Go Boela ka Mokgele wa go Simolola Thuto ya Bibela
1 Morago ga fa re sena go bona motho mongwe yo o kgatlhegang mo lekgetlong la ntlha, go tlhokega gore re dire dilo ka botlalo gore re dire gore a nne a ntse a kgatlhega jalo. Go dira maeto a go boela go ka felela ka tlhamalalo ka gore re nne le metlotlo e e theilweng mo Bibeleng e e bolokang botshelo ebile gape go ka felela ka dithuto tsa Bibela. Akanya ka dikakantsho tseno e le gore o ke o dire maeto a go boela a a nang le katlego.
Kwa bokhutlong jwa loeto lwa ntlha, o ka nna wa thaela loeto lwa go boela motheo ka go botsa jaana:
◼ “A ga o ise o ke o tsamaye o ipotse gore ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a le mantsi jaana?” E ka nna ya re fa o boela teng o bo o re: “Mo nakong e e fetileng fa ke ne ke le fano, ke ne ka botsa potso malebana le gore ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a le mantsi jaana. Go na le mabaka a le mantsi a go bo go ntse jalo. Ke tla rata go bala sengwe fano se se kgatlhisang seo ke ileng ka se bona fa ke ne ke tlhatlhoba potso eno.” Bula tsebe 72 ya buka ya Go Fetolana mme o bale karolo eo eleng kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Ke goreng go na le ditumelo tse dintsi go le kana?”
2 A Modimo o teng mo madumeding otlhe? Gore Modimo o nne teng mo bodumeding, bo tshwanetse jwa bo bo tlhagisa maungo a a tshwanetseng.
O ka nna wa simolola loeto lwa go boela ka go botsa jaana:
◼ “Bodumedi bo tshwanetse jwa ama jang tsela eo motho a itshwarang ka yone? Seo Jesu Keresete a se boletseng mo go Mathaio 7:17-20 se re naya dintlha tseo go lebeletsweng gore bodumedi jwa boammaaruri bo di latele.” Bala lekwalo leo ka tlhamalalo go tswa kwa tlase mo serapeng 19 mo tsebeng 12 ya buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo. Mme morago ga moo o bo o botsa mong wa ntlo gore o bona eng mo setshwantshong se se mo tsebeng 13. “Le mororo batho ba le dimilionemilione ba iphaka gore ba dumela mo Modimong, ba le bantsi ba mo itatola ka ditiro tsa bone.” Morago ga moo, o bo o bala diele di le pedi tsa ntlha tseo di leng mo serapeng 20. “Ditiro tseno tsa bothubaki di bontsha madumedi ao a sa lateleng kaelo eo e neetsweng ke Keresete ya gore re ratane, le eleng le baba ba rona. Fa ke boa ke go etela gape, gongwe re ka nna ra tlotla ka seo bodumedi bo tshwanetseng jwa bo bo se dira fa e le gore bo tlhagisa maungo a a molemo.”
3 Ke eng seo se tlileng go diragalela bao ba senkang Modimo wa boammaaruri? Fa lo tlotla ka potso eno ka tlhamalalo go tswa mo bukeng ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo seo se ka felela ka thuto ya Bibela.
O ka nna wa simolola motlotlo ka go bolela jaana:
◼ “Ereka maemo a tsa itsholelo a ntse jaaka fa a ntse gone jaanong, batho ba le bantsi ba ipotsa gore a tota ba ka nna le tsholofelo ka isagwe. Ke ile ka fitlhela Bibela e kgothatsa thata fa e bua kaga isagwe. Tlaa ke tlotle le wena ka seo Modimo o se solofetsang mo go Isaia 65:21, 22, 25. [Bala lekwalo leo o bo o akgele malebana le lone ka bokhutshwane.] Buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo e araba dipotso dingwe tse di kgatlhisang tseo di leng malebana le seno, go simolola mo serapeng 17 mo tsebeng 372.” Morago ga moo o bo o mmontsha thulaganyo eo re e dirisang go ithuta Bibela, o dirisa dirapa 17-20. “Mo bekeng e e tlang ke tla rata go tlotla le wena ka potso e e reng, motheo wa lefatshe le lesha le le solofediwang mo Bibeleng ke ofe?”
4 Dirisa nako e e setseng ka botlhale ka go nna le seabe mo go neeleng bosupi ka botlalo joo jaanong bo neelwang mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng. (Bapisa Ditihō 20:21.) Go dira maeto a go boela ka mokgele wa go simolola thuto ya Bibela go ka bolela botshelo jo bo sa khutleng mo go bao re ba rerelang.