Go Simolola Dithuto ka go Dirisa Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo
1 Jesu o ne a bolela jaana: “Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mar. 13:10) Seno se ne se bolela gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla rakana le batho ba dipuo di le dintsi, ditlwaelo, le ditumelo, tse di farologaneng. Gape se ne se bolela gore barutwa ba gagwe ba segompieno ebong Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tla nna le dikabelo tsa go ruta mefuta yotlhe ya batho.
2 Buka ya rona e nts̆ha e e reng Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo kwantle ga pelaelo e tla thusa batho ba bantsi ba ba oketsegileng ba ba dipelo di ikanyegang gore ba bone Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa, mme ba amogele tsela ya gagwe ya boammaaruri. (Yoh. 4:21-24) Re ka simolola jang dithuto tsa Bibela re dirisa buka eno?
KAFA GO KA SIMOLOLWANG THUTO KA GONE
3 Motheo wa thuto ya Bibela o ka nna wa bo o thailwe mo loetong lwa ntlha fa o ne o utlwa ka bodumedi jo motho yoo a leng mo go jone. Mo loetong loo lwa ntlha, gongwe o ne wa bontsha mong wa ntlo kgaolo nngwe kana serapa sengwe. Morago ga foo, kana mo loetong lo lo latelang, yone ntlha eo e ka nna ya dirisiwa jaaka ntlha eo o simololang ka yone kganetsano o o gogelang kwa thutong. Ka go dirisa dipotso tse di leng kwa tlase ga tsebe, o na le motheo wa go mo tlhotlheletsa gore a akanye le gore a tlotle. Gone ke boammaaruri gore, ga se gore re kgatlhegela go tsosa motlotlo mme, go na le moo, gore dintlha tseno di sekasekiwe ka tsela e e utlwalang. Go sa kgathalesege gore a re simolola buka kwa tshimologong kana kgaolo nngwe e sele, boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna gore kgabagare re ise motho yono kwa dikgaolong 10, 15, le 16. Ka ntlha yang?
4 Ga go na tsela epe e Modimo wa boammaaruri a ka batliwang ka yone fa e se ka Keresete. Jesu o ne a bolela jaana, “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō; ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” (Yoh. 14:6) Kgaolo 10 e araba potso eno ka tsela e e utlwalang sentle, “A Jesu E Ne E le Ene Tsela ya go Amana le Modimo?” E tlhalosa dilo tse di re tlhomamisetsang ka Jesu, kafa re itseng ka gone gore e ne e se motho wa tlhamane fela, kafa a neng a bolelelwa pele ka gone ke boperofeti, lebaka la go bo barutwa ba gagwe ba pele ba ne ba dumela gore a ka ba isa kwa Modimong, le kafa re itseng ka gone gore o ne a amogelwa ke Modimo. (Yoh. 6:44, 65) Kgaolo 15 le 16 e bua ka “Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri” le “Modimo wa Boammaaruri le Isagwe ya Gago.”
TLHOKOMELA DILO TSEO BATHO BA DI TLHOKANG
5 Morago ga dithuto di le mmalwa re ka nna ra bona go le botlhale gore re fetele kwa bukeng ya konokono ya Bibela, e e tshwanang le buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ereka buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo e diretswe go gogela batho ba mefutafuta kwa Modimong wa boammaruri, ga se kgaolo nngwe le nngwe eo e tla ikuelang mo mothong mongwe le mongwe. Re tshwanetse ra itse kafa re ka fetolang tsela e re buang ka yone le kafa re ka rulaganyang thuto ka gone gore re kgone go fitlhelela dilo tse motho mongwe le mongwe a di tlhokang.—1 Bakor. 9:19-22.
6 Ka sekai, re ka nna ra bo re tsamaiseditse motho yo o bolelang gore ke Mokeresete buka eno. Jaanong potso eo e tla arajwang fa go boelwa kwa go ene e ka nna ya nna, “Ke ka ntlha yang fa go na le ditumelo tse dintsi jaana tse di bolelang gore ke tsa Bokeresete?” Ka gone, kgaolo 11 e e buang ka botenegi le kgaolo 13 e e buang ka Diphetogo e ka nna ya nna yone eo o ka simololang thuto ka yone. Jaaka fa motho yono a lemoga gore Labokeresete e simologile jang, re tla mo thusa gore a akanye ka seo Bibela e se rutang a se tshwantsha le dithuto tsa botenegi tsa Labokeresete. Re solofela gore boammaaruri bo tla golola mogopolo wa motho yono gore a kgone go nna le kamano le Jehofa Modimo. (Yoh. 8:31, 32) Morago ga foo thuto e ka nna ya tsweledisiwa mo dikgaolong tsa 15 le 16 kana mo bukeng ya Tshelela Ruri.
GO FITLHELELA BATHO BA DITUMELO TSE ESENG TSA BOKERESETE
7 Fa re ithuta le batho ba ditumelo tse dingwe re tshwanetse ra bontsha lorato lwa Bokeresete le go dirisa botlhale. Paulo o ne a gatelela seno fa a ne a kwala jaana: “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tlè lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” (Bakol. 4:6) Mo Bahindung re ka nna ra leka go simolola thuto mo go tsebe 372 kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Lefatshe Je Lesha Je le Solofeditsweng.” Morago ga foo o bo o tswelela mo go kgaolo 5 malebana le Bohindu. Selo sa konokono se se dirang gore motho a atlege ke fa a itse dilo tse motho yoo a di tlhokang.—Bapisa Ditihō 17:22, 23.
8 Go tlhokega gore o nne botlhale segolobogolo fa o buisana le Bamoselema. Kwantle ga pelaelo ba tla kgatlhiwa ke kgaolo 12 e e bolelang ka Boiselamo. Jaaka fa setlhogo seo se tlotliwa, ditemana tsa Bibela tseo di bapisiwang le tse di farologanngwang di tlhagisiwa mo dipotsong, segolobogolo go tloga ka serapa 23 go ya kwa pele. Re dira boikuelo mo bathong gore ba akanye ereka Bibela e kgothatsa jaana: “Ntloñ yana, a re ganetsanyeñ mmōgō, go bua Yehofa.”—Isa 1:18; 1 Pet. 3:15.
9 Lekang go thusa batho ba ditumelo tse di farologaneng gore ba batle Modimo wa boammaaruri. Gakologelwang gore lemororo re jala ebile re nosetsa, kwa bokhutlong, ke Modimo ‘yo o godisang peo ya bommaaruri’ fa mmu o siame.—1 Bakor. 3:6, 7; Math. 13:18-23.