A o Ka Kgona go Direla Jehofa Jaaka Mmulatsela?
1 Kwa Kopanong nngwe ya Kgaolo e e neng e tshwerwe bosheng jaana ya “Batshodi ba Lesedi”, sebui sengwe se ne sa botsa jaana: “A o ka kgona go bula tsela? A o tla bula tsela?” O ile a lemotsha gore dipotso tseno di a tshwanela ka gonne Haramagedona e le gaufi fela thata, mme seno se dira gore tiro ya go rera e potlake go feta le e leng pele.—1 Bakor. 7:29a.
2 Ga go na pelaelo ya gore bobulatsela ke tiro e e thata. E tlhoka gore motho a itime dilo dingwe tse di rileng le go nna le thulaganyo e e molemo. Lefa go le jalo, tiro ya rona mo bodiheding jono ga e “ketla e nna lehèla.” (1 Bakor. 15:58) A re ka bua se se tshwanang ka ditiro tse dingwe tseo re ka nnang ra tlhopha go di latela e le tseo di re senyetsang nako le maatla? Go rata Jehofa ke gone go rotloetsang Bakeresetse gore ba nne tlhaga mo tirelong ya gagwe, mme go nna tlhaga ka ntlha ya tirelo ya ga Jehofa go ile ga gogela batho ba le bantsi mo tirong ya bobulatsela.—1 Yoh. 5:3; Tshen. 4:11.
3 Batlhanka ba basha ba le bantsi ba ga Jehofa bao ba sa tswang go fetsa sekolo se segolwane ba akanya ka go bula tsela fela thata. Seo ruri ke sengwe se se tshwanetseng. Ke tiro efe e nngwe e e ka nnang botlhokwa go feta bodihedi jwa nako e e tletseng? (Math. 6:33) Mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a tshwanetse go rerwa; seno ke tiro ya ga Jehofa, mme abo e le tshiamelo jang ne go tsenelela mo go yone go tswa bosheng jwa gago go ya pele!—Math. 24:14.
4 A lona batsadi lo kgothaletsa bana ba lona go tsaya tirelo ya nako e e tletseng? A bana ba lona ba tlhaloganya sentle gore lo batla ba dira ka pelo yotlhe, moya otlhe, le tlhaloganyo yotlhe, le ka maatla otlhe mo tirong eno e e botlhokwa? (Mareko 12:30) Baboledi ba basha ba le bantsi ba ipaakanyetsa tiro ya bobulatsela jwa ka metlha ka go direla jaaka babulatsela ba ba thusang fa ba bona sebaka ka nako ya fa ba sa ntse ba tsena sekolo. Eleruri boineelo jo bo ntseng jalo go Jehofa bo itumedisa pelo ya gagwe!—Dia. 27:11.
5 Ke boammaaruri gore, ga se mongwe le mongwe yo o nang le maemo a a ka mo letlang go tsaya tirelo ya bobulatsela. Lefa go ntse jalo, o ka tswa o nyetse kana o sena molekane wa lenyalo, o le mosha kana o godile, a o kile wa akanyetsa go direla Jehofa jaaka modihedi wa mmulatsela wa mafoko a a molemo ka masisi le ka thapelo? (Bakol. 3:23) Banyalani ba le bantsi ba basha ba oketsa bodihedi jwa bone e le gore yo mongwe wa bone kana ka bobedi jwa bone ba kgone go bula tsela.
6 Fa e le gore ga o kgone go ka tsaya bobulatsela jwa ka metlha gone jaanong, a o ka direla jaaka mmulatsela yo o thusang? Go bonala baboledi ba le bantsi mo phuthegong ya gaeno ba ntse ba rulaganya go dira seo ka April. A o ka nna mongwe wa bone? Le mororo batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba amogela masego a le mantsi, masego a a oketsegileng a emetse bao ba kgonang go senya nako e e oketsegileng mo tirelong ya Bogosi ba batla batho ba sekadinku.—Dit. 20:35.