Tsela ya go Itsise Ba Bangwe Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo
1 Batho ba le bantsi gompieno ba ikutlwa gore go tlhopha bodumedi joo motho a bo batlang ke kgang ya motho ka namana. Ka gone, e ka nna selo se se gwetlhang go buisana le baagelani ba rona ka kgang eno. Mme lefa go ntse jalo jaanong re na le buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, eo e ileng ya itshupa e le thuso e e botlhokwatlhokwa mo go rereleng batho ba madumedi a a farologaneng.
2 Ke eng seo o tlileng go se dira go tsosa kgatlhego ya mong wa ntlo gore a bale buka eno? Ke dintlha dife kana dikarolo dife tsa yone tseo o tla di dirisang tseo di tla ikuelang mo bathong bao ba iphakang gore ke Bakeresete? mo go bao dilo tseo ba di dumelang eseng tsa Bokeresete? kana mo go bao ba senang tumelo? Dikakantsho tse di latelang di tla re thusa gore re ipaakanyetse go bontsha baagelani ba rona kafa go tlhokegang ka gone gore ba ‘batle Jehofa’ le gore ba ‘mmitse a santse a le gaufi.’ (Isa. 55:6) Dikakantsho tseno di ka nna tsa fetolwa gore di tsamaisane le maemo a lefelo la lona.
3 Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tlhatlhoba Seo Re Tshwanetseng Ra Se Bolela?: Ereka ba le bantsi ba bolela gore ba kgotsofetse ka bodumedi jwa bone le gore ga ba rate go bo fetola, re ka nna ra tshwanelwa ke gore re baakanyetse ketapele ya rona ka tsela eo eleng gore re tla thusa mong wa ntlo gore a tlhatlhobe seo re se bolelang, a dira jalo ka mogopolo o o bulegileng.
4 E ka nna ya re morago ga fa o sena go dumedisa kafa go tshwanetseng ka teng, o bo o re:
◼ “Fa re ntse re buisana le baagelani ba rona, re fitlhela gore batho ba le bantsi ba kgotsofetse ka bodumedi joo ba leng mo go jone mme ebile ga ba batle go bo fetola. Mme lefa go ntse jalo fa batho ba ne ba ka ipha sebaka sa go tlhatlhoba dilo tseo di dumelwang ke ba bangwe, a o akanya gore seno se ne se tla felela ka gore ba tlhaloganye dilo botoka le gore go se ka ga nna le letlhoo le le kalokalo mo lefatsheng? [Naya mong wa ntlo sebaka sa gore a arabe.] Bona gore Bibela e a reng ka bao ba ratang Modimo le kafa ba tshwanetseng ba ikutlwa ka teng ka ba bangwe.” Fa o sena go bala Ditihō 17:26, 27, mo tlhokomedise dirapa 15 le 16 mo tsebeng 10 ya buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo.
5 Batho ba le bantsi ba lemogile gore fa o bula kgaolo mo bukeng eno eo e tlotlang ka bodumedi joo mong wa ntlo a leng mo go jone seo se tla gapa tlhokomelo ya gagwe. Tlhokomela kafa seno se ka dirwang ka gone.
6 E ka nna ya re morago ga fa o sena go ikitsise gore o mang, o bo o re:
◼ “Ereka go na le madumedi a le mantsintsi jaana gompieno, a o kile wa tsamaya wa ipotsa gore re ka tlhomamisa jang gore a bodumedi joo re leng mo go jone bo amogelwa ke Modimo?” Morago ga fa mong wa ntlo a sena go akgela, mo tlhokomedise letlole leo le leng mo tsebeng 377 mo bukeng ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, eo e bontshang ditsela di le lesome tseo bodumedi jwa boammaaruri bo ka lemogiwang ka tsone, lo tlhokomela segolobogolo ntlha ya bo 7. Botsa mong wa ntlo gore a o a dumalana gore motho yoo a leng mo bodumeding jwa boammaaruri o tshwanetse a ikutlwa ka tsela eo ka batho ba ditso tse dingwe mmogo le ba merafe e mengwe. Fa nako e letla, leba dikwalo di le tharo tseo di tsopotsweng foo. Mme morago ga moo o bo o konela ka go bolela gore mabaka a mangwe a a robonngwe ao a neetsweng foo le one a tshegediwa ke Dikwalo ka tsela e e tshwanang.
7 Dikarolo Tse Dingwe Tse Di Mosola: Index e e seng kana ka sepe ya ditlhogo e e kafa morago ga buka eno le yone e ka nna ya dirisiwa. Ka sekai, go tweng fa e le gore batho ba le bantsi ba ba mo tshimong ya lona ba ikutlwa gore madumedi otlhe ke ditsela fela tse di farologaneng tse di isang kwa Modimong? He leba kafa tlase ga setlhogo se se reng “Bodumedi” koo go nang le setlhogwana sengwe gone se se reng “‘ditumelo tsotlhe di a lekana’: 12.” Seno se bontsha kafa index e ka re thusang ka gone gore re bone dintlha tseo re ka di buelelang. Fa re buisana le bao ba sa dumeleng mo Modimong, re ka nna ra ba bontsha dirapa 1 le 2 mo tsebeng 329, tseo di arabang potso ya go tlhoka tumelo ga mo metlheng eno. “Dipotso Tseo Di Tlhokang go Arabiwa” tse tlhano tse di mo ditsebeng 17-18 di ka kgatlha segolobogolo bao ba belaelang gore a tota Bibela e ruta seo madumedi a le mantsi a rerang ka sone.
8 Fa re dirisa mekgwa e le mentsi e e nang le katlego go itsise ba bangwe buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, re ka nna ra kgona go thusa batho bao re buisanang le bone gore ba tseye matsapa a go batla Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa.