Go Dirisa Dipampitshana Gore o Nne le Matswela a a Molemo
1 Phuthego ya ga Jehofa ya motlha wa segompieno ga e bolo go dirisa dipampitshana ka katlego. Leina la mokgatlho wa rona o o kafa molaong, Watch Tower Bible and Tract Society, le bontsha gore dipampitshana di botlhokwa thata mo go anamiseng dikgang tse di molemo. A o dirisa dipampitshana tsotlhe gore o nne le matswela a a molemo mo bodireding jwa gago?
2 Re tla tshwanelwa ke go itlwaetsa nngwe le nngwe ya tsone. Ka sekai, a o di badile ka kelotlhoko gore o itse se nngwe le nngwe ya tsone e se buang? A o ile wa akanya gore pampitshana nngwe le nngwe e ka kgatlhegelwa ke motho ofe? Go itlwaetsa pampitshana nngwe le nngwe thata go tla dira gore o nne pelokgale go di dirisa mo tirong ya ntlo le ntlo mmogo le mo maemong a mantsi koo o ka neelang bosupi jo e seng jwa tlwaelo gone.
3 Di Dirise mo Bodireding Jwa Ntlo le Ntlo: Molebedi mongwe wa potologo o kwala jaana: “Ke atlega thata fa ke simolola bontsi jwa dipuisano tsa me ka pampitshana.” A o kile wa leka go dirisa mokgwa ono? Re na le diketapele tse dintsi tse di tlhotlheletsang tse re ka tlhophang mo go tsone mo dipampitshaneng tseno tse dintsi. Pampitshana nngwe le nngwe e re neela tshono ya go simolola thuto ya Baebele mo loetong lwa ntlha kana mo loetong lwa go boela.
4 Go na le ditshono tse dingwe tse re ka dirisang dipampitshana ka tsone. Fa o ntse o buisana le motho mo ntlong, o ka nna wa utlwa gore o sa tswa go tlhokafalelwa ke moratiwa wa gagwe kana gore mongwe mo lelapeng o a lwala. Batho ba ba hutsafetseng thata kana ba ba lekang go itshokela mathata a a sa feleng gantsi ba simolola go nna le maikutlo a a sa siamang mme ba tshwenyege thata mo maikutlong. Ke ka ntlha yang fa o sa ba tsamaisetse pampitshana e e reng Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong!? O ka nna wa utlwa gore motho o sa tswa go tlhala kana o latlhegetswe ke tiro. Dirisa dipotso tse di mo tsebeng ya 2 ya pampitshana e e reng Itumelele Botshelo Jwa Lelapa: “Ke ka ntlha yang fa malapa gompieno a aga a itaakwa ke mathata a a ntseng jalo a a masisi? Re ka itumelela botshelo jwa lelapa jang?” Gongwe ke tsone dipotso tse motho yono a akantseng thata ka tsone. Le fa gone a ka nna a se ka a bontsha kgatlhego ka yone nako eo, o ka nna a bala pampitshana eno moragonyana.—Mor. 11:6.
5 Dirisa Dipampitshana fa o Neela Bosupi jo e Seng Jwa Tlwaelo: Fa re baya dipampitshana mo re ka di ntshang motlhofo gone—mo kgetsing ya hempe ya rona, mo kgetsing ya baki, mo bekeng e nnye, kana mo bekeng ya go neela bosupi—re ka kgona go di dirisa mo maemong a mantsi a a farologaneng. Di dirise fa o tsamaya mo mabenkeleng, fa o le mo loetong, kana fa o buisana le ba losika kana baeng. Gantsi re ka nna ra iphitlhela re kgona go abela ba bangwe molaetsa wa Bogosi ka nako e khutshwane fela, jaaka kwa tirong kana kwa sekolong. Dipampitshana di re neela tshono ya go neela batho bosupi ka nako e khutshwane. Pampitshana ga e na tshedimosetso e ntsi thata mme e opa kgomo lonaka e bile e kwadilwe ka tsela e e botlhale. Batho ba kgona go e amogela motlhofo go gaisa buka kana dimakasine, e re ka e sa tshola tshedimosetso e ntsi thata go e bala.
6 Nna o ipaakanyeditse go batla ditshono tsa go tsamaisa dipampitshana ka tsela e e seng ya tlwaelo kwa sekolong kana kwa o berekang gone, kwa diresetšhurenteng, kwa seteisheneng sa peterolo, jalo le jalo. Fa kgaitsadi mongwe a ne a dira dithulaganyo tsa go isa nkokoagwe kwa ngakeng, o ne a tlhomamisa gore o tshwere dipampitshana dingwe. Kwa ofising ya ngaka, o ne a simolola motlotlo le mmè mongwe yo o moimana. Fa a sena go bontsha mosadi yono pampitshana ya Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso, kgaitsadi yono o ne a mmotsa jaana: “A o ka rata go godisetsa ngwana wa gago mo lefatsheng le le tshwanang le le le mo setshwantshong seno?” O ne a kgona go tsweledisa motlotlo wa gagwe ka go etela mosadi yono kwa ntlong ya gagwe. Seno se ne sa felela ka gore a mo etele ka metlha ka makgetlho a le mmalwa.
7 Go ka Simololwa Dithuto Tsa Baebele ka Dipampitshana: O ka nna wa mmontsha ka bokhutshwane kafa thuto e tshwarwang ka gone o dirisa pampitshana. Kgaitsadi mongwe o ne a dira seno a dirisa pampitshana ya Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso. O ne a botsa mong wa ntlo a supile mo setshwantshong gore a o akanya gore lefatshe la rona le tla tsamaya le nna jaaka leno. Fa mong wa ntlo a sena go araba, kgaitsadi yono o ne a mo kopa gore a bale 2 Petere 3:13 le Isaia 65:17, tse di tlhalositsweng mo pampitshaneng eno. Morago ga moo kgaitsadiarona o ne a bolela jaana: “Ditsholofetso tseno ga se toro fela kana go ijesa dijo tsa ditoro mme tota di tswa mo Lefokong la Modimo, Baebele.” Go tswa foo o ne a rulaganya go tsweledisa motlotlo mo bekeng e e latelang. Mo loetong lo lo latelang, o ne a araba dipotso tsa mosadi yono di le mmalwa a bo a mo tlogelela buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. O ne a simolola thuto ya Baebele.
8 A o sa tswa go kolobediwa bosheng jaana kana gongwe o mmoledi yo o sa kolobediwang yo a ntseng a nna le boitemogelo mo bodireding? Fa go le jalo, o ka nna wa batla batho ba ba nang le maitemogelo a a oketsegileng le go ba kopa dikakantsho malebana le go dirisa dipampitshana mo tshimong ya phuthego ya lona. Re na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba kgothadiwa le go kaelwa ke batho ba ba godileng mo tumelong.—Dit. 18:24-27; 1 Bakor. 4:17.
9 A mongwe le mongwe wa rona le malapa, a iphe nako ya go sekaseka tsela ya go tsamaisa nngwe le nngwe ya dipampitshana tseno tse di farologaneng. Nnang le dithulaganyo tsa go ithapisa. O ka dirisa dipampitshana jang le kgatiso e e tsamaisiwang mo bodireding jwa tshimo mo kgweding eo? Ke batho bafe ba o ba solofeditseng go ba etela ba o ka ba isetsang dipampitshana di le mmalwa? A o tla kopana le mongwe mo bekeng eno, yo o ka solegelwang molemo ke molaetsa ono o o tshwanelang o o mo dipampitshaneng tseno?
10 Go rata Jehofa le go amega ka batho go tla re tlhotlheletsa go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re itsise batho dikgang tse di molemo. Go dirisa dipampitshana ka metlha go tla re thusa go dira seo. Fa re dirisa dipampitshana ka tsela e e botlhale fa re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re ka tlhomamisega gore re tla nna le matswela a a molemo.