Tshiamelo e e Molemo ya Tirelo
1 Mmadi mongwe o ile a bolela gore o ithutile dilo tse di oketsegileng tse di botlhokwa ka go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! go feta se a neng a se ithuta fa a ne a le kwa sekolong sa yunibesithi ka dingwaga di le thataro. Ke selo se se tlwaelegileng gore babadi ba ba peloephepa jalo ba bo ba ka tlhalosa ka tsela e e kgothatsang jaana ba bontsha kanaanelo fa ba sena go bala dimakasine tseno mo nakong e khutshwanyane fela. Abo e le tshiamelo jang ne gore re abalane dimakasine tsa rona ka metlha le bao eleruri ba di bonang di le botlhokwa!
2 Batho ba le bantsi, le mororo ba kgatlhegela boammaaruri, ga ba ise ba bontshe botswelelopele jo bo ka ba dirang gore ba amogele thuto ya Bibela ya legae. Mme lefa go ntse jalo kgatlhego ya bone e ka nna ya tlhagolelwa fa mongwe a nna a ba boela ka metlha a tshotse tokololo nngwe le nngwe e ntšha ya Tora ya Tebelo le Tsogang! Ee, go isetsa batho dimakasine ka boikanyego ka tselana ya dimakasine kgabagare go ile ga ba thusa gore ba susumeletsege go amogela thuto ya Bibela ya ka metlha.
3 Ke rona re solegelwang molemo ka go dira tselana ya dimakasine fa e le gore re bala dimakasine tseno pele mme re bo re ela tlhoko dintlha tse di rileng tseo motho mongwe le mongwe yo o mo lenaneng la rona a ka di kgatlhegelang.
4 Ka dinako tse dingwe mong wa ntlo a ka nna a re neela moneelo o o fetang o o akantshitsweng. Ke ka ntlha yang o sa akantshe gore o tla mo tlela ditokololo tsa bosheng mo sebakeng sa dibeke di le pedi? O ka nna wa simolola poelo e nngwe ya tselana ya dimakasine ka seno. Mongwe le mongwe yo o kgatlhegelang dimakasine tsa rona o tshwanetse a tsenngwa mo lenaneng la gago la batho bao o ba boelang ka tselana ya dimakasine. Fa motho a bontsha kgatlhego ya mmatota fa a tsaya dimakasine, o ka nna wa mo tlhalosetsa gore go na le ditlhogo tse di tlhomologileng tse di leng gone mo dimakasineng tsa rona tse di tswang mo dibekeng dingwe le dingwe tse pedi le gore o tla itumelela go di mo tlisetsa. Tlhomamisa gore o latedisa seo ka metlha, o ntse o sola sebaka molemo ka go bua le mong wa ntlo ka ditlhogo tsa Bibela. Re a itse gore o tla itumelela tshiamelo eno e e molemo ya tirelo.