Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dimakasine mo Tshimong eo e Dirwang Gangwe le Gape
1 Mo go Ditihō 8:25 re bala gore Petere le Johane ba ne ba neela bosupi jo bo feletseng mo Samaria mme ba bolela “Mahoko a a Molemō mo metsaneñ e le mentsi.” Gompieno, le rona re tshwanetse ra dira ka tlhoafalo fa re dira tshimo eo e abetsweng tshimo ya rona gore go tle go neelwe bosupi jo bo feletseng.
2 Ereka baboledi ba ntse ba gola ka bofefo, diphuthego di le dintsi jaanong di wetsa ditshimo tsa tsone gangwe le gape. Lemororo maikutlo a rona kwa tshimologong e ka nna a a seng mantle fa re dira tshimo e e wediwang gangwe le gape, ga go a tshwanela ga nna jalo. Mo tokololong nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le ya Tsogang!, ka metlha go na le ditlhogo tse dints̆ha le tse di kgatlhisang tseo re ka tlotlang ka tsone le batho ba ba mo tshimong ya rona. Gape, ereka re dira tshimo ya rona gangwe le gape, re na le tshono ya go dirisa nako e e oketsegileng mo ntlong nngwe le nngwe.
TLOTLA LE BATHO
3 Go ntse go buiwa ka bokhutshwane thata fa go neelwa makasine e le gore re kgone go dira tshimo ya rona yotlhe mme re tsamaisetse batho botlhe dimakasine. Lefa go ntse jalo, baboledi bao ba dirang ditshimo tse di wediwang gangwe le gape ba dira sentle thata fa ba dirisa nako e e oketsegileng ba tlotla le beng ba matlo. Tota le eleng le bana ba bannye ba ka tlotla ka mo go oketsegileng ka seo se ba kgatlhileng mo setlhogong. Seno se ka dirwa jang? Go botlhokwa gore re tlwaelane le ditlhogo tse di leng mo dimakasineng. Seno se tlhoka nako le go se akanyetsa go sale gale. Fa o bala dimakasine, leka go bona seo se ka nnang sa ikuela mo bathong ba ba mo tshimong ya lona. Morago ga moo, pele o ya kwa tshimong, lebelela dimakasine o bo o tlhopha ditlhogo tse o ka di bontshang. Bona gore ke ditlhogo dife tseo o ka di bontshang fa o kopana le maemo a a farologaneng mo ntlong. Dirisa nngwe ya ditlhogo tse di molemo mo makasineng jaaka ntlha eo o batlang gore e tlhokomelwe mo ketapeleng ya gago. Dira gore mong wa ntlo a ntshe dikgopolo tsa gagwe ka tsela ya go tlotla ka botsalano.
GAKOLOGELWA BOIKAELELO JWA RONA
4 Boikaelelo jwa rona fa re tsamaya ka ntlo le ntlo ga se go bona gore re ka tsamaisa dimakasine di le kae kana dibuka di le kae. Re eletsa go thusa ba bangwe gore ba nne le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri. Petere le Johane ba ne ba bolelela Basamaria lefoko la ga Jehofa ka botlalo, mme le rona ka mo go tshwanang re batla go dirisa nako eo e tlhokegang go bona gore batho ba ba mo tshimong ya rona ba newa tshono ya go tsaya kgato ka boammaaruri.
5 Fa re dirisa dimakasine ka tsela e e molemo jaaka selo seo re tlotlang ka sone, re ka kgona go fitlhelela boikaelelo jono. Re tshwanetse ra ithapelela le go rapelela ba bangwe gore re newe “puō ea go utlwatsa bosaitsiweñ yoa Mahoko a a Molemō ka botlhōka poihō.”—Baef. 6:18-20.