LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/93 ts. 8
  • Buka e e Neelang Kaelo ya Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka e e Neelang Kaelo ya Boammaaruri
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thaya Motheo mo Loetong Lwa Gago Lwa Ntlha
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Baebele—buka E Modimo A E Dirisang Go Kaela Batho Botlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Thusa ba Bangwe go Bona Letlotlo je Legolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 11/93 ts. 8

Buka e e Neelang Kaelo ya Boammaaruri

1 Lefatshe le fetogile fela thata fa e sa le mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Le mororo go ile ga nna le ditlhabologo mo ditirong tsa ditlhaeletsano, kalafi, le tsa mesepele, nonofo ya botshelo jwa lelapa e ntse e wela kwa tlase ka iketlo. Dimilione tsa batho di itetlelela go kaelwa ke botlhajana jwa batho jo bo ntseng bo fetoga.

2 Mo seemong seno sa lefatshe se se ntseng se fetoga ka bonako, batho ba ga Jehofa ba ile ba solegelwa molemo thatathata ke go tlhwaela Lefoko la gagwe tsebe. Go fetile diketekete tsa dingwaga Bibela e ntse e sa fetoge, le kgakololo ya yone e santse e le mosola fela thata go ka re thusa go itshokela mathata a re lebaneng le one gompieno. Re ka thusa jang batho ba ba kgatlhegang gore ba anaanele gore Bibela e neela kaelo ya boammaaruri mo motlheng wa rona?

3 Fa o tlogetse pampitshana e e reng “Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela” mo loetong lwa ntlha, o ka nna wa boela kwa mothong yoo mme wa bolela jaana:

◼ “E re ka Bibela e bolela ka phepafalo gore ke molaetsa o o tswang kwa Modimong ka boene le gore o tla re neela botshelo jo bo sa khutleng fa re dumela le go tshela tumalanong le se e se bolelang, a ga o bone go le botlhokwa go batla go itse mo go oketsegileng kaga mafoko ano? [Mo neye sebaka sa go akgela.] Ela tlhoko se Bibela e se bolelelang pele malebana le tsamaiso eno ya lefatshe ya gompieno ya dilo. [Bala 2 Timotheo 3:1-5 ka tlhamalalo go tswa mo tsebeng 5 ya pampitshana eno.] A o akanya gore tlhaloso eno e tshwanela lefatshe gompieno? [Mo neye sebaka sa go akgela.] A re na le lebaka le le utlwalang la go lebelela maemo a a botoka mo isagweng?” Go tswa foo o ka thaya motheo wa go dira loeto lo longwe ka go tlotla ka dirapa tse pedi tsa bofelo tsa pampitshana eno kana ka go dirisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? mo tsebeng 161, o ntse o gatelela ka tsholofelo e e molemolemo e Bibela e buang ka yone.

4 Fa mong wa ntlo a ile a kgatlhiwa ke kafa Bibela e leng mosola ka gone e bile o mo tlhaloseditse melaometheo e e kgethegileng go kgaolo 12 ya buka ya “Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?,” o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Re kgatlhegela dilo tse di re solegelang molemo gompieno, a ga go jalo? A ga o dumelane gore go ka nna molemo thata fa ntwa e ka khutlisiwa? [Mo neye sebaka sa go akgela.] Fa e le gore batho ba ne ba ka ithuta go nna mmogo ka kagiso le ba merafe e mengwe, a ga o akanye gore seno e ne e ka nna motheo o o molemo? [Mo neye sebaka sa go araba.] Bibela e bolelela pele sone seo tota. [Bala Isaia 2:2, 3.] A o kile wa ipotsa gore seno se tla dirwa jang le gone leng?” Tlhalosetsa mong wa ntlo gore o rata go tla go tlotla potso eno le ene go ya pele ka nako e e mo siametseng.

5 Fa o mo tlogeletse “New World Translation,” o ka mmoela mme wa bolela jaana:

◼ “Fa o ne o bala Bibela e ke neng ka e go tlogelela, o ka nna wa bo o etse tlhoko gore e dirisa leina la Modimo ka namana gotlhe fela. E tokafaditswe ka tsela e e botlhokwa fa e bapisiwa le dithanolo di le dintsi tse dingwe tsa Bibela. Le mororo batho ba bangwe ba ka nna ba okaoka go dirisa leina Jehofa, re tshwanetse go nna re gakologetswe gore o ne a re senolela leina la gagwe bogologolo tala a bo a kgothatsa batlhanka ba gagwe go le dirisa gore le mo tlhaole jaaka Modimo wa boammaaruri le yo o tshelang. Ela tlhoko se Mopesalema a neng a se kwala mo go Pesalema 83:18.” Bala lokwalo leo, o bo o letla mong wa ntlo go akgela. Fa o ntse o ikaegile ka kgatlhego e a e bontshang, o ka nna wa dirisa tshedimosetso e e oketsegileng e e fitlhelwang mo setlhogong se se reng “Jehofa,” go simolola mo tsebeng 189 mo bukeng ya Go Fetolana.

6 Bibela ke yone fela e e neelang kaelo e motho a e tlhokang. (Yer. 10:23) Go ithuta Lefoko la Modimo ke yone fela tsela ya go ithuta kaga maikaelelo a Gagwe le go amogelwa ke Ene. Ka gone, a re batleng ba bangwe ka tlhoafalo gore ba solegelwe molemo ke kgakololo ya yone e e botlhale le e e nang le thuso e e mosola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela