Go Dira ka Ntlo le Ntlo ka Tsela e e Nang le Katlego
1 Gompieno “mahoko a a molemō” a rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Tiro eno e dirwa go dirisiwa segolobogolo mokgwa wa bodihedi jwa ka ntlo le ntlo.—Dit. 20:20, 21.
2 Seo re se buang le batho bao re kopanang le bone se tshwanetse sa bolela sengwe sa mmatota mo go bone. Banna, basadi, le basha ga ba kgatlhegele dilo tse di tshwanang. Ka jalo e ne e tla nna selo se se molemo gore re ipaakanyetse ditlhogo tse di farologaneng tsa Dikwalo tseo go ka diragalang thata gore di ikuele mo bathong bao ba leng mo tshimong ya rona.
3 Dirisang dikgatiso Thata: Fa re tlwaelane ka botlalo le seo se leng mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe seo se tla re kgonisa gore re buisane le batho ka katlego ka ditlhogo tsa methalethale. Ditshwantsho, tsa dilo tseo di bonwang ka matlho le tseo re di buang ka molomo fela, di thusa thata. O ka nna wa gapa kgatlhego ya mosha ka tiragalo e e kgatlhisang eo eleng mo kgaolong 44, “Go Didimatsa Setsuatsue Se Se Tshosang.” Motho yo o tshwerweng ke bolwetsi bongwe kana yo o nang le bogole bongwe eleruri o tla gomodiwa ke kgaolo 57, “Go Utlwela Ba Ba Patikegileng Botlhoko.” Kgaolo 90, “Tsholofelo ya Tsogo,” e tshwanetse ya ikuela mo mothong ope fela yo o kileng a hutsafala ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yoo a mo ratang. Motlotlo oo o leng malebana le maemo a a utlwisang botlhoko a a mo lefatsheng o ka gogela kwa kgaolong 111, “Sesupo sa Metlha ya Bofelo.”
4 Re tshwanetse ra bontsha kgatlhego ya mmatota mo bathong gore re ke re nne le katlego mo bodiheding. (Bafil. 2:4) Leka go dira gore motlotlo o ikgarele mo setlhogong sa Bogosi seo se akaretsang motho mmogo le dilo tseo a di tlhokang. Leka go tlhaloganya motho yoo ka go mo fata ka dipotso tse di sa potapoteng. Mo reetse ka kelotlhoko fa a araba. Dikakgelo tsa gagwe di ka nna tsa go thusa gore o lemoge gore ke setlhogo sefe seo se ka mo kgatlhang. Re batla go thusa batho gore ba bone kafa molaetsa wa Bogosi o leng botlhokwa ka gone le go ba bontsha kafa ba ka ithutang ka jone ka mo go oketsegileng ka gone. Banyalani bangwe ba ne ba tlhalosa gore ba ile ba dumela go ithuta Bibela ka gonne mokaulengwe yoo a neng a ba etetse a ne a bontsha fa a ne a ba kgatlhegela eletota.
5 Mo Tshimong Eo E Berekiwang Kgapetsakgapetsa: Go tlhagolela go nna le katlego go botlhokwa segolobogolo mo tshimong eo e berekiwang kgapetsakgapetsa. Go nna le katlego ka mo go oketsegileng go re thusa gore re atolose tshimo ya rona. (wTN88 7/15 dits. 15-20) Mo boemong jwa gore re itire jaaka ekete ga re ise re ko re tsamaye re etele kwa legaeng leo pele, re ka nna ra amogela tsela eo mong wa ntlo a neng a ikutlwa ka yone mo nakong e e fetileng mme re e dirisetse gore rona ka borona re bone molemo. Re ka nna ra bua sengwe ka loeto lwa rona lwa mo nakong e e fetileng mme morago ga moo re bo re tsweletsa motlotlo pele ka seo se ileng sa bolelwa ka nako eo. Mekgwa ya go buisana le batho eo e ileng ya akantshiwa mo ditokololong tsa nako e e fetileng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi le mo bukeng ya Go Fetolana di ka dirwa gore di tsamaisane le dilo tseo di tlhokwang mo tshimong eo.
6 Jehofa o budile mojako ka bopelotelele gore batho ba ba oketsegileng ba ke ba bone molemo mo ditshegofatsong tsa Bogosi. Bodihedi jwa ga Jesu bo ne bo na le katlego ka gonne a ne a rata batho. (Mar. 6:34) A re dira bojotlhe jwa rona go latela sekao sa gagwe? (1 Pet. 2:21) A re sekeng ra boela morago mo go nneng le seabe ka botlalo le ka tsela e e nang le katlego mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo.—2 Tim. 4:5.