Go Bula Tsela—Ke go Bontsha Lorato
1 Go rata Jehofa mmogo le bankarona ke gone go re tlhotlheletsang gore re nne le seabe ka botlalo ka mo go oketsegileng mo tirong ya go rera. Fa lorato loo re nang le lone mo go Jehofa mmogo le mo bathong lo ntse lo oketsega jaana, seo se re tlhotlheletsa gore re nne le seabe se segolwane le go feta mo bodiheding. Lorato lwa rona lo a oketsega fa “kitso ya boammaaruri” ka Lefoko la Modimo e ntse e gola. (Bafil. 1:9, 10) Fa re ntse re ithuta go ya pele malebana le thato ya ga Jehofa, seo se dira gore re lemoge kafa metlha eo re tshelang mo go yone eno e potlakileng ka gone. Seno se dira gore tsela eo re amegileng ka ba bangwe ka yone e gole. Ba le bantsi ba bontsha tsela ya lorato eo ba amegileng ka yone ka go tsenela tirelo ya bobulatsela.
2 A o ka dira diphetogo tseo di tlhokegang gore o nne mmulatsela yo o thusang kana wa ka metlha? Gone ke boammaaruri, ga se rotlhe bao re kgonang go nna babulatsela. Mme lefa go ntse jalo mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a tlhatlhoba maemo a gagwe ka tlhoafalo.
3 Ke Bakeresete ba sekae fela bao ba fitlhelang gore ba na le nako e ntsi ya go bula tsela; ka gone, go botlhokwa gore re ‘swele lobaka molemo’ go tswa mo dilong tseo eseng tsa botlhokwa tseo gone jaanong di batlang nako ya rona. (Baef. 5:15-17) Lorato loo re ratang Modimo mmogo le batho ka lone lo tshwanetse lwa re dira gore re ithontshe dingwe tsa dilo tseo re di eletsang ka namana mmogo le dilo tse dingwe tsa manobonobo e le gore re ke re bontshe lorato lwa rona ka botlalo. (Mar. 12:33) Bontsi jwa dilo tseo re di bapalang, mme gongwe ebile re tsaya gore ke dilo tse di tlwaelegileng fela, di ka nna tsa tswa di lejwa jaaka tsa monobonobo mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.
4 Ke eng seo batsadi ba ka se dirang go thusa bana ba bone gore ba akanye ka tsela eno e e bontshang gore ba rata Modimo? Batsadi ba tshwanetse ba tlhomela bana ba bone mekgele ya bolegodimo ba santse ba le babotlana. A bao ba fetsang lekwalo la bone la bofelo kwa sekolong ba akanya ka mekgele ya lefatshe kana ka ya semoya? A ba ne ba se kake ba dira gore e nne mokgele wa bone gore ba simolole tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka bonako fela fa ba sena go fetsa sekolo? Re rata go thusa basha ba rona gore ba bone melemo e e nnelang ruri eo e nnang teng fa o tsenela tirelo ya bobulatsela o sale mosha. Seno ke go iphuthela matlotlo kwa legodimong. (Math. 6:19-21) Seo se kgatlhisa Modimo ebile se neela bosupi jwa gore re ikanyega mo go ene ebile re ineetse mo go ene. Mme se boloka matshelo a ba bangwe.
5 Thato ya Modimo ke gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè.” (1 Tim. 2:4) A re ka bontsha gore seno le rona ke thato ya rona? Re ka dira jalo fa re baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele. Gape re ka dira seno ka go nna le tsholofelo ya gore Jehofa o tla re tlamela ka dilo tseo re di tlhokang mo botshelong. (Math. 6:31-33) Maemo a tsa itsholelo a ka nna a nnela maswe go ya pele, mme lefa go ntse jalo tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla re tlhokomela ga e kake ya fetoga le ka motlha ope.—Pes. 37:25.
6 Fa re leka ka natla go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone ke go bontsha lorato. Mo go ba bangwe seno se tla bolela go nna mmulatsela wa ka metlha. Ke ka ntlha yang fa o sa dire bojotlhe jwa gago gore o simolole ka September 1, 1992?