Dirisa Dipampitshana go Anamisa Dikgang Tse di Molemo
1. Batho ba Modimo ba ile ba dirisa dipampitshana jang?
1 Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go dirisa dipampitshana tsa Baebele go anamisa dikgang tse di molemo. Ka 1880, C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go gatisa Bible Students’ Tracts mme ba di naya batho ba ba neng ba bala makasine wa Tora ya Tebelo gore ba di tsamaisetse batho. Dipampitshana di ne di tsewa di le botlhokwa thata mo e leng gore ka 1884 fa C. T. Russell a ne a kwadisa semolao mokgatlho o o sa direng lotseno ka boikaelelo jwa go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi, lefoko “tract [pampitshana]” le ne la akarediwa mo leineng, Zion’s Watch Tower Tract Society e jaanong e bidiwang Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Ka 1918, Baithuti ba Baebele ba ne ba setse ba tsamaisitse dipampitshana di feta dimilione di le 300. Dipampitshana e sa ntse e le sedirisiwa sa go neela bosupi se se nang le matswela.
2. Ke ka ntlha yang fa dipampitshana di na le matswela?
2 Lebaka La go Bo di Na le Matswela: Dipampitshana di na le mebala e mentle e bile di a ngoka. Di na le molaetsa o mokhutshwane o o tlhaloganyesegang e bile o ruta. Di ratiwa ke beng ba matlo ba ba ka tswang ba sa kgatlhegele dimakasine kgotsa dibuka. Go motlhofo go tsamaisa dipampitshana, tota le baboledi ba basha le bana ba kgona go di tsamaisa. Mo godimo ga moo, dipampitshana di dinnye e bile ga di imele.
3. Anela maitemogelo a gago kgotsa a a gatisitsweng a a bontshang botlhokwa jwa dipampitshana.
3 Batho ba le bantsi ba ithuta boammaaruri la ntlha ba dirisa dipampitshana. Ka sekai, mosadi mongwe kwa Haiti o ne a bona nngwe ya dipampitshana tsa rona mo tseleng. O ne a e sela, a e bala a bo a re, “Ke bone boammaaruri!” Kgabagare o ne a ya kwa Holong ya Bogosi, a simolola go ithuta Baebele a bo a kolobediwa—tseno tsotlhe di ne tsa direga ka ntlha ya maatla a Lefoko la Modimo le le mo pampitshaneng.
4. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna bofe fa e le kgwedi ya go tsamaisa dipampitshana?
4 Ka Ntlo le Ntlo: E re ka dipampitshana e le sedirisiwa se se nang le matswela sa go neela bosupi, di tla nna di tlhaga e le dikgatiso tse di tsamaisiwang mo kgweding go simolola ka November. Boikaelelo jwa rona ga se fela go aba dipampitshana mme ke go di dirisa gore re simolole motlotlo. Fa motho a bontshitse kgatlhego mo lekgetlong la ntlha kgotsa fa re dira loeto lwa go boela, re ka mmontsha kafa re tshwarang thuto ya Baebele ka gone re dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa kgatiso e nngwe e re e dirisang go ruta batho ba bangwe. Re ka tsamaisa dipampitshana jang ka ntlo le ntlo? Dipampitshana ga di tshwane, ka jalo re tshwanetse go itse tse re di tsamaisang.
5. Re ka tsamaisa dipampitshana jang ka ntlo le ntlo?
5 Puisano ya rona e tshwanetse go tsamaisana le tshimo ya rona le pampitshana e re e dirisang. Re ka simolola motlotlo ka go naya mong wa ntlo pampitshana. Tsebe ya yone e e ngokang e e ka fa ntle e ka dira gore a e kgatlhegele. Kgotsa re ka bontsha mong wa ntlo dipampitshana di le mmalwa re bo re mo letla go itlhophela e e mo kgatlhang. Fa re bereka mo tshimong e mo go yone batho ba okaokang go bula kgoro, re ka tshwara pampitshana ka tsela e mong wa ntlo a ka kgonang go e bona kgotsa re ka kopa go tsenya sengwe ka fa tlase ga kgoro se re neng re ka rata go utlwa gore o akanyang ka sone. Fa e le gore setlhogo sa pampitshana ke potso, re ka kopa gore a re bolelele gore o akanyang ka sone. Kgotsa re ka botsa potso e e ka tsosang kgatlhego le e e ka dirang gore re kgone go simolola motlotlo. Go tswa foo re ka bala le mong wa ntlo karolo nngwe ya dintlha tse di mo pampitshaneng, re tla re ema mo dipotsong re bo re kopa mong wa ntlo gore a arabe. Ditemana tsa konokono di ka balwa mo Baebeleng. Fa re sena go tlotla ka tshedimosetso e e rileng, re ka emisa motlotlo wa rona re bo re dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go dira loeto lwa go boela. Fa e le gore phuthego e a tle e tlogele dikgatiso kwa magaeng a a se nang batho, re ka tlogela pampitshana mo e ka se kang ya bonwa ke batho ba bangwe fa mong wa ntlo a se yo kwa gae.
6. Dipampitshana di ka dirisiwa jang mo bodireding jwa mmila?
6 Go Neela Bosupi mo Mmileng: A o kile wa dirisa dipampitshana mo bodireding jwa mmila? Bangwe ba batho ba ba fetang ka tsela ba itlhaganetse e bile ga ba batle go ema gore ba tlotle le rona. Go ka nna thata go lemoga gore a tota ba na le kgatlhego. Ka jalo, re ka ba naya pampitshana go na le go ba naya dimakasine tsa bosheng re sa itse gore a ba tla di bala. E re ka pampitshana e kgatlha e bile molaetsa wa yone o le mokhutshwane, go batla go itse go ka tlhotlheletsa batho go e bala fa ba bona nako. Gone ke boammaaruri gore fa ba sa itlhaganela, re ka tlotla le bone ka dintlha dingwe tse di mo pampitshaneng.
7. Anela maitemogelo a a bontshang kafa re ka tsamaisang dipampitshana ka gone fa re neela bosupi re se mo bodireding.
7 Go Neela Bosupi O se Mo Bodireding: Go motlhofo go neela bosupi o se mo bodireding o dirisa dipampitshana. Mokaulengwe mongwe o tsenya di le mmalwa mo kgetsaneng ya gagwe nako le nako fa a tswa mo lapeng. Fa a kopana le mongwe, gongwe tlelereke ya kwa lebenkeleng, o kopa go mo naya sengwe se a ka se balang a bo a mo naya pampitshana. Fa banyalani bangwe ba etela New York City, ba ne ba lemoga gore ba tla kopana le batho ba dinaga tse di farologaneng. Ka jalo ba ne ba tsamaya ba tshotse bukana ya Nations le dipampitshana di le mmalwa tsa dipuo tse di farologaneng. Fa ba utlwa mongwe yo o rekisang dilwana mo tseleng kgotsa ba bapa le mongwe kwa phakeng kgotsa kwa resetšhurenteng a bua puo e sele, ba ne ba mo naya pampitshana ya puo ya gagwe.
8. Dipampitshana di tshwana le peo ka tsela efe?
8 ‘Jala Peo ya Gago’: Dipampitshana di ka tshwantshanngwa le peo. Molemi o jala peo ka bontsi ka gonne a sa itse gore ke efe e e tla melang e bo e gola. Moreri 11:6 ya re: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.” Ka jalo, e kete re ka ‘nna re gasamisa kitso’ ka sedirisiwa se se molemo seno sa go neela bosupi.—Dia. 15:7.
[Blurb on page 3]
E re ka dipampitshana e le sedirisiwa se se nang le matswela sa go neela bosupi, di tla nna di tlhaga e le dikgatiso tse di tsamaisiwang mo kgweding go simolola ka November