LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/92 ts. 4
  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 7/92 ts. 4

Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi

1 Go setse go fetile nako e telele—gongwe go setse go fetile letsatsi le le lengwe kana a le mabedi, gongwe beke—fa esale jaaka fa o ne o buisana le mongwe yoo a neng a bontsha kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi. Go sa kgathalesege gore a motho yoo o ile a amogela dikgatiso tsa Bibela kana nnyaa, go botlhokwa gore o tlhagolele kgatlhego epe fela ka bonako ka mo go ka kgonegang ka gone.

2 Boeletsa dintlha tseo o ileng wa di kwala ka kelotlhoko morago ga loeto lwa ntlha. Morago ga moo, ka nako ya fa o paka dilo mo kgetsaneng ya gago ya go neela bosupi, tlhomamisa gore o akaretse sekaelo sa kgatiso eo o mo e tsamaiseditseng e le gore o ke o lebise go yone fa o boela.

Fa e le gore o ne o tsamaisitse boroutšhara ya “Bōnañ,” o ka nna wa re:

◼ “Ke itumelela go bo ke go bone gape. Nako e e fetileng fa re ne re buisana, ke ne ka go bontsha setshwantsho se se kafa ntle mo boroutšhareng eno, mme re ile ra bala lekwalo lengwe mo Bibeleng le le tshegetsang ntlha ya gore Modimo o tla tlamela mongwe le mongwe ka matlo le ka mmereko a dirisa Bogosi jwa gagwe. Mme gape Modimo o solofeditse go fedisa bolwetsi, botsofe, le eleng le loso. A o go fitlhela go le boima go dumela seo? [Letla mong wa ntlo gore a arabe.] Tlhokomela ntlha eno e e mo serapeng 4 sa boroutšhara eo ke ileng ka go e tlogelela.” Bala serapa seo, mme o tlhatlhobe lekwalo le le lengwe kana a le mabedi ao a tlhagang kwa tlase mo tsebeng eo. Thuto ya Bibela e setse e simolotswe!

3 Go betlela loeto lwa mo isagweng tsela, o ka nna wa konela motlotlo oo ka go bolela jaana:

◼ “Gone ke boammaaruri gore sengwe le sengwe seo re ileng ra tlotla ka sone se mo Bibeleng, mme lefa go ntse jalo batho ba le bantsi ba ipotsa gore a tota ba ka dumela seo Bibela e se bolelang. Mo nakong e e tlang fa ke boa, ke tla rata go ipha metsotso e sekae ke tlotla le wena ka setlhogo seno.” Fa o boela go tla go tlhagolela kgatlhego, tsweletsa motlotlo go tswa mo setlhogwaneng se se reng “Buka Eo E Tlhalosang Paradaise,” go simolola ka serapa 5 sa boroutšhara eno.

4 Mo Ditshimong Tseo go Sa Tsamaisiweng Dikgatiso Tse Dintsi go le Kalo: Go ka nna ga buisanwa ka kakaretso ka tsela e e tshwanang fa o etetse batho ba ba ileng ba bontsha kgatlhego mme lefa go ntse jalo ba sa amogela dikgatiso dipe. O ka nna wa umaka boroutšhara eo o ileng wa leka go mo e neela fa o ne o tlotla le ene mo nakong e e fetileng. Go ka nna ga tlhokafala gore o etele motho makgetlo a le mmalwa o dirisa Bibela mmogo le sekaelo sa gago ka namana sa boroutšhara pele ga mong wa ntlo a ka amogela boroutšhara. Fa e le gore o tsamaisitse tokololo ya July 1 kana ya July 15 ya Tora ya Tebelo, umaka ditlhogo tse di tsamaisanang le ditokololo tseo mo boroutšhareng ya “Bōnañ,” fa o boela go tla go tlhagolela kgatlhego.

5 Maeto a a molemo a go boela ao a felelang ka thuto ya Bibela mo boroutšhareng ya Puso a ka baakanyediwa ka dintlha tseo di leng mo ditsebeng 175-7 tsa buka ya Go Fetolana. Kana thuto ya Bibela e ka nna ya simololwa ka go botsa potso eno: “A o ne o itse gore go na le ditsholofelo di le pedi mo Bibeleng? E nngwe ya tsone ke go tshelela ruri mo lefatsheng. Boroutšhara eno e tlhalosa kafa seo se tla kgonegang ka gone.” Morago ga moo o bo o bula tsebe 15 ya boroutšhara eo, o bo o bala dikwalo di le tharo tseo di tlhagang moo.

6 Fa e le gore o ile wa tsamaisa dimakasine di le pedi, buka, kana boroutšhara kana e le gore fela lo ile lwa tlotla monate ka Bibela le mongwe yo o rileng, o na le boikarabelo jwa go tlhagolela kgatlhego eo. Re lo kgothaletsa lotlhe gore lo beeleng nako e e rileng kwa thoko ka July go nna le seabe mo tirong eno e e bolokang botshelo.—1 Tim. 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela