Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi mo Tshimong
1 Lorato lo re ratang Jehofa le moagelani ka lone lo re tlhotlheletsa gore re rere mafoko a a molemo a Bogosi. Fa re rera boammaaruri ka tsela e e molemo, re ka kgona go “diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo.” (2 Bakor. 10:5) Watch Tower Publications Index e diretswe go re thusa mo ntlheng eno.
2 Setlhogo se segolo seo se nang le ditshupiso malebana le tiro ya rona ya go rera mo tshimong ke “Field Ministry.” Moo go buiwa ka karolo nngwe le nngwe, go akaretsa le boikutlo jo re nang le jone ka namana, diketapele, go fenya dikganetso, tsela eo re ka neelang dikgatiso ka yone, maeto a go boela, le dithuto tsa Bibela. A o ne o ka rata go bontsha ntlha eno ka maitemogelo a le mmalwa a a molemo? O ka nna wa bona fela seo o se batlang kafa tlase ga setlhogo se se fa gare se se reng “Experiences.” Fa o go fitlhela go le bokete go dirisa Watch Tower Publications Index ka Seesemane, o ka kgona go bona ditshupiso tse di tshwanang le tseo mo tatelanong ya ditlhogo eo e tswang ngwaga le ngwaga kafa morago ga December 15 ya Tora ya Tebelo le December 8 ya Tsogang!
3 A mongwe o ile a bolela gore Bibela e a ikganetsa, gongwe a tsopola ditemana dingwe tse di rileng tseo di bonalang ekete di a ikganetsa? Kafa tlase ga “Bible Authenticity,” ditlhogwana tse di reng “contradictions” le “harmony” di bontsha ditshupiso tsotlhe tse di tlotlang ka kgang eno ka kakaretso. Kafa tlase ga setlhogwana se se reng “scriptures harmonized,” o tla bona lenaane le le leele la ditemana tseo di bonalang ekete di a ganetsana le ditshupiso tseo di di rarabololang ka tsela e e utlwalang sentle.
4 Mo mafelong a mangwe, re tshwanetse ra fetola ditsela tseo batho ba akanyang ka tsone malebana le dithuto tsa maaka tsa Labokeresete, tse di ntseng jaaka Tharonngwe, molelo wa dihele, le go sa sweng ga moya. Go na le ditlhogo tse dikgolo tsa nngwe le nngwe ya dintlha tseno. Kafa tlase ga “Trinity” le “Immortality of the Soul,” o tla fitlhela setlhogwana se se reng “scriptures misapplied to support.” Seno se tla go lebisa kwa metlotlong eo e buang ka ditemana tseno tsotlhe. Go na le karolo e e tshwanang le eo kafa tlase ga “Hell,” eo e nang le setlhogwana se se reng “scriptures misinterpreted.”
5 A o eletsa go simolola thuto ya Bibela? Kana a o na le yone eo e sa bonaleng e dira kgatelopele? Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Bible Studies” go na le ditlhogwana tse di reng “starting,” “assisting—,” le “teaching,” sengwe le sengwe se na le ditshupiso tseo di tla go thusang gore o bone le go tsamaisa dithuto tsa Bibela tse di gatelang pele. Go go thusa gore o itse gore ke leng go tla bong go le molemo go tlogela go tlhola o tswelela ka thuto, sekaseka setlhogwana se se reng “terminating unfruitful” le “discontinuing.”
6 A o eletsa go lekela go bona ditshiamelo tse dingwe mo bodiheding jwa tshimo? Ditlhogo tse di reng “Full-Time Ministry,” “Auxiliary Pioneers,” “Pioneers,” “Missionaries,” le “Serving Where Need Is Greater” di go bontsha dintlha tse di thusang malebana le ka moo o ka fitlhelelang mekgele eo ka gone le maitemogelo a a itumedisang ao a neng a itumelelwa ke bao ba setseng ba dirile jalo.
7 Go diragatsa bodihedi jwa rona jwa Bogosi mo tshimong go lere kgotsofalo e kgolo tota. (Yoh. 4:34) Watch Tower Publications Index e ka go thusa fa o ntse o nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang.