LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/95 ts. 3-8
  • Go Tlhofofadiwa ga Dilo Kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1995

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhofofadiwa ga Dilo Kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1995
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kopano ya Kgaolo ya 1997 ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Kopano ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” ya 1995
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba 1996
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 9/95 ts. 3-8

Go Tlhofofadiwa ga Dilo Kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1995

1 A bo go itumedisa jang ne go nna teng kwa meletlong ya semoya, e ka tswa e le kwa dipokanong tsa phuthego, dikopano tsa potologo, dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe, kana kwa dikopanong tsa kgaolo! Ka ntlha yang? Go a nonotsha go kopana le batho ba ba boifang Modimo e bile dilo tsa semoya tse go buiwang ka tsone mo dikokoanong tse di ntseng jalo di re gakolola dilo tse di botlhokwa segolo.

2 Go ile ga nna le koketsego ya diketekete tsa batho tse di ileng tsa gogelwa mo dikokoanong tse di ntseng jalo tsa semoya mo dingwageng tsa bosheng jaana. Mo gare ga dingwaga tsa 1985 le 1994, palo ya diphuthego mo lefatsheng lotlhe e ile ya oketsega ka diperesente tse di fetang 50 go tloga go 49 716 go ya go 75 573. Fa Jehofa a ntse a akofisa tiro ya go phutha, palo ya dikopano tsa kgaolo le tsa potologo le yone e ntse e oketsega fela jalo. (Isa. 60:22) Le e leng palo ya dikopano tse di ileng tsa tshwarwa mo tshimong e e kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa fela tse di ileng tsa oketsega go tloga mo go 21 ka 1984 go ya go 30 ka 1994, e supa tsela e diphuthego di oketsegang ka yone. Tiro ya go rulaganya le go tshwara dikopano tseno e ntse e oketsega. E re ka re kopana jaana gore thulaganyo ya semoya ya mekete eno e re solegele molemo, go molemo gore re tlhofofatse dithulaganyo tse di dirwang gore go tlamelwe batho ka dilo tsa senama thata ka mo re ka kgonang ka teng.

3 Dilo Tse Dingwe Tse di Tshwanetseng go Dirwa: Re solofetse gore Jehofa a re segofatse fa re ntse re gatela pele. Re itumela go bo a file batho ba gagwe moya o ba o tlhokang wa botlhale le go tlhaloganya. Ga go na pelaelo gore Jesu Keresete o ile a kaela dilo ka tsela e e molemolemo gore maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwe sentle a dirisa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo. (Math. 24:45-47; Bakol. 1:9, 10) Kitsiso nngwe e e leng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July e ne ya bolela jaana: “Go tloga ka September 1995 kwa dikopanong tsa potologo le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe le kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa ‘Babaki ba ba Itumetseng’ tse di tla tshwarwang kwa bofelong jwa ngwaga, ga go kitla go tlhola go apewa dijo. Mongwe le mongwe o tshwanetse gore a itlele dijo tsa gagwe le dino tsa gagwe.” Ba le bantsi ba amogetse kitsiso eno ka tsela e e siameng. Lo ka tswa lo rata go itse gore phetogo eno e tla solegela batho molemo jang. Gongwe fa re ka boeletsa diphetogo tse di neng tsa dirwa mo dingwageng tsa bosheng jaana seo se tla re thusa go gakologelwa melemo e re setseng re e bone ka ntlha ya go tlhofofatsa tiro kwa dikopanong.

4 Diphetogo Tse di Dirilweng mo Nakong e e Fetileng go Tlhofofatsa Dilo: Pele ga go ka simololwa dithulaganyo tse di tlhomameng le tse di tlhofofaditsweng mo dikopanong tsa kgaolo, diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang mo lefelong la kopano ba ne ba tlhoka go bereka thata gore ditiro tse di dirwang pele ga kopano tse di ntseng jaaka tirelo ya dijo, boithaopo, le marobalo di tlhokomelwe. Ka ntlha ya dikgatelelo le matshwenyego a letsatsi le letsatsi mmogo le tsela e mokgatlho o ntseng o tswelela pele o gola ka yone, go ne ga tlhokega tota gore go dirwe diphetogo tsa go tlhofofatsa tiro. Mo godimo ga moo, fa e sa le tiro ya rona ya go rulaganyetsa dijo e sena go tlhofofadiwa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba neng ba tlhola ba dira ka natla ka nako ya thulaganyo gore ba re thuse ka dijo ba ne ba kgona go reetsa thulaganyo. A bo diphetogo tseno di nnile molemo jang ne, ka go bo di ne tsa fokotsa tiro, tsa dira gore go tlhokomelwe thata dilo tsa semoya mo kopanong, moo go neng ga dira gore badiri ba bantsi ba kgone go reetsa thulaganyo le go e itumelela. (Dute. 31:12) Batho ba ba ikanyegang ba ba leng mo gare ga rona ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba dira ka boikanyegi ba gakologelwa melemo e e nnileng teng sentle e bile ba bolela gore ba anaanela thata kaelo e re e boneng. Mme lefa go ntse jalo, ke tiro efe e nngwe e e ka fokodiwang e e ka thusang gore batho ba ba oketsegileng ba solegelwe molemo ka botlalo mo thulaganyong ya semoya?

5 Diphetogo Tse di Tla Nnang Teng: Mo dingwageng tse go neng go apewa le go rekisiwa dijo tse di motlhofonyana, go ne ga lemogiwa gore tota go “batliwa dilo di sekae fela.” (Bapisa Luke 10:38-42, NW.) Lefa go ntse jalo, fa dilo di sekae tseno di lekanyediwa le palo ya batho ba ba tla nnang teng go ne go santse go dira gore go rekwe dilo tse dintsi le gore go dirwe tiro e ntsi le gore go rekwe didirisiwa tse di oketsegileng tse di turang. Mme gape, go ne go tlhokega baithaopi ba le bantsi go rulaganya le go tshegetsa dithulaganyo tseno. Go ne go tlhokega mafelo a dijo di neng di tla bewa le go rekisiwa gone. Go feta foo, maphata a ga mmasepala a tsa boitekanelo le one a ne a gagamatsa melao e e amanang le go tshwara dijo mme seno se ne se rwesa bakaulengwe ba ba ikarabelelang morwalo o o bokete. Mo godimo ga moo, bakaulengwe ba le bantsi ba tla bo ba sa tlhole ba na le tiro e kgolo ya go tlhokomela didirisiwa tsa dijo.

6 Tiro ya baithaopi ba ba ileng ba dira mo dikarolong tse go builweng ka tsone e ne e se kana ka sepe mme e anaanelwa thata. Lefa go ntse jalo, fa tiro e tlhofofadiwa gape jaana, go tla dira gore batho ba ba dirang tiro ya go baakanya le ba ba kgweetsang diteraka mmogo le ba ba rekang dijo, ba ba di apayang, ba ba di fudusetsang go sele le ba ba di rekisang ba kgone go dirisa nako ya bone mo dilong tse dingwe tse di botlhokwa tse di amanang le Bogosi le gore ba kgone go itumelela botsalano ka mo go oketsegileng kwa kopanong. Baithaopi ba ba neng ba tlhola ba dira mo Tirelong ya Dijo ba tla kgona go thusa mo maphateng a mangwe a a ntseng jaaka a Batlhokomedi le a Phepafatso. Seno se tla fokotsa tiro ya mongwe le mongwe mme ga go kitla go tlhokega gore batho ba le bantsi ba bereke go fitlha bosigo thata, phakela mo mosong kana ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse jaaka go ne go ntse mo dikarolong tse dintsi tsa Tirelo ya Dijo.

7 Go Tshegetsa Dithulaganyo Tseno: Mokgatlho o anaanela thata tsela e lona bakaulengwe le bokgaitsadi lo ileng lwa tshegetsa dithulaganyo tsa kopano mmogo le tirelo ya dijo “ka pelo e e itekanetseng” ka teng mo dingwageng tse di fetileng. (1 Ditir. 29:9) Seno se ile sa thusa ka ditsela tse dintsi. Se ile sa thusa gore re kgone go hira mafelo a a siameng le go duela ditshenyegelo tsa kopano. Se ile sa thusa gape gore batho ba ba leng teng ba nne mo lefelong la kopano ka nako e khutshwane ya boikhutso jwa thapama gore ba kgone go bona dijo ka bogautshwane, ba lapologe mme ba boe ba nne teng mo thulaganyong ya semoya. Mme re itse sentle gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla tswelela pele ka bopelotshweu jwa bone le ka go tshegetsa thulaganyo ka go ntsha meneelo. Ba ne ba bontsha kanaanelo ya bone ka tsela e e bonalang.—Dia. 11:25; Luke 16:9.

8 Go Itlhokomela ka Dijo ka Bolona: Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya diphetogo tse di oketsegileng tseno, go tla tlhokega gore mongwe le mongwe le ditlhopha tsa malapa di itlele ka dijo tse ba tla di jang ka nako ya boikhutso jwa thapama. Re anaanela thata melemo e megolo ya thulaganyo ya semoya. Fa re ka dira gore dijo tsa nama e nne selo se se botlhokwa ka tsela e e sa tlhokegeng go ka se ka ga re solegela molemo. Go botlhokwa gore mongwe le mongwe a “tlhomamise dilo tse di leng botlhokwa bogolo” mo kgannyeng eno. (Bafil. 1:9, 10a, NW) Dikopano tse dikgolo tsa kgaolo tsa bosheng jaana tsa batho ba ga Jehofa kwa Poland, Russia, le Ukraine, mmogo le mo mafelong a mangwe di ile tsa tsamaya sentle kwantle ga dithulaganyo tsa tirelo ya dijo. Mo godimo ga moo, dipotologo dingwe mo nageng eno di ile tsa tshwara dithulaganyo tsa tsone tsa dikopano le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe go sena thulaganyo ya dijo ka ntlha ya maemo a lefelo leo. Mo makgetlhong ano otlhe batlakopanong ba ne ba itlela ka dijo tsa bone tsa motshegare. Re tla bona gore fa re ka itlela ka dijonyana tse di motlhofo tse re ka di jang ka thapama, re tla thusega gore re nne re tsogile maroko mme re bo re solegelwa molemo thata ke thulaganyo ya thapama. Tumalanong le seno, mongwe le mongwe o tshwanetse gore a itlele dijo tse di motlhofonyana tse di nang le dikotla. Ka sekai, fa Jesu a ne a fa boidiidi jwa batho dijo, o ne a ba fa dilo tse pedi fela, senkgwe le tlhapi. (Math. 14:16-20; bona gape le Luke 10:42a.) Ka ntlha ya seo, re itumelela go lo fa dikakantsho tse di ka tshwanelang le tse di ka siamelang nako ya boikhutso le mofuta wa mafelo a re a dirisang.

9 E re ka go se kitla go tlhola go nna le dithulaganyo tsa dijo mo kopanong, fa batho ba ba tlang kopanong ba rulaganya dilo sentle, ba tla kgona go ja sefitlholo le malapa a bone e ka tswa e le kwa gae kana go sele fela. Fa lo ikhutsa sentle bosigo, lo ka kgona go tsoga phakela gore lo je dijo tse di siameng mo mosong le go fitlha go santse go na le nako e ntsi kwa kopanong gore lo tle lo nne le botsalano le batlakopanong ba bangwe. Molemo o mongwe wa thulaganyo e ntšha eno ke gore dikgoro tsa lefelo la kopano di ka se tlhoke go bulwa phakela jaaka fa go ne go ntse pele gore go bulelwe baithaopi ba tirelo ya dijo mmogo le ba malapa a bone. Dikgoro di tla bulelwa batlakopanong botlhe ka 8:00 a.m. kwantle fela ga fa go tshwanetse ga bulelwa batho ba sekae ba ba nang le dikabelo tse di rileng tse di tlhokang gore ba bulelwe pele ga nako eo. Fela jaaka go ne go ntse mo nakong e e fetileng, go ka se tlhokege gore ope a itlhaganelele go fitlha kwa lefelong la kopano go batla ditulo ka gonne go rulagantswe manno a a tla lekanang boidiidi jwa batho ba go akanngwang gore ba tla tla.

10 Nako ya boikhutso ya thapama e tla nna khutshwane go na le ya dikopano tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, e santse e tla re fa sebaka sa go ja dijonyana tse di motlhofo le go nna le botsalano le batho ba bangwe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba nnang mo motseng wa kopano kana gautshwane, ba ba yang gae maitseboa mangwe le mangwe, ba ka kgona go baakanyetsa mongwe le mongwe mo lapeng dijonyana tse a ka di jang ka nako ya boikhutso. Dijo tseno e ka nna tse di tshwanang le tse bana ba yang ka tsone kwa sekolong, gongwe e ka nna borotho le loungonyana, bisikiti le sengwe se se nowang. Batho ba le bantsi ba tsaya dijo tse di ntseng jalo tsa motshegare fa ba ya tirong.

11 Gone mme seno se tla nna le mathatanyana a a rileng mo bathong ba ba nnang mo mafelong a a kwa ntle ga lefelo la kopano, ka gonne go tla tlhokega gore ba rulaganye e sa le gale gore ba tla tsaya didirisiwa dife tse ba tla di dirisang fa ba ja ka thapama. Gongwe batho ba ba tsamayang mmogo ba ka itlela ka diiphimolo le dikopi tsa pampiri tse di ka latlhiwang fa ba tswa kwa gae. Bangwe ba ka nna ba bona gore ba tla kgora fa ba tsaya maungonyana kana merogo e ba ka e jang mme dilo tseno le tsone ba ka tla le tsone go tswa kwa gae. Dijo tse dingwe tse batho ba ka di tlhokang ka nako ya boikhutso ba ka nna ba di bona mo mabenkeleng a dijo tse di apewang mo motseng wa kopano.

12 Tsweetswee gakologelwang gore LO SE KA LWA APEELA MO DIPHAPOSING TSA SEKOLO TSA BOROBALO, MO DITLELASENG TSA BORUTELO KANA MO JARATENG YA SEKOLO fa e se fela fa e le gore go na le kitsi e nnye e e ka dirisiwang. Go kotsi e bile molao ga o letle gore go dirwe jalo e bile go ka senya mabota ka gore a mathegelwe le go tshasegelwa ke mafura. Go dira gore go nne le menko e go leng thata go e fedisa mo dikamoreng ka malatsi a le mantsi. Ke ka moo go tla bong go le botoka go reka dilo tse di sa senyegeng tse di tshwanang le manoko, maungo a a swabileng, le dibisikiti kana lo ka nna lwa rata go tla le dilo tse di bakilweng tse di ntseng jaaka borotho kana dikukunyana. Fa e le gore lo batla dilo tse lo ka di jang motshegare tse di ntseng jaaka borotho gongwe lo ka di bona kwa lebenkeleng le le nang le karolo e e rekisang dijo tse di apeilweng. Fa lo reka dijo tse di setseng di apeilwe go ka lo fokoletsa tiro ya go apaya le go baakanya dijo kwa lo robalang gone kana mo dikoloing.

13 E re ka lefelo la kopano tota le fetogela mo go nneng jaaka Holo ya Bogosi e kgolo ka nako ya kopano, go tla nna botoka gape gore re tile moya wa go dira pikiniki ka nako ya boikhutso. Fela jaaka re sa jele mo Holong ya Bogosi ka nako ya dipokano, re ka se ka ra ja kana ra nwa ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse mo kopanong. Dikhulara tse dikgolo tsa pikiniki tse di lekanang lelapa ga di ne di letlelelwa mo lefelong le kopano e tshwaretsweng mo go lone. Di ka baka kotsi mme ga di a tshwanela go tlogelwa mo diphasiking kana tsa bewa mo godimo ga ditulo. Gongwe go ka nna botoka go dirisa dikgetsana tse motho a ka di dirisang gangwe le gape kana diphuthelwana tse di ka latlhwang go tsenya dijonyana tse di motlhofo tse di tla jewang ka nako ya boikhutso ka thapama. Fa go tlhokega, go ka nna ga dirisiwa khulara e nnye e e ka bewang kafa tlase ga setulo e seng fa godimo ga sone.

14 Mme gape re tshwanetse gore re nne kelotlhoko gore re tlisa mefuta efe ya dilwana tse di nwelang mo lefelong la kopano. Dino tse di molelo di ka nna tsa tshelwa mo teng ga folaseke. Mofuta ope fela wa senwelo sa galase o kotsi. Mo mafelong a le mantsi e bile ga go a letlelelwa gore di dirisiwe. Ka jalo, re kopa gore go se ka ga tlisiwa DINWELO DIPE TSA GALASE mo lefelong la kopano. Fa e le gore lo reka dinotsididi tse di seng mo teng ga senwelo sa polasetiki kana sa tshipi, go ka nna botoka gore lo di tshele mo teng ga senwelo se sengwe se se sa thubegeng se lo ka kgonang go se baya kafa tlase ga setulo.

15 Melemo e e Oketsegileng: Eleruri re kgona go bona melemo ya diphetogo tseno mo dithulaganyong tsa rona. Botlhe ba tla kgona go reetsa ka kelotlhoko go bona melemo ya semoya—selo se e leng sone se re se tletseng mo kopanong. Re bona melemo fa re tlotla mmogo le mo thulaganyong ka boyone. Ka jalo, go na le gore re tloge mo lefelong la kopano ka thapama go ya go batla dijo, a bo re tla solegelwa molemo jang ne fa re ka itlela sengwe. Seno se tla re thusa gore re kgone go tlotla le bakaulengwe ba rona e bile go tla re thusa go tila go fetiwa ke sengwe mo thulaganyong ya thapama.

16 Morago ga kgothatso e e molemo ya semoya, batho ba bangwe ba ka nna ba rata go tswelela ba itumelela botsalano jwa Bokeresete le go tlotla ka dilo tse di molemo tse ba di ithutileng morago ga thulaganyo ya thapama ka nako ya fa ba ntse ba ja dijo tse di kgorisang le malapa a bone le ditsala mo mafelong a go jelwang mo go one. Bangwe ba ka nna ba ithekela sengwe mo lebenkeleng la dijo tse di apewang kana tse di apeilweng. Batho ba ba kgonang go boela kwa magaeng a bone ba ka nna ba batla go ja dijo tsa maitseboa fela jaaka ba tlhola ba dira ka malatsi a mangwe fa ba tswa tirong kana tirelong ya tshimo.

17 Tota re itumelela mekete eno ya semoya kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, koo re bonang teng dikgatiso tse disha, thuto e e molemo le kgakololo e e mosola. Mongwe le mongwe o gakologelwa masego ano mmogo le boitumelo jwa go kopana le batho ba Modimo. Diane 10:22 ya re: “Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” Go ntse jalo ka gonne jaaka batho ba ga Jehofa ga re ye kwa dikopanong go ya go batla dilo tsa senama le go ikgotsofatsa. Re phuthega ka boikutlo jo bo siameng jwa go batla go solegelwa molemo thata kafa re ka kgonang ka teng semoyeng mme Jehofa o re segofatsa thata ka ntlha ya moya o re o bontshang.—1 Tim. 6:6-8; Baheb. 11:6.

18 Dinako tseno tse re kgothadiwang ka tsone gape di re gopotsa ka kgatelopele ya thobo ya semoya. (Joh. 4:35, 36) Mafoko a a simololang kgaolo ya Isaia 54 a kopa mokgatlho wa ga Jehofa wa sekamosadi gore o ipaakanyetse go bona koketsego e o tla e itumelelang. Go tla tloga go nna le koketsego e nngwe gape, go atologa le nonofo e e oketsegileng fela jaaka fa Isaia a ile a porofeta a re: “Katolosa bonno jwa mogope wa gago; a ba ngamole meraro ya manno a gago; se rekegele; lelefatsa megala ya gago, o thatafatse dimapo tsa gago. Gonne o tlaa anamelela ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, le ka fa go la molema.” Go diragadiwa ga boporofeti jono go dirile gore go nne le koketsego e kgolo thata mo kobamelong ya boammaaruri e re e bonang gone jaanong.—Isa. 54:1-4.

19 Tota go bonala e le selo se se botlhale go tlhofofatsa gape dithulaganyo tsa kopano gore re tle re fokotse dikgoreletsi gore rotlhe re kgone go itumelela thulaganyo ya semoya e re e baakanyeditsweng. Re solofela gore Jehofa o tla segofatsa seno, ka gonne go tla re thusa gore re dire dilo ka matsetseleko fa re ntse re oketsega. Fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse re di tlhokang, re ka kgona go itumelela malatsi a re a rulagantseng go nna le botsalano le go bona molemo mo dilong tse di molemo tsa semoya. Re rapela go tswa pelong gore Jehofa a segofatse maiteko otlhe a rona fa re ntse re kopana mmogo le go fepiwa mo tafoleng ya gagwe.—Bapisa Duteronome 16:14, 15.

[Box on page 6]

Melemo ya Dithulaganyo Tse go Senang Tirelo ya Dijo mo go Tsone

◼ Ga go na tiro e ntsi pele ga thulaganyo, ka nako ya fa e tsweletse le morago ya yone, go re letla gore re nne le nako e e oketsegileng ya go tlotla

◼ Ga go na didirisiwa dipe tse di dirisediwang dijo tse di tshwanetseng go nna di baakanngwa

◼ Batho ba ba oketsegileng ba kgona go reetsa thulaganyo ya semoya ka kelotlhoko

◼ Go nna le baithaopi ba ba oketsegileng ba ba kgonang go thusa mo maphateng a mangwe

◼ Go nna le nako e e oketsegileng e e ka dirisediwang dilo tse dingwe tsa puso ya Modimo

Dilo Tse re ka Tlang ka Tsone ka Nako ya Boikhutso ya Thapama

◼ Dijo tsa motshegare tse di motlhofo tse di otlang mmele

◼ Maungo a a swabileng, manoko, dilo tse di bakilweng, le maungo a a tlwaelegileng

◼ Fa e le gore go a tlhokega; dikhulara tse dinnye

◼ Dinonyana tse di seng bogale, jusi, kana metsi a a tshetsweng mo dinwelong tse di sa thubegeng

Lo SE KA Lwa Tla mo Kopanong ka

◼ Dinotagi

◼ Dinwelo tse di thubegang

◼ Dikhulara tse dikgolo tsa pikiniki tsa selekanyo sa lelapa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela