Dipokano Tsa Tirelo ka January
Beke E E Simololang ka January 4
Pina 23
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi tse di tshwanetseng.
20 mets: “Rera ka Tsela ya Modimo E E Isang Kagisong le Polokesegong.” Setlhogo se se tlotliwang ka dipotso le dikarabo. Kgothaletsa baboledi gore ba dirise mpho ya buka e e akantshitsweng mo tirelong ya tshimo. Fa lo sena go tlotla ka serapa sa 7, dira gore mmoledi yo o ipaakanyeditseng sentle a bontshe kafa thuto ya Bibela e ka nnang ya simololwa ka gone mo loetong lwa ntlha kana fa a dira loeto lwa go boela, a dirisa pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha Le Le Nang le Kagiso. Mmoledi: “Dumela. Re buisana le batho gompieno ka boleng jwa botshelo. A se o se bonang se diragalela matshelo a batho gompieno se a go kgotsofatsa?” Mong wa ntlo: “Nnyaa.” Mmoledi: “A o akanya gore seemo seno se ka tokafala?” Mong wa ntlo: “Ga ke itse.” Mmoledi o mo neela pampitshana a bo a re: “Ba bangwe ba akanya gore seo se diragalang se diragatsa boperofeti jwa Bibela le gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi. Wena o akanyang ka seo?” Mong wa ntlo: “Ga ke itse. Ke fopholetsa gore go ka tswa go le jalo.” Morago ga moo mmoledi o mmontsha mo pampitshaneng a bo a mo tlhalosetsa gore bokhutlo jwa lefatshe ga bo reye go nyelediwa ga magodimo a mmatota le lefatshe. Mmoledi o rulaganyetsa go mo etela gape go tla go sekaseka bosupi jwa Bibela jwa gore bokhutlo jwa tsamaiso ya gompieno bo gaufi.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona, kana puo e e nang le setlhogo se se reng Nna le Pono E E Lekalekaneng ya go Itlosa Bodutu, e e theilweng go Tsogang! ya November 8, 1992, ditsebe 3-10.
Pina 139 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 11
Pina 162
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola bakaulengwe ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa mafelobeke a a tlang.
20 mets: Romela Bana Ba Gago kwa Sekolong Ba Akantse ka Modimo mo Dipelong tsa Bone. Puo ka mogolwane. Re tshela mo lefatsheng le le ikemiseditseng go leka go re gatelela go ya kafa le ntseng ka gone. Mme seno se ntse jalo segolobogolo ka basha ba rona. Batsadi ba tlhoka gore ba amege ka dilo tse ba di tlhokang le ka mathata a bone. (Dia. 20:5) Ba otlelele melao le lorato la Modimo mmogo le lorato la batsadi mo baneng ba bone. Pontsho: Lelapa le tlotla kafa le ka dirisang boroutšhara ya Sekolo ka gone. Ngwana yo mongwe ke gone a tsenang sekolo, fa ba bangwe ba babedi bone ba sale ka ba le mo sekolong dingwaga di le mmalwanyana. Tlhopha ntlha e e tla tshwanelang maemo a mongwe le mongwe wa bone. Dira gore bana ba itlhalose ka mafoko a bone ba tlhalosetsa motsadi yo ene a dirang karolo ya go nna morutabana. Tlhomamisa gore bana ba tlhaloganya melaometheo e e akarediwang moo. Mogolwane o gakolola batsadi gore bana ba bone ba tshwanelwa ke go gololwa mo dithutong tsa bodumedi le mekete ya bodumedi e e dirwang letsatsi le letsatsi (e e akaretsang go balwa ga karolo nngwe e e tswang mo Bibeleng le go rapela). Rre kana mme o tshwanetse a tsamaya mmogo le ngwana (bana) go ya go bona mogokgo, a tshotse lekwalo le le kopang gore a gololwe mo dilong tseo. Mo dikolong tse dingwe barutabana ba ile ba akanya gore go nne le kamore ya borutelo e e kwa thoko e bana ba Basupi ba ka kopanang mmogo mo go yone ka dinako tsa dithuto tsa bodumedi. Tota ebile dikolo tse dingwe di ile tsa letlelela motsadi mongwe gore a lebelele bana bano ba Basupi le go ba ruta dikgang tsa Bibela. Koo go nang le paakanyetso eno, bagolwane ba tshwanetse go e tlhokomela ka kelotlhoko ba bo ba tlhomamisa gore go nne le baboledi ba ba nang le bokgoni ba ba tla e tlhokomelang. Mokaulengwe yo o tshwereng karolo eno o kgothaletsa batsadi gore ba nne le thuto ya lelapa ya Bibela a bo a otlelela botlhokwa jwa gore ba nne le kamano e e atamelaneng, le e e gaufiufi le bana ba bone.
15 mets: Go Tila Mathata a go Tshelwa Madi—Nako ya go Ntšhafatsa Dikarata tsa Rona tsa Advance Medical Directive. Mogolwane yo o tshwereng karolo eno o neela baboledi ba ba kolobeditsweng dikarata tseno tse disha mme o boeletsa lekwalo la October 15, 1992, ka kelotlhoko, leo le tlhalosang kafa dikarata tseno di leng mosola ka gone. Fa a baakanyetsa, a boelele ka botlalo lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong la January 1, 1990. Bao ba saenang jaaka basupi ba tshwanetse tota ba bona mong wa karata a e saena. Kgothaletsa botlhe gore ba tlatse dikarata tseno pele ba tswa mo Holong ya Bogosi. Baboledi ba ba kolobeditsweng ga ba tshwanela go tswa mo gae ba sa tsaya dikarata tsa bone tsa Advance Medical Directive/Release. Bana ba bannye bao ba iseng ba kolobediwe ba ba nang le motsadi wa Mosupi ba tshwanetse ba nna le Identity Card ka dinako tsotlhe. Fa go ne go dirwa ditlhotlhomiso mo pokanong ya phuthego nngwe bosheng jaana go ne ga fitlhelwa gore mmoledi a le 1 mo go ba le 5 o ne a sa tsaya karata ya gagwe, mme go ne go sena bana ba ba neng ba na le di-Identity Card tsa bone. Kwa bokhutlong, bala Diane 22:3 o bo o e tlhalosa.
Pina 151 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 18
Pina 130
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikgang tsa Bolegodimo. Bala pego ya tsa madi le kitsiso ya gore Mokgatlho o amogetse meneelo. Akgolela phuthego go bo ka boikanyego e ile ya tshegetsa phuthego ya lefelo la lona ka madi mmogo le tiro ya Mokgatlho ya lefatshe ka bophara.
20 mets: “Go Dirisa Didirisiwa tsa Botlhokwa ka Tsela E E Botlhale.” Fa modulasetilo a sena go dira ketapele e khutshwane, go tla nna le dipontsho di le pedi tse di theilweng mo kgannyeng e e tlhalositsweng mo serapeng sa 2 go ya go sa 5. Kwa bokhutlong jwa pontsho ya ntlha mong wa ntlo o ikamogelela mpho ya buka. Mmoledi o mo solofetsa gore o tla boa gape go tla go araba potso e e reng, Ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse pogo jaana? Kwa bokhutlong jwa pontsho ya bobedi, go simololwa thuto ya Bibela ya legae. Kgothaletsa botlhe gore ba tsenyeletse beng ba matlo mo motlotlong wa Dikwalo fa ba bereka mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.
15 mets: Lebaka La Go Bo Bakeresete Ba Ithiba mo Mading. Puo ka mogolwane e e theilweng go tlhaloso le ditlhogwana tse tharo tsa ntlha tse di kafa tlase ga setlhogo se se reng “Madi” mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 249-50.
Pina 177 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 25
Pina 128
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ka bofefo jo bo ka kgonegang kwa bofelong jwa kgwedi eno.
10 mets: “Tshiamelo E E Molemo ya Tirelo.” Motlotlo le bareetsi. Fa nako e letla, botsolotsa mmoledi yo o setseng a na le tselana ya dimakasine. O ile a e simolola jang? E ile ya mo thusa jang gore a tlhagolele kgatlhego kana go lemoga sentle selekanyo se mong wa ntlo a kgatlhegang ka sone? Kgothaletsa phuthego gore e nne le seabe ka botlalo mo tirong ya dimakasine, o boeletse dingwe tsa dikakantsho tse di ntshitsweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1992, tsebe 11.
15 mets: “A O Ka Kgona go Direla Jehofa Jaaka Mmulatsela?” Motlotlo le bareetsi. Botsolotsa mosha yo o leng mmulatsela wa ka metlha kana mmoledi yo o neng a bula tsela a sa ntse a le mosha. Tlhomolola kafa batsadi le ba bangwe ba ka kgothatsang basha ka gone go fitlhelela mokgele wa bone wa go bula tsela. Kopa botlhe ka botsalano gore ba sekaseke ka masisi maikarabelo a bone a go tsenelela tirelo ya nako e e tletseng. Rulaganya gone jaanong go tla go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka April.
15 mets: “Tswelela Pele O Godisa Kgatlhego ka go Dira Maeto a go Boela A A Nang le Matswela.” Puo e e khutshwafaditsweng e e tla latelwang ke pontsho ya motlotlo o o bontshitsweng mo serapeng sa 3. Fa nako e letla, dikarolo tse di rileng tsa konokono tsa puisano eno, tse di jaaka ketapele kana tsela ya go fetela kwa temaneng, di ka nna tsa boelediwa gape.
Pina 160 le thapelo e e konelang.