Ama Pelo ya Motho yo o Ithutang Bibela le Ene
1 A o batla go bona motho yo o ithutang Bibela le ene a dirisa se a se ithutang? O tshwanetse go dira jalo fa e le gore o batla gore thuto e a e boneng e mo solegele molemo. Gore o tle o kgone go tlhotlheletsa motho yo o ithutang Bibela le ene gore a tseye kgato, o tshwanetse go ama pelo ya gagwe. Mo letsatsing la Pentekosete ka 33 C.E., puo e e amang maikutlo e e neng ya buiwa ke moaposetoloi Petere e ne ya dira gore batho ba ba ka tshwarang 3 000, ba ba “amogetseñ lehoko ya gagwè,” ba ‘tlhabege mo pelong’ mme ba kolobediwe mo letsatsing leo. (Dit. 2:37, 41) O ka ama jang pelo ya motho yo o ithutang Bibela le ene?
2 Ipaakanyetse ka Botlalo: O se ka wa leka go akaretsa dintlha di le dintsi ka nako e le nngwe fela mo e leng gore go sala fela nako e khutshwane ya gore o thuse moithuti go akanya ka tshedimosetso e a e boneng. Rulaganya go sa le gale gore ke dintlha dife tse o tla di tlhalosang ka botlalo, o bo o tlhomamise gore o tlhaloganya dikwalo sentle e bile o tla di dirisa ka botswerere. O akanyetse go sa le pele gore ke dipotso dife tse di ka nnang tsa tsoga mo mogopolong wa moithuti ka ntlha ya tsela e a tshelang ka yone. Fa e le gore o tlwaelanye le moithuti wa gago sentle, kitso eno e tla go thusa gore o tle o ipaakantse ka tshedimosetso e e tla mo tshwanelang tota.
3 Etsa Tsela e Jesu a Neng a Ruta ka Yone: Jesu o ne a dirisa ditshwantsho go tlhofofatsa dintlha tse di boketenyana le go thusa batho ba a ba rutang gore ba utlwisise le go amiwa maikutlo ke se se buiwang. (Luke 10:29-37) Ka tsela e e tshwanang, o ka tsenya dithuto tse di molemo mo pelong ya motho yo o ithutang Bibela le ene ka go dira gore ditshwantsho tsa gago di nne motlhofo, o di dira ka dilo tse di tlwaelegileng tsa mo botshelong le go di lebaganya ka tlhamalalo le maemo a motho yo o ithutang le ene.
4 Dipotso ke tsone tse segolobogolo di ka go thusang gore o ame dipelo tsa batho ba o ithutang le bone Bibela, fela jaaka Jesu a ile a bontsha nako le nako. (Luke 10:36) Mme o se ka wa kgotsofadiwa fela ke go utlwa moithuti a bala karabo fela jaaka e ntse go tswa mo bukeng. Mmotse dipotso tse di kaelang tse di tla dirang gore mogopolo wa gagwe o fitlhe mo tshwetsong eo a ka neng a ile a seka a akanya ka yone pele. Tsela eno e thusa gape gore moithuti a kgone go dirisa tlhaloganyo ya gagwe. Mmotse dipotso tse di batlang maikutlo a gagwe gore o tle o kgone go bona se a se dumelang ka kgang eo. Ka tsela eo he, o ka kgona go lemoga gore o tlhoka thuso fa kae, mme jalo o bo o ka kgona go mo thusa ka tsela e e tlhamaletseng.
5 Fa e le gore motho yo o ithutang Bibela le ene ga a tswelele pele, o tshwanetse go batlisisa mo go ene gore o kgone go itse gore seno se bakwa ke eng. Go ka nna ga tlhokega gore o mo etele ka nako e sele go na le e o tlholang o tla ka yone fa o tla go ithuta le ene. Ke ka ntlhayang fa a okaoka go tsaya kgato? A go ka tswa go na le ntlha nngwe e e amanang le Dikwalo e a sa e tlhaloganyeng? A o okaoka go baakanya dilo dingwe mo tseleng e a tshelang ka yone? Fa e le gore motho yo o ithutang Bibela le ene o leka go “akabala ha gare ga maikutlō a le mabedi,” mo thuse gore a lemoge kotsi ya go dira jalo.—1 Dikg. 18:21.
6 Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore go ruta batho ba ba kgatlhegelang boammaaruri jwa Bibela ke tiro e e ka bolokang matshelo a bone, mme ka jalo a gakolola Bakeresete botlhe gore ba ‘ipone, ba bo ba bone le go ruta ga bone.’ (1 Tim. 4:16) Batho ba o ba tshwarelang dithuto tsa Bibela ga ba a tshwanela go ithuta fela kaga dikgang tse di amanang le Bibela le ditiragalo tsa lefatshe. Ba tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa le Jesu le go thusiwa gore bone ka namana ba nne le botsala le bone. Ke fela ka go dira jalo ba ka tlhotlheletsegang go bontsha tumelo ya bone ka ditiro. (Yak. 2:17, 21, 22) Fa re ka ama pelo ya moithuti, o tla tlhotlheletsega go tsaya tsela e e tla dirang gore a tlotle Jehofa le go sireletsa botshelo jwa gagwe.—Dia. 2:20-22.