Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Go Dirisa Dipampitshana ka Katlego
1 Ka nako ya Kopano ya Kgaolo ya ka 1987 ya “Ikanye Jehofa,” go ile ga gololwa dipampitshana di le nnè tse disha. Di na le ditlhogo tseno Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela, Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?, Botshelo mo Lefatsheng le Lesha Le Le Nang le Kagiso, le Go Na le Tsholofelo Efe ka Baratiwa Ba Ba Suleng? A o ntse o dirisa dipampitshana tseno ka katlego mo tshimong?
2 Baboledi ba le bantsi ba tlogela dipampitshana koo go se nang ope kwa gae gone. Gape ba di neela batho bao ba tshwaregileng thata go ka reetsa ka nako eo ba ba etetseng ka yone. Ba bangwe ba fitlhela gore fa ba dirisetsa pampitshana go ikitsise ka yone kwa ntlong, seo se thusa go tsosa kgatlhego ya mong wa ntlo. Ba bangwe ba rata go di tsamaisa jaaka mpho ya mahala kwa maetong ao go sa tsamaisiwang buka epe kwa go one mme go bontshitswe kgatlhego e e rileng gone.
NAKO EO Dl TSHWANETSENG TSA DIRISIWA KA YONE LE TSELA EO Dl KA DIRISIWANG KA YONE
3 Fa o nna o fetofetoga go ya ka maemo le go ntshetsa ditshono matlho, o ka nna wa bona ditshono di le dintsi tse o ka tsamaisang dipampitshana mo go tsone. Ka sekai, dipampitshana di ka nna mosola fa o neela balosika bosupi. O ka nna wa dirisa dipampitshana fa o le mo malatsing a boikhutso, fa o ile go reka le fa o le mo loetong, kwa sekolong, kana kwa lefelong leo o berekang kwa go lone. A o boloka dipampitshana di le moo o ka di bonang gone ka bogautshwane, gongwe di le mo baking ya gago kana mo kgetsing ya hempe ya gago, mo sepatšheng, kana mo kgwatlheng ya gago? Fa o nna o na le dipampitshana mo go wena ka dinako tsotlhe, seo se ka go kgothaletsa gore o neele bosupi jo bo sa ikaelelwang. Ke ka ntlhayang fa o sa batlane le ditshono tseo o ka neelang dipampitshana mo go tsone?
4 Go sa kgathalesege gore ke mo tiragalong efe, o ka nna wa dirisetsa dipampitshana tseno go neela bosupi jo bo nang le katlego ka mo go oketsegileng. Le mororo molaetsa o o leng mo go tsone o le mokhutshwane, seo di se bolelang se tlhatswa pelo eleruri mme e bile se tshegediwa ke dintlha tse di utlwalang sentle tsa Dikwalo. Dipampitshana tseno di na le ditshwantsho tsa mmala tse dintle mme di ka dirisiwa ka tsela e e mosola go ka fitlhelela go le gontsi mo bodiheding. Nna o ntshitse matlho gore o di tsamaisetse batho gongwe le gongwe.
MO TIRELONG YA TSHIMO
5 A o kile wa dirisa ditlhogo tse di kgatlhisang tsa dipampitshana tseno go ka tsosa kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi fa o bereka ka ntlo le ntlo? Baboledi bangwe ba simolola fela ka go buelela setlhogo sa pampitshana nngwe mo tsenyeletsong ya bone. Ke ka ntlhayang fa o sa leke mokgwa ono ka namana? O ka nna wa bolela jaana: “Dumela. Ke itumelela go bo ke go fitlhetse mo gae. Ke ithaopetse go bolelela ba bangwe ka molaetsa o o botlhokwatlhokwa. O fitlhelwa mo pampitshaneng eno e e reng Botshelo mo Lefatsheng le Lesha Le Le Nang le Kagiso. Sekaelo sa gago ke seno. Ke sa mahala. [Se neele mong wa ntlo, o bo o mmontsha setshwantsho sa yone se se kafa ntle. ] A o ne o ka se ke wa rata go tshela mo tikologong e e ntseng jaana e e nang le kagiso?” Morago ga moo fa maemo a letla, tswelela pele ka Setlhogo sa Motlotlo, o bo o se nyalanya le mpho ya kgwedi eo.
6 Go ikaegile ka koo o nnang gone, o ka nna wa go fitlhela go le mosola go bolela gore molaetsa wa gago o tswa mo Bibeleng. Pampitshana e e reng Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela e ka nna le katlego thata mo tulong ya lona. Ka sekai, o ka nna wa bolela jaana: “Re tlogelela baagelani ba rona molaetsa wa mahala wa Bibela. Sekaelo sa gago ke seno. [Se neele mong wa ntlo.] Bona setlhogo sa yone se malebana le Bibela. A o akanya gore batho ga ba tlhole ba ikanya Bibela gompieno? [Mo letle gore a arabe. ] Pampitshana eno e tla go thusa gore o bone gore ke ka ntlhayang re ka ikanya seo Bibela e se bolelang.” Tswelela pele ka Setlhogo sa Motlotlo, o bontsha ditshegofatso tseo Modimo a tlileng go di tlisetsa lefatshe leno.
7 Go anamisa dipampitshana tsa Bibela ke mokgwa wa go neela “Mahoko a a Molemō” o o nang le nako e telele o ntse o na le katlego. (Math. 24:14) Di na le seabe se segolo mo bodiheding jwa rona jwa phatlalatsa le fa re neela bosupi jo bo sa ikaelelwang. A re diriseng dipampitshana tsa rona tse dintle ka katlego go ka neela bosupi jo bo molemo mme jalo re thuse ba bangwe gore ba ithute kaga Bogosi jwa Modimo.