Dirisa Dipampitshana go Tsamaisa Buka ya Monna Yo Mogolo
1 Mo kgweding ya June re tla bo re tsamaisa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Baboledi ba le bantsi ba tla tsamaisetsa mong wa ntlo buka eno ka tlhamalalo, gongwe ba tla dirisa nngwe ya dipuisano tse di mo tsebeng e e kwa morago ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1992. Mokgwa o mongwe o o ka nnang wa bereka ke wa go dirisa nngwe ya dipampitshana tsa rona go tsamaisa mpho eno. Ke ka ntlha yang o sa dirise nngwe ya dikakantsho tse di latelang?
2 A Lefatshe Leno Le Tla Falola? Dipampitshana di thusa thata go simolola motlotlo. Di thusa go gapa tlhokomelo ya beng ba matlo ka gonne dipampitshana tseno di bua ka ditlhogo tse di utlwalang tse di ba amang ka namana.
Ka sekai, o ka nna wa bolela sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Fa re ntse re bua le batho, re ile ra lemoga gore ba le bantsi ba amegile ka . . . [tlhopha tiragalo nngwe ya bosheng ya mo dikgannyeng]. Go bonala maemo a lefatshe a nnela maswe kwa pele. Ba bangwe ba bile ba ipotsa gore a lefatshe leno tota le tla falola. O ikutlwa jang ka seo? [Letla mong wa ntlo go araba. Bontsi jwa batho bo na le tsholofelo.] Ke ne ka bala sengwe se se kgothatsang tota se ke tla ratang go se abalana le wena. Se mo pampitshaneng eno. [Neela mong wa ntlo pampitshana ya A Lefatshe Leno Le Tla Falola? o bo o tshwara e e tshwanang le yone.] Ela tlhoko se Jesu a neng a se bolelela pele fa a re . . . ” Bala serapa sengwe se se mo tsebeng ya 4 kana 5 se se dumalanang le tiragalo ya bosheng e o buileng ka yone mo ketapeleng ya gago. Tsamaisa buka ya Monna Yo Mogolo. Fa go tshwanela, dirisa tshedimosetso e e oketsegileng e e mabapi le boperofeti jwa ga Jesu jo bo tlhomolotsweng mo kgaolong ya 111. Tlhomamisega gore o botsa potso e lo tla buisanang ka yone fa o mmoela gape.
3 Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso: Go tshela mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso go raya eng mo go wena? Ka kakaretso fela, batho ba akanya ka mafelo a mantlentle a a nang le dinoka tse dikgolo le melapo e e elang ka iketlo, a a nang le diphologolo tse dintle tse di tshelang ka kagiso mmogo. Bao ba tshwentsweng thata ke maemo a lefatshe a gompieno ba ka nna ba bona tebelelo ya lefatshe le lesha le le nang le kagiso e le e e lapolosang tota.
4 A o ipaakanyeditse go tsamaisetsa baagisani ba gago, badiri ka wena, le bao o kopanang le bone fa o tsamaya ka ntlo le ntlo sengwe se se lapolosang le se se itumedisang?
Fa o dirisa pampitshana e e reng “Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso,” o ka bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “A o akanya gore go tla bo go kgonege gore batho ba tshele ka kagiso jaaka o bona go tshwantshitswe ka fa ntle ga pampitshana eno? [Letla mong wa ntlo go araba.] Tsweetswee leba mo seeleng sa bofelo sa serapa sa ntlha se se mo tsebeng ya 2. Se botsa jaana: ‘Mme a ke toro fela, kana go ijesa dijo tsa ditoro, go dumela gore maemo ano a tla tsamaya a nna gone mo lefatsheng?’ [Go tswa foo o bo o bala serapa se se latelang mo pampitshaneng eno.] Se se nopotsweng mabapi le magodimo a masha le lefatshe le lesha se tswa mo Bibeleng, mo go 2 Petere 3:13. Fa o ka kgona go tla le Bibela ya gago, re ka bala Pesalema 104:5 gore re itse mo go oketsegileng ka isagwe ya lefatshe.” Kana o ka bala fela temana eo mo Bibeleng ya gago. Jaanong o ka lebisa puisano ya lona mo bukeng ya Monna Yo Mogolo, kgaolo 133.
5 Go tlhokega gore o dire maeto a go boela a a oketsegileng go ‘nosetsa’ peo e e setseng e jadilwe. (1 Bakor. 3:6, 7) Setlhogo se se fa tlase se akantsha kafa thuto e ka simololwang ka teng mo bukeng ya Monna Yo Mogolo, e ka tswa e le mo loetong lwa ntlha kana fa o boela.