Thusa ba Bangwe Gore ba Ithute Kaga Jesu Keresete, Morwa Modimo
1 December ke kgwedi e batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba akanyang thata ka Jesu go gaisa lefa e le ka nako epe mo ngwageng. Jalo he, eno ke kgwedi e e siametseng gore go tsamaisiwe buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela. Kwantle ga pelaelo, re tla fitlhela beng ba matlo ba le bantsi ba ba tla kgatlhegelang go ithuta go le gontsi kaga Morwa Modimo. Re tla dira jang fa re tsamaisa kgatiso eno e e botlhokwa?
2 Leka go tlhamalalela fela mo motlotlong wa Bibela o o buang kaga Jesu.
Fa o sena go dumedisa mong wa ntlo, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Mo letsatsing la gompieno, re tsamaya re botsa baagisani ba rona gore ke eng se ba se akanyang fa ba bala mo Dibibeleng tsa bone kaga go tshelela ruri. [Emela karabo.] Seno ke kgang e e kgethegileng ka gore Bibela e bolela ka makgetlo a le 40 gore seno se ka diragala. Botshelo jo bo ntseng jalo bo ka re tlela ka eng? Ela tlhoko se Tshenolō 21:4 e se bolelang. [E bale.] A o ile wa tlhokomela se e se solofetsang? [Mo neye sebaka sa go araba.] Re ka bona jang botshelo jo bo sa khutleng?” Bala Yohane 17:3, go tswa foo o bo o tlhalosa kafa go tlhokegang ka teng gore motho a itse Modimo le Morwawe, Jesu Keresete. Bontsha mong wa ntlo buka ya Monna Yo Mogolo, o dirisa ditlhogwana tse di mo ketapeleng gore o tle o godise kgatlhego ya gagwe.
3 Fa e le gore mong wa ntlo ga a kgatlhegele go tsaya kgatiso eno e e molemo, mo tsamaisetse ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! kana pampitshana e e reng A Lefatshe Leno Le Tla Falola? Mmontshe ntlha e le nngwe kana di le pedi tse di maleba mo kgatisong e o e mmontshang. Mo kope gore a o ka se mmoele gape ka nako e e mo siametseng gore o tle o tsweledise puisanyo ya lona.
4 Fa mong wa ntlo a lebega a tshwaregile, go ka nna molemo fa o ka khutshwafatsa puisano e e fa godimo. Baboledi ba basha le bone ba ka nna ba fitlhela gore puisano e e latelang e ka nna motlhofo fa ba e dirisa.
Fa re sena go ikitsise, re ka nna ra bolela jaana:
◼ “Mo letsatsing la gompieno, re tsamaya re botsa baagisani ba rona gore ba akanyang fa ba bala mo Dibibeleng tsa bone kaga go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ka sekai, ela tlhoko se Jesu a neng a se bolela mo go Yohane 17:3. [E bale.] Buka eno e ile ya gatisediwa go thusa batho gore ba ithute go le gontsi kaga Jesu Keresete le kaga se a se rutileng.” Bula buka ya Monna Yo Mogolo mo dingweng tsa ditshwantsho tsa yone tse dintle. Phutholola mo ketapeleng mme o bale serapa sa bobedi kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Solegelwa Molemo ke go Ithuta Kaga Gagwe.” Itsise mong wa ntlo gore o ka itseela kgatiso eno ka moneelo wa R9,00.
5 Fa o ka mo tsamaisetsa buka, thaya motheo wa gore o nne le thuto ya Bibela ka go mo kopa gore o buisanye le ene ka setlhogo sa ntlha se se reng, “Melaetsa E E Tswang Legodimong,” ka nako eo kana fa o mmoetse mo malatsing a sekae moragonyana. Go na le gore o bolelele mong wa ntlo gore o tla tsaya selekanyo se se rileng sa nako fa o mo etetse gape, mmolelele fela gore o tla ithuta dilo di le dintsi kaga Jesu Keresete go tswa Lefokong la Modimo, Bibela, ka metsotso e sekae fela.
6 E kete rotlhe re ka dirisa setlha seno sa malatsi a boikhutso a lefatshe go bolelela batho boammaaruri ka Jesu Keresete, Morwa Modimo, gore re tle re thuse ba bangwe go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Math. 7:14.