Go Simolola Dithuto Tsa Bibela ka December
1 Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe go nna barutisi ba mafoko a a molemo. (Math. 28:19, 20) Ditsela tsa rona tsa konokono tsa go ruta ba bangwe ke ka go tshwara dithuto tsa Bibela. A o nna le seabe mo tirong eno? Fa go sa nna jalo, o ka simolola jang thuto gore o tle o ipelele go nna le seabe se se oketsegileng mo go ruteng ba bangwe?
2 Gongwe re neetse mong wa ntlo pampitshana mme re bo re mo solofetsa go mmoela re ya go tlotla le ene ka dintlha tse di mo go yone.
Fa re boela mong wa ntlo yo re neng ra mo tlogelela pampitshana e e reng “A Lefatshe Leno Le Tla Falola?,” re ka nna ra bua jaana:
◼ “Fa ke ne ke le fa mo malatsing a sekaenyana a a fetileng, re ile ra tlotla kafa metlha ya rona e potlakileng ka gone le gore Jesu o ne a tlhalosa maemo a re a bonang mo motlheng wa rona ka go opa kgomo lonaka. Ke rata go tsaya metsotso e sekaenyana fela go sekaseka le wena ka bokhutshwane tshedimosetso e e mo pampitshaneng eo ke neng ka e go tlogelela. Ela tlhoko se se boletsweng mo setlhogwaneng se se reng ‘Seshupō.’” Bula mo tsebeng ya 3 ya pampitshana eno, o bo o tlotla le ene mo dirapeng tsa ntlha tse pedi kana tse tharo tse di kafa tlase ga setlhogwana seo, lo ntse lo bala dikwalo tse di nopotsweng fa nako e letla. Gatelela kafa boperofeti jwa ga Jesu bo diragadiwang ka teng gompieno. Rulaganya go mmoela gore lo tle lo tlotle mo dirapeng tse dingwe tse di kafa tlase ga setlhogwana seno. Kgothaletsa mong wa ntlo go bala kgang eo pele o mmoela.
3 Kana o ka nna wa bolela sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Mo nakong e e fetileng fa re ne re buisana, ke ne ka go tlogelela pampitshana e e nang le setlhogo se se reng A Lefatshe Leno Le Tla Falola? Ka yone nako eo re ne ra bua ka seabe sa ga Jesu Keresete mo dikgannyeng tsa lefatshe. Re ne ra bala mafoko a gagwe a a kwadilweng mo Bibeleng mo go Yohane 17:3. [E bale.] E re ka go le botlhokwa gore re ithute kaga Modimo le Jesu fa re batla botshelo jo bo sa khutleng, go botlhokwa gore re dire mo re ka go kgonang gore re nne le kitso e e ntseng jalo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha dinonofo di le dintsi tse di molemolemo tsa Modimo. A ga se lebaka le le utlwalang go dumela gore fa re itse go le gontsi kaga Jesu le bodihedi jwa gagwe, re tla itse go le gontsi le ka Rraagwe? [Mo neye sebaka sa go araba.] Ela tlhoko se buka eno ya, Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e se bolelang.” Bala serapa sa ntlha le sa bobedi mo tsebeng ya lesome ya kgaolo 116. Gatelela gore buka eno e tshotse tshedimosetso yotlhe e e mo dipolelong tse nne tsa Efangele tse di buang kaga Jesu mme di baya kgang eno ka go latelelana ga ditiragalo. Mmontshe ditlhogo tse di rileng, ditshwantsho, le mmapa o o kwa tshimologong ya buka eno. Itsise motho yono gore o ne o ka itumelela go mo tlogelela kgatiso eno e e molemo ka moneelo wa R9,00.
4 Fa o sena go dumedisa mong wa ntlo yo o neng a ikamogelela buka ya “Monna Yo Mogolo,” o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Jaaka ke ne ka umaka mo loetong lo lo fetileng, buka ya Monna Yo Mogolo e diretswe gore re ithute Bibela ka yone. Ke rata go go bontsha ka bokhutshwane kafa e ka dirisiwang ka teng ka tsela e e nang le matswela.” Bula buka eno go kgaolo 1, “Melaetsa E E Tswang Legodimong.” Dira gore mong wa ntlo a tlhokomele dipotso tse di kwadilweng moo. Bala potso ya ntlha, go tswa foo lo bo lo sekaseka dirapa tse di simololang. Lomaganya seo le setshwantsho se se mo tsebeng ya bobedi. Tlotla ka dipotso tse di setseng, o bo o gatelela dikarabo fa nako e letla. Pele o tsamaya, rulaganya go mmoela gore lo tle lo tsweledise motlotlo.
5 Fa re na le boikutlo jo bo siameng, re baakanyetsa sentle, le go sola sebaka sengwe le sengwe molemo, re tla bo re eme sentle go simolola thuto ya Bibela ka December.