nna ba ema le go reetsa ka bokhutshwane fa o ba atamela o le mongwe mme ga se ba le bantsi ba ba ka ratang go tla mo setlhopheng sa batho ba ba itseetseng dikgang tsa bone fela. E re ka re elwa tlhoko thata mo mebileng, go botlhokwa thata gore re ipaakanye sentle mo mmeleng le go apara ka tsela e e bori jaaka go tshwanetse badiredi ba Modimo.—1 Tim. 2:9, 10.
8 Ditselana Tsa Dimakasine: Batho ba ba nang le ditselana tsa dimakasine ba tsamaisa dimakasine tse dintsi le mororo tshimo e berekiwa yotlhe ka metlha. Ditselana tsa dimakasine ke tsela e e molemo e motho a ka simololang dithuto tsa Baebele ka yone.
9 Fa o dira maeto a go boela ka metlha go isa dimakasine, o tla bona gore lerato le botsalano jo bo leng gare ga gago le mongantlo bo a oketsega. Fa lo tlwaelana botoka, go nna motlhofo thata go bua ka dikgang tse di tswang mo Dikwalong. Seno se ka dira gore o simolole thuto ya Baebele ya legae e e nang le matswela. Kwa maetong a go boela a mo go one go bonalang sentle gore batho ba anaanela dimakasine, buelela peeletso. Mme gakologelwa gore, lekgetlho lengwe le lengwe le o kopanang le mongantlo ka lone o ka bega loeto lwa go boela.
10 Kgaitsadi mongwe o ne a isa dimakasine ka metlha kwa mosading mongwe yo a neng a di amogela ka metlha mme lefa go ntse jalo a bo a re: “Ga ke dumele dilo tse o di mpolelelang.” Mo loetong longwe moragonyana ga foo, kgaitsadi o ne a fitlhela monna wa gagwe a le mo gae. Fa ba sena go tlotla fela ka tsela ya botsalano, o ne a dira dithulaganyo tsa go simolola thuto ya Baebele. Kgaitsadi o ne a itsalanya le barwa ba gagwe ba bararo bao ba neng ba kopanela mo thutong. Kgabagare, mmè le barwa ba gagwe ba bararo ba ne ba neela matshelo a bone go Jehofa mme ba kolobediwa. Gompieno jaana, go na le ba lelapa ba le 35 ba ba amogetseng boammaaruri. Seno sotlhe se diragetse ka go bo kgaitsadi yono a ne a boela kwa tselaneng ya gagwe ya dimakasine!
11 Go na le ditsela tse dintsi tse motho a ka simololang tselana ya dimakasine ka tsone. O ka simolola tselana ya dimakasine fela ka go boloka rekoto ya dimakasine tse o di tsamaisitseng le go rulaganya go boa gape beke nngwe le nngwe ya bobedi o tlisa ditokololo tse disha. Tsela e nngwe ke ka go dirisa tshedimosetso e e kafa tlase ga setlhogo se se reng “Mo Tokololong ya Rona e e Tlang.” Fa o boela, bolelela mongantlo gore o tlile ka setlhogo se o neng wa bua ka sone mo nakong e e fetileng. Kana fa o dira loeto lwa go boela o ka nna wa re: “Fa ke ne ke bala setlhogo seno, ke ne ka akanya gore se ka nna sa go kgatlha . . .” Morago ga foo dira dikakgelo di le mmalwa ka setlhogo seo mme o bo o se mo neela. Fa o feditse ka loeto lwa gago lwa go boela, kwala dintlha tse tlhano mo rekotong ya gago ya go tsamaya ka ntlo le ntlo: (1) leina la mongantlo, (2) aterese ya mongantlo, (3) letlha la loeto, (4) ditokololo tse o di tsamaisitseng le (5) setlhogo se o neng o se buelela. Baboledi bangwe ba ile ba atlega thata go simolola ditselana tsa dimakasine, ba bo ba nna le maeto a go boela a a ka nnang 40 kana go feta mo lenaaneng la bone!
12 Tshimo ya Kgwebo: Baboledi ba ba berekang tshimo ya kgwebo ba tsamaisa dimakasine di le dintsi. A o kile wa leka go bereka mo mabenkeleng? Dipego di bontsha gore mo diphuthegong dingwe, karolo eno ya tirelo ga e dirwe thata. Mo lekgetlhong la ntlha, batho bangwe ba etsaetsega go etela borrakgwebo mme fa ba sena go leka ka makgetlho a le mmalwa, ba bona go itumedisa e bile go duela. Ke eng o sa kope mmoledi yo o nang le maitemogelo kana mmulatsela gore a go thuse go simolola seno?
13 Go na le melemo mengwe e e rileng e o e bonang fa o bereka mo mabenkeleng. Ga go na batho ba ba seyong thata, segolo ka dinako tsa kgwebo! Gantsi borrakgwebo ba na le maitseo, le e leng fa tota ba sena kgatlhego mo Baebeleng. Simolola go sa le gale mo mosong; gongwe o tla amogelwa botoka. Fa o sena go ikitsise, o ka nna wa bolela gore ga se gantsi o fitlhelang borrakgwebo kwa gae, ka jalo o ba etela ka metsotso e se mekae mo tirong go ba neela ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo tlhalosetse gore borrakgwebo ba le bantsi ba anaanela dimakasine tsa rona ka gonne ba tshwanetse gore ba itse gore ke dilo dife tse di diragalang mo lefatsheng mme lefa go ntse jalo ga ba na nako e e kalo ya go bala. Dimakasine tseno di na le tshedimosetso e e dirang gore motho a lebe dilo ka tsela e sele mme ga di na mogopolo o o sa siamang ka bodumedi, bopolotiki, kana kgwebo. Go ka nna ga simololwa tselana ya dimakasine le batho ba ba kgatlhegang ba ba bonweng mo tshimong ya kgwebo.
14 Ipaakanyetseng Jaaka Lelapa: Lo ka nna lwa beela nako nngwe kwa thoko ka nako ya thuto ya lona ya lelapa e ka yone lo ka buisanang ka gore ke ditlhogo dife tse di leng mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka tshwanelang gore lo di dirise mo tshimong ya lona. Ba lelapa—go akaretsa le bana—ba ka refosana ka go ikatisetsa dipuisano tsa bone tsa kafa ba ka fenyang ka gone dikgoreletsi tse gantsi di tlhagang tse di ntseng jaaka: “Ke tshwaregile,” “Re na le bodumedi jwa rona,” kana “Ga ke na kgatlhego.” Go dirisana mmogo sentle go ka thusa lelapa lotlhe gore le nne le seabe mo go tsamaiseng dimakasine.
15 Batshwari ba Thuto ya Buka ba ka Thusa: Fa go kgonega, rulaganyang dipokano tsa tirelo ya Letsatsi la Dimakasine kwa mafelong ao thuto ya buka e tshwarelwang kwa go one go na le gore phuthego yotlhe e kopanele kwa Holong ya Bogosi. Batho ba ba okamelang dipokano tsa tirelo ya tshimo ba tshwanetse gore ba bo ba ipaakanyeditse sentle gore ba neele setlhopha dikakantsho tse di opang kgomo lonaka. Tseno di ka akaretsa go neela sekai ka puisano nngwe le go tlhalosa ntlha e le nngwe kana di le pedi go tswa mo dikgatisong tsa bosheng tse di ka nnang tsa dirisiwa go tsosa kgatlhego mo tshimong ya lona. Dipokano tsa tirelo ya tshimo—mmogo le go rulaganya setlhopha—ga di a tshwanela go tsaya nako e telele, e bile di se ka tsa feta metsotso e le 10 kana e le 15. Batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore go na le tshimo e e lekaneng gore setlhopha se dule se na le sengwe se se se dirang ka nako yotlhe ya tirelo ya tshimo.
16 Go Anaanela Dimakasine: Setlhogo se se reng “Go Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Tsela E E Mosola” se se neng se gatisitswe mo tokololong ya July 1993 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi se ne sa tlhalosa ntlha e e botlhokwa eno ka gore: “Tora ya Tebelo le Tsogang! ga di felelwe ke mosola wa tsone le fa di sa tsamaisiwa tsotlhe mme di fetilwe ke kgwedi e le nngwe kana di le pedi morago ga letlha le le bontshitsweng mo tokololong ya tsone. Tshedimosetso e di nang le yone ga e felelwe ke botlhokwa fa nako e ntse e tsamaya . . . Fa re emela gore dimakasine di nne mokoakoa mme re sa di tsamaise go bontsha gore ga re anaanele didirisiwa tseno tse di botlhokwa. . . . Go na le gore re seegele ditokololo tse dikgologolo kwa thoko le go di lebala, a go ka se nne molemo gore re dire boiteko jo bo kgethegileng jwa go di neela batho ba ba kgatlhegang?”
17 Gompieno go na le batho ba le bantsi ba ba dipelo di phepa ba ba batlang boammaaruri. Tshedimosetso e e leng mo makasineng o le mongwe e ka tswa e le sone tota selo se ba se tlhokang gore ba bone boammaaruri! Jehofa o re file molaetsa o o itumedisang o re tshwanetseng go o itsise mme dimakasine tsa rona di na le seabe se segolo go dira gore batho ba bangwe ba bone molaetsa ono. A o tla kgothalela go tsamaisa dimakasine ka mo go oketsegileng mo nakong e e tlang? A o tla dirisa dingwe tsa dikakantsho tseno mo mafelobekeng one ano? O tla segofala thata fa o ka dira jalo.
Dikakantsho Tse di Mosola:
◼ Bala dimakasine e sa le gale mme o itlwaelanye le ditlhogo tsa tsone.
◼ Tlhopha setlhogo sengwe se se buang ka sengwe se se kgatlhang batho ba le bantsi mo tikologong ya lona.
◼ Baakanyetsa puisano e e tla tshwanelang batho ba ba farologaneng, e ka tswa e le banna, basadi, kana basha. Bontsha gore makasine o ama mongantlo jang le kafa lelapa lotlhe le ka o itumelelang ka gone.
◼ Rulaganya go ya tirelong ya tshimo ka nako ya fa batho ba le bantsi ba le kwa gae. Diphuthego dingwe di rulaganya go neela bosupi jwa maitseboa ka dimakasine.
◼ Dira gore puisano ya gago e nne khutshwane e bile e tlhamaletse.
◼ O se ka wa bua ka bofefo thata. Fa moreetsi wa gago a sa kgatlhege, go bua ka bofefo ga go kitla go thusa. Leka go ritibala mme o fe mongantlo sebaka sa go araba.
Go Tsamaisa Dimakasine ka Ntlo le Ntlo:
◼ Nna le monyenyo o o botsalano le modumo wa lentswe o o bonolo.
◼ Tlhoafalela dimakasine.
◼ Bua ka bonya le ka tsela e e utlwalang sentle.
◼ Bua ka kgang e le nngwe fela; tsosa kgatlhego go le gonnye mme o bontshe mongantlo mosola wa yone.
◼ Buelela setlhogo se le sengwe fela.
◼ Buelela makasine o le mongwe fela mme o tsamaise o mongwe jaaka molekane wa one.
◼ Neela mongantlo dimakasine.
◼ Dira gore mongantlo a itse gore o batla go boa.
◼ Fa dimakasine di sa tsewe, digela ka tsela e e botsalano le e e siameng.
◼ Kwala batho botlhe ba ba kgatlhegang le moo o tsamaisitseng dimakasine gone mo rekotong ya go tsamaya ka ntlo le ntlo.
Mafelo a go Tsamaisa Dimakasine:
◼ Fa o neela bosupi jwa ntlo le ntlo
◼ Bosupi jwa mmila
◼ Fa o bereka mo mabenkeleng
◼ Tselana ya dimakasine
◼ Bosupi jwa maitseboa
◼ Fa o dira maeto a go boela
◼ Fa o etela batho ba o neng o ithuta Baebele le bone pele
◼ Fa o le mo loetong, fa o ya go reka
◼ Fa o bua le ba losika, badirimmogo, baagisani, ba o tsenang sekolo nabo, barutabana
◼ Mo sepalangweng sa batho botlhe, mo diphaposing tsa go letela