LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/93 ts. 1
  • Iphe Nako ya go Tsamaisa Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Iphe Nako ya go Tsamaisa Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buelela Dimakasine mo Tshimong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Dimakasine di Itsise Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Dimakasine Tse Di Tlhomologileng Tse Di Buelelwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 12/93 ts. 1

Iphe Nako ya go Tsamaisa Dimakasine

1 Jehofa o rulagantse gore batho ba ba latelang ditsela tsa gagwe ba tle ba nne le ‘kagiso, isagwe le tsholofelo.’ (Yer. 29:11) Tora ya Tebelo le Tsogang! di re fa tshedimosetso e e tshwanetseng tota kaga tsholofelo eno. Dimakasine tseno di ka solegela batho ba mefuta yotlhe molemo le ba ba mo maemong mangwe le mangwe. (1 Tim. 2:4) A wena le lelapa la gago ka metlha yotlhe lo ipha nako ya go tsamaisa dimakasine?

2 Fa e le gore selekanyo sa dimakasine tse o di tsamaisang se ntse se wela kwa tlase, o ka dira jang gore o baakanye seemo seno? Selo se sengwe se se botlhokwa ke gore o nne o tlhologeletswe go itse se se mo teng ga dimakasine tsa rona. Monna mongwe o ne a kwala jaana: “Go bala dimakasine tsa lona go itumedisa tota. Ga se ‘bagomotsi’ ba maemo a a kwa tlase, mme go na le moo, di kgona go kaela motho le go mo supegetsa gore o ka dira jang gore botshelo jwa gagwe bo mo solegele molemo.” Tora ya Tebelo le Tsogang! di kwalwa morago ga bakwadi ba sena go dira dipatlisiso ka kelotlhoko mme ebile ke dithuso tse di tswang go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Math. 24:45) Ke didirisiwa tse di molemo thata tse di ka thusang motho go ama dipelo tsa batho.

3 Ithute dilo tse di mo teng ga dimakasine tse o di tsamaisang. Batla dintlha tse di amanang le mathata a a mo motseng wa lona gone jaanong jaana. Go ka nna molemo fa o ka ipaakanyetsa go bua le banna, basadi, le basha ba o ka nnang wa kopana le bone mo matlong kana mo mmileng. Ipaakanyetse go bontsha batho kafa dimakasine di amanang ka gone le motho ka boene kana le malapa ka kakaretso.

4 Nna o Akantse ka Dimakasine: Go neela bosupi ka dimakasine e tshwanetse go nna selo se setona mo thulaganyong ya gago ya tirelo ya tshimo. Ke dinako dife tse di go siametseng tsa gore o tsamaise dimakasine? A o kile wa leka go di tsamaisa ka ntlo le ntlo ka selekanyo sa ura kana go feta mme o dira jalo ka letlatlana kana mo maitseboeng pele ga Thuto ya Buka ya Phuthego ya lona? Go neela bosupi mo maitseboeng go ile ga nna le matswela a le mantsi mo dikgaolong dingwe. Matlhatso ke letsatsi le le siameng thata la go tsamaisa dimakasine ka ditsela tse di farologaneng, mme tiro eno e ka nna ya dirwa le mo malatsing a mangwe. Nako le nako fa e le Letsatsi la Dimakasine, tiro ya ntlo le ntlo le go tsamaya mo mabenkeleng, e tshwanetse go dirwa.

5 Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le palo e e tlhomameng ya dimakasine tsa tokololo nngwe le nngwe tse a rulagantseng go di tsamaisa ka metlha. Fa e le gore ka dinako tse dingwe o nna le ditokololo tse dikgologolo, o ka nna wa di dirisa go bontsha beng ba matlo ditlhogo tse di farologaneng tse go buiwang ka tsone mo dimakasineng tseo. Ka dinako tse dingwe, motho o ka tlogela dimakasine tse dikgologolo kwa magaeng a batho ba ba mo pensheneng, kwa go tlhokomelelwang bagodi teng, le kwa dipateleng fa seo se dumelelwa. O tshwanetse go bega dimakasine tseo tsotlhe le go di akaretsa mo pampitshaneng ya gago ya Pego ya Tirelo ya Tshimo.

6 Eleruri o tla bona palo ya dimakasine tse o kgonang go di tsamaisa e oketsega fa o ka dirisa dikgakololo tse di sa tswang go tlhalosiwa. Batho ba dipelo tse dintle ba ba imelwang ke mekgweleo ya botshelo mo tsamaisong ya jaanong e e boikepo ba anaanela tshedimosetso e e lapolosang jaaka e e fitlhelwang go Tora ya Tebelo le Tsogang! Dimakasine tseno eleruri di naya batho ba ba batlang go amogelwa ke Jehofa dijo tsa semoya. Jalo he, nna o akantse ka dimakasine, o bo o batle ditsela tse o ka oketsang ka tsone tiro ya gago ya go aba dikgatiso tseno tse di mosola thata mo tshimong ya lona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela