Go Boela Go ya Go Tsosa Kgatlhego mo Bibeleng
1 Ka dinako tse dingwe re kopana le batho mo tirelong ya tshimo ba ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo mme lefa go ntse jalo ba sena nako ya go ka buisana le rona mo nakong e re ba etetseng ka yone. A re leka go ba boela mo nakong e e latelang go ya go abalana le bone molaetsa wa Bogosi? Kana gongwe re nna le puisano e e monate le mong wa ntlo, mme a bo a sa tseye buka epe. A re a mmoela go ya go tsweledisa motlotlo le ene kaga boammaaruri?
2 Go botlhokwa go bereka thata tshimo ya rona yotlhe le go latela botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego. A re boela fela bao ba tsereng buka kana dimakasine? Fa go le jalo, re ka tswa re tlogela batho ba bangwe ba ba nang le kgatlhego. Eleruri go tla bo go sa tshwanela gore re atlhole mongwe jaaka yo o sa tshwanelang go kgothadiwa go ya pele semoyeng e le ka go bo fela a sa tsaya buka. (Bapisa Baroma 14:4.) Gongwe fa re sena go mo etela, mong wa ntlo o ka nna a tlhatlhanya ka seo re se buileng kana o ka nna a itumelela boiteko jo re bo dirileng jwa go mo etela. O ka nna a bo a na le keletso e e oketsegileng fa re mmoela.
3 Fa o boela motho yo o neng a tshwaregile, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Ke itumelela go go bona gape. Nako e e fetileng fa ke ne ke le fano, ga re a ka ra buisana ka gonne o ne o sena nako. Ke a bona tota gore o motho yo o nnang o tshwaregile, mme ke tla bua ka bokhutshwane fela. O ka nna wa bo o amegile ka botsogo jo bo siameng jwa gago le jwa batho ba o ba ratang. Ebu, a o itse gore Modimo o solofeditse gore o tla fedisa malwetsi otlhe? A seo se ka se itumedise? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko ntlha e e mo serapeng sa 4 sa boroutšhara eno e e nang le setlhogo se se reng ‘Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha.’” Fa nako e letla, bala serapa seno mme go tswa foo lo bo lo bala nngwe ya ditemana tse di kwa tlase ga tsebe ya 4 tse di bontshang maemo mo lefatsheng le lesha. Fa e le gore mong wa ntlo o a kgatlhega, o ka nna wa simolola thuto ya Bibela ya legae.
4 Fa o etela mongwe yo o neng a tsaya pampitshana, o ka bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Mo nakong e e fetileng fa ke ne ke go bona, o ne wa tsaya kopi ya pampitshana eno e e nang le setlhogo se se reng Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? A go thata mo go wena go dumela gore Satane o busa lefatshe leno? [Letla gore a arabe.] Ela tlhoko serapa sa ntlha mo tsebeng ya 6.” Bala serapa seno, go tswa foo o bo o botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa Satane a batla go re tsietsa?” Fa mong wa ntlo a sena go araba, balang mmogo serapa sa bonè mo tsebeng ya 3. Lo ka nna lwa tswelela lo sekaseka pampitshana eno thata, kana o ka nna wa batla go mmontsha boroutšhara ya A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? lo bo lo bala serapa sa 8 mo tsebeng ya 13.
5 Go na le lebaka le le utlwalang la gore re nne le maikutlo a a siameng le go latela ba ba bontshitseng kgatlhego mo tirong ya rona ya go rera lefa tota ba sa bontshe kgatlhego go le kalo. Go botlhokwa go amega ka ba bangwe, go tlhotlheletsega go ba thusa gore ba ithute boammaaruri. Phuthego ya ga Jehofa e re neela dibuka le dipuisano tse di akantshitsweng tse di ka re thusang go dira gore ba bangwe ba amege ka seo ba se tlhokang semoyeng.—Math. 5:3.
6 Fa e le gore o nnile le motlotlo o o monate le mongwe yo o ka tswang a kgatlhega go le gonnye, o se ka wa itlhokomolosa go mmoela go ya go tlhagolela kgatlhego eo. Go ka nna ga felela o simolotse thuto ya Bibela ya legae le go tsenya mongwe mo tseleng e e isang botshelong. Re kgothatsa botlhe gore ba nne le seabe ka botlalo mo tirong eno e e nayang botshelo.—1 Tim. 4:16.