LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/93 ts. 4
  • Go Thusa ba Bangwe go Bona Letlotlo je Legolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa ba Bangwe go Bona Letlotlo je Legolo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka e e Neelang Kaelo ya Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Boela Go ya Go Tsosa Kgatlhego mo Bibeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Boela Go ya Go Thusa Batho Gore ba Ithute Kafa ba ka Tshelelang Ruri ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Godisa Kgatlhego mo Bogosing Jwa Modimo Jwa Kagiso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 9/93 ts. 4

Go Thusa ba Bangwe go Bona Letlotlo je Legolo

1 Fa re rerela ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi, boikaelelo jo bongwe jwa rona ke go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go anaanela botlhokwa jo bogolo thata jwa Lefoko la Modimo. (Bafil. 3:8) Dibuka tsa rona tse di theilweng mo Bibeleng di na le seabe se se botlhokwa thata mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi. Ka sekai, buka ya O Ka Tshelela Ruri e thusitse diketekete tsa batho go direla Jehofa ka ntlha ya boammaaruri jwa Bibela jo ba bo ithutileng.

2 Bodihedi jwa rona bo raya se se fetang fela go neela batho ba ba ratang dibuka. Go tlhokega gore re ba neele molaetsa ka tsela e e gogelang, re reetse ka kelotlhoko se mong wa ntlo a se bolelang, mme go tswa foo re bo re ipaakanyetsa go ‘fetolana le ene ka Dikwalo.’—Dit. 17:2.

3 Seno Se Ka Dirwa Jang? Diketapele tsa rona di ka bulela beng ba matlo tsela ya go bontsha fa eleruri ba kgatlhegela Bibela le molaetsa wa yone.

O ka bolela jaana:

◼ “Re etela batho go tla go buisana le bone ka se se diragalang gompieno mo lefatsheng leno gore se kaya eng. Batho ba bantsi ga ba tlhole ba na le kgatlhego mo Modimong le mo melaong ya gagwe ya go tshela jaaka e bontshitswe mo Bibeleng. Seno se amile thata tsela e batho bangwe ba ikutlwang ka yone ka ba bangwe. A o setse o lemogile seno? [Mo letle a akgele. O ka nna wa bolela ka ditiragalo dingwe tse di rileng.] Tsweetswee ela tlhoko boikutlo jwa bao ba umakilweng mo go 2 Timotheo 3:1-5, o bo o mpolelela gore a o akanya gore seno se tshwana fela le se se mo lefatsheng gompieno. [E bale; mo letle a akgele.] A re na le lebaka le le utlwalang la go ka lebelela maemo a a botoka mo isagweng?” Fa a bontsha kgatlhego, mmontshe setshwantsho se se mo ditsebeng 12 le 13 tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri o bo o dira gore a tlhokomele serapa sa 12 le 13. Fa mpho eno e sa tsewa, he o ka mo tsamaisetsa pampitshana ya Botshelo Mo Lefatsheng Le Lesha.

4 Fa motsadi a tla go bula, re ka nna ra simolola motlotlo wa rona ka tsela eno:

◼ “Re buisana le batho ba ba kgatlhegelang ka fa ba ka dirisanang botoka le mathata a botshelo jwa lelapa ka gone. Rotlhe re dira gotlhe mo re ka go kgonang, mme fa go na le sengwe se se ka re thusang gore re atlege ka selekanyo se segolwane, re ka se kgatlhegela, a ga go jalo? [Mo neye sebaka sa go araba.] Bibela e re fa kaelo mo kgannyeng eno jaaka re bala mo go Bakolosa 3:12-14. [E bale.] Ka jalo, ke eng se se botlhokwa gore o ipelele botshelo jwa lelapa jo bo atlegileng? Ela tlhoko se se boletsweng mo kgatisong eno mo kgaolong e e nang le setlhogo se se reng ‘Ditsela tsa Go Atlegisa Botshelo jwa Lelapa.’” Bala serapa sa 3 mo tsebeng ya 238 ya buka ya O Ka Tshelela Ruri. Fa mong wa ntlo a tshwaregile kana a sa arabele ka bonako, leka go mo tsamaisetsa makasine wa bosheng o o buang ka dikgang tsa lelapa kana o mo tsamaisetse pampitshana ya Itumelele Botshelo jwa Lelapa.

5 Le ka motlha ga re batle go lebala boikaelelo jwa rona jwa gore ke eng fa re neela bosupi ka botlalo ka ga Bogosi. (Math. 24:14) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o ka re neela masego a gagwe gore re dire thato ya gagwe mo metlheng eno e e thata, ka go dirisa Bibela ka tsela e e molemo le dipaakanyetso tse di molemolemo tsa dibuka tse re nang le tsone tsa puso ya Modimo.—Bagal. 6:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela