Go Simolola Dithuto Tsa Bibela mo Bukeng ya Monna Yo Mogolo
1 Go nna le thuto ya Bibela ya legae e ka nna sengwe se se ka go itumedisang tota le mong wa ntlo le se se tla lo nayang moputso. Ga go na sepe se re ka se bapisang le boipelo jwa go abalana kitso ya Bibela le ba bangwe.—Dia. 11:25.
2 Sesupo sa Metlha ya Bofelo: Fa o dirisitse kakantsho e e mo setlhogong se se fa godimo wa bo wa simolola puisano ya gago ka pampitshana e e reng A Lefatshe Leno Le Tla Falola?, jaanong o tlile go kgona jang go simolola thuto o dirisa kgaolo ya 111 ya buka ya Monna Yo Mogolo? Bula buka eno mo tsebeng 111, mme o bo o bala dirapa tse tharo tsa ntlha. Go tswa foo o ka nna wa botsa potso eno ya ntlha kwa bofelong jwa kgaolo eno: “Ke eng seo se dirang gore baaposetoloi ba botse, mme ke eng se sengwe se go lebegang ba se akantse?” Thusa mong wa ntlo gore a akanye ka karabo, o bo o dirisa setshwantsho go ruta. Fa o sena go bala serapa sa bonè go ya go sa borataro, botsa potso eno ya bobedi: “Ke karolo efe ya boperofeti jwa ga Jesu eo e neng ya diragadiwa ka 70 C.E., mme go ne ga seka ga diragala eng ka nako eo?” Fa mong wa ntlo a bonala a kgatlhega ebile a na le nako, tsweledisang puisano ya lona.
3 Fa o bona gore mong wa ntlo o ka tshwanelwa ke nako e nngwe, o ka nna wa botsa jaana: “A o ka rata go itse gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla tla leng?” He o ka nna wa rulaganya go mmoela go tla go araba potso eo.
4 A Lefatshe Le Le Nang le Kagiso Le Ka Nna Teng? Fa o dirisitse pampitshana e e reng Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso go go isa mo bukeng ya Monna Yo Mogolo, kgaolo 133 e ka go thusa jang go simolola thuto ya Bibela?
Fa o sena go bala 2 Petere 3:13, o ka nna wa bala serapa sa bobedi se se mo tsebeng ya 3 ya pampitshana kana wa se akaretsa fela mme go tswa foo o bo o bolela jaana:
◼ “Jesu Keresete, ebong Morwa Modimo, o tla nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Jehofa. Ela tlhoko kafa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela e tlhalosang Jesu ka teng ebile e re itsise ka se a tla se fitlhelelang mo isagweng.” Go tswa foo o bo o bala kgaolo yotlhe. Botsa mong wa ntlo potso eno ya ntlha e e kwa bofelong jwa kgaolo eno: “‘Batho ba ba tla falolang Hara-Magedona le bana ba bone ba tla bona tshiamelo efe e e itumedisang?’ [Mo neye sebaka sa go araba. Dipotso tse dingwe di ka nna tsa tlotliwa ka tsela e e tshwanang.] A o ka rata go nna karolo ya lefatshe le lesha le Jesu a tla bong a le busa jaaka Kgosi? Ke ka rata go nna le sebaka sa go go thusa gore o bone go tswa mo Bibeleng beke nngwe le nngwe kafa seno o ka se fitlhelelang ka teng.”
5 Gape batho ba bangwe ba ka nna ba kgatlhegela go nna le puisano e e oketsegileng ka ga Jesu Keresete mo loetong leno.
O ka nna wa bolela jaana:
◼ “Go dirilwe boiteko mo bukeng eno jwa go bontsha ka botshelo jwa ga Jesu jwa selefatshe jaaka bo tlhalositswe sentle mo Diefangeleng tse nne. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka botshelo jwa ga Jesu fa a le mo lefatsheng?” Fa mong wa ntlo a dumela, o ka nna wa rata go buisana le ene ka dikgakgamatso tsa ntlha tsa ga Jesu, mo kgaolong ya 15.
6 Go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ratang tshiamo le ba ba batlang tharabololo ya mathata a ba lebaneng le one. Ke boammaaruri, go ikemisetsa go abalana dithuto tsa ga Jesu Keresete ka thuto ya Bibela ke boikaelelo jo bo tla re nayang moputso.