LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 8
  • Thaya Motheo mo Loetong Lwa Gago Lwa Ntlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thaya Motheo mo Loetong Lwa Gago Lwa Ntlha
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maeto A go Boela a a Motlhofo Le a A Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Thusa ba Bangwe Gore ba Ithute Kaga Jesu Keresete, Morwa Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Simolola Dithuto Tsa Bibela ka December
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Boela Go ya Go Thusa Batho Gore ba Ithute Kafa ba ka Tshelelang Ruri ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 8

Thaya Motheo mo Loetong Lwa Gago Lwa Ntlha

1 Go dira maeto a go boela ao a nang le matswela go nna motlhofo fa re thaya motheo o o tshwanetseng mo loetong lwa ntlha. Buka ya Go Fetolana e ka re thusa go dira seo.

2 Puisano e e latelang e thailwe mo ketapeleng ya bobedi e e mo tsebeng ya 10 ya buka ya Go Fetolana, tlase ga setlhogo se se reng “Bibela/Modimo.”

Fa o sena go dumedisa ka botsalano, o bo o bolela jaana:

◼ “Re fitlhela gore batho ba le bantsi thata gompieno ga ba itse gotlhelele gore ba ka bona kae dikarabo tse di nang le tharabololo mo mathateng a letsatsi le letsatsi a a ntseng a oketsega. A o fitlhetse seo se le boammaaruri? [Mo neye sebaka sa go araba.] Batho ba kile ba bo ba bala Bibela go batla thuso. Mme lefa go ntse jalo batho ba le bantsi jaanong ba bolela gore ba na le dipelaelo. O ikutlwa jang mabapi le Bibela?” Fa e le gore mong wa ntlo o belaela boammaaruri jwa yone, ntsha pampitshana ya Lebaka la Go Bo O Ka Ikanya Bibela o bo o bala serapa sa bobedi le sa boraro mo tsebeng ya 2. Fa e le gore mong wa ntlo o dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo, leba dikwalo tse di tsopotsweng mo serapeng sa bobedi mo tsebeng ya 2 ya pampitshana eno o bo o di bala, o bo o di tlotla le ene ka bokhutshwane. Tsamaisa mpho ya kgwedi eno.

3 Fa e le gore go na le batho ba le bantsi mo tshimong ya lona ba ba sa dumeleng, leka go dirisa ketapele ya botlhano e e mo tsebeng ya 10 ya buka ya Go Fetolana gore o tsose kgatlhego ya bone.

O ka bolela jaana:

◼ “Ka ntlha ya dintwa tse dintsi tse di leng teng mo lefatsheng gompieno, batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba go fitlhela go le thata go dumela mo Modimong. Kana fa ba dumela mo go ene, ga ba dumele gore o ka kgona go rarabolola mathata a re lebaneng le one. Wena o ikutlwa jang ka seo?” Mo neye sebaka sa go araba. Bala ketapele ya buka ya Lefoko la Modimo e e mo tsebeng ya 5. Botsa mong wa ntlo gore o ikutlwa jang malebana le potso ya bofelo e e reng: “A o akanya gore mathata a a tshwanang le ano a tla tsamaya a rarabololwa?” Tsweledisang motlotlo wa lona ka go bala dikarolo tse di tshwanetseng mo dirapeng tse tlhano tse di latelang mo kgaolong ya ntlha. Tsamaisetsa mong wa ntlo buka eno o bo o rulaganya go boela gape go tla go tsweledisa motlotlo wa lona.

4 Botsa Dipotso Go Tswa mo Pampitshaneng Gore O Thaele Loeto lwa Gago Lo Lo Latelang Motheo: Dira gore loeto lwa gago lwa ntlha lo nne tshimologo fela ya maeto a a tla ungwang a a tla latelang a mantsintsi. O se ka wa ikutlwa gore o patelesega go tlhalosa dilo di le dintsi; kana o se ka wa ikutlwa gore motlotlo wa gago o mokhutshwane thata mo mong wa ntlo a tla ikutlwang gore ga o mo kgatlhegele ga mmatota. Fa lo sena go bala dirapa di le pedi kana di le tharo mo pampitshaneng eno, botsa potso e lo ka tlotlang ka yone mo loetong lo lo latelang.

5 Ka sekai, o ka lebisa tlhokomelo mo serapeng sa boraro mo tsebeng ya 4 o bo o botsa jaana: “A o akanya gore Bibela e re neela bosupi jo bo lekaneng gore re ikanye se e se bolelang ka isagwe?” Seno se tla dira gore go nne le ntlha eo go tla buiwang ka yone mo loetong lwa go boela. Tsamaisa buka eno ya Lefoko la Modimo. Fa o setse o boela lo ka nna lwa sekaseka kgaolo 9 le 10 mo bukeng ya Lefoko la Modimo.

6 Fa e le gore re leba mong wa ntlo mongwe le mongwe jaaka yo o ka nnang morutwa, re tla leka go dirisa dikakgelo tsa rona tse di konelang gore re thaele loeto lwa go boela motheo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela