Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi Jaaka Basupi ba ga Jehofa
Jaaka Basupi ba ga Jehofa re na le tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Re emela Jehofa mo tshekong ya kgotlatshekelo eo e amang lobopo lotlhe eo go sekang botlhe bao ba obamelwang jaaka medimo mo go yone. (Isa. 41:1, 23; 43:12) Go re thusa gore re kgone go sireletsa tsholofelo ya rona ka tsela e e tshwanelang, Jehofa o re neetse laeborari e e tletseng sentle ya dibuka. (1 Pet. 3:15) Watch Tower Publications Index ke selo sa botlhokwa thata seo se re thusang go bona tshedimosetso eo re e tlhokang. Fa re tlwaelane le dikarolo dingwe tsa yone tsa konokono seno se tla re thusa gore re nne ba ba leng ditswerere ka mo go oketsegileng mo go e diriseng.
2 Rotlhe re tshwanetse ra bo re tlwaelane le setlhogo se segolo se se reng “Jehovah.” Mo tlase ga sone setlhogo seo go 1986-1989 Index, a o ka kgona go bona ditshupiso tseo di tlhalosang go letlelela ga ga Jehofa bosula ka nakwana? Gape, o tla bona go na le setlhogo se se fa gare se se reng “Name” go 1930-1985 Index le go Index ya bosheng jaana. Ditshupiso tsa sengwe le sengwe seo se gatisitsweng kaga leina Jehofa di tsentswe moo. Mo tatelanong ya ditlhogo eo e tlhagang ngwaga le ngwaga kafa morago ga Tora ya Tebelo ya December 15 go thathamisitswe tshedimosetso e e tshwanang kafa tlase ga setlhogo se se reng “Jehofa.”
3 Setlhogo se sengwe seo se leng botlhokwa thata ke “Jehovah’s Witnesses.” E kokoantse ditshupiso tseo di buang ka Basupi ba ga Jehofa jaaka phuthego. A o itse gore pono ya rona ya semolao ke efe kaga thutego e e kwa godimo, go tlhatlhoba ditopo, go bolaya e le go itshireletsa, kana go thusa ka pholo e e molemo mo loagong? O tla fitlhela ditshupiso tsa dipotso tsa go nna jalo kafa tlase ga setlhogwana se se reng “attitude toward—.” Fa o ya kwa pelenyana go na le lenaane la dihisitori tsa segompieno tsa Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse di farologaneng, mme lenaane le legolo la dikakgelo tseo batho ba neng ba ntse ba di akgela ka Basupi ba ga Jehofa le fitlhelwa kafa tlase ga setlhogo se se fa gare se se reng “Statements by Others.” Go na le tshedimosetso e e tshwanang kafa tlase ga setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa” mo tatelanong ya ditlhogo eo e tlhagang ngwaga le ngwaga ya tokololo nngwe le nngwe ya December 15 ya Tora ya Tebelo.
4 Tshedimosetso eo e leng malebana le ka moo batho ba ga Jehofa mo dinakong tsa segompieno ba ileng ba diragatsa bodihedi jwa bone jwa Bogosi ka gone e ka kgona go bonwa ka go dirisa ditlhogwana di le mmalwa tseo eleng tsa konokono. Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Dates,” go na le setlhogo se se fa gare se se reng “Clarification of Beliefs.” Ditshupiso tseo di bontshang diphetogo tse dikgolo malebana le tsela eo re tlhaloganyang dithuto tsa motheo, dipolelelopele, le tse di malebana le boperofeti di thathamisitswe go ya ka dingwaga tsa tsone. “Dates of Prophetic Significance” e latela mo e ka nnang ka bonako fela morago ga moo. Tseno ke dingwaga tseo ka tsone dipolelelopele kana boperofeti bo neng jwa diragadiwa ka tsone.
5 Dipolelo tsa botshelo jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ke motswedi wa kgothatso mo go rona ebile di a re ruta. Di ka kgona go re thusa go thaya motheo o o nonofileng wa isagwe mo baneng ba rona le diithuti tsa rona tsa Bibela. O tla fitlhela gore dikgang tseno tsa botshelo di thathamisitswe go ya ka maina a bone le setlhogo kafa tlase ga “Life Stories of Jehovah’s Witnesses.” Gape bona setlhogo se se reng “Dipolelo tsa Botshelo” mo tatelanong ya ditlhogo eo e tlhagang ngwaga le ngwaga go Tora ya Tebelo ya December 15.
6 Selo se se tlhomologileng mo bathong ba ga Jehofa ke thuto ya Dikwalo kaga mafelo a le mabedi a batho bao ba amogetsweng ke Jehofa ba yang kwa go one—la selegodimo le la selefatshe. Setlhogo sa konokono seo re fitlhelang ditshupiso tsa bao ba amogetseng ‘pitso ya selegodimo’ mo go sone ke “Congregation of God.” (Baheb. 3:1; Dit. 20:28; 1 Tim. 3:15.) Ditlhogo tse dingwe ke “Remnant” le “144 000.” Ditlhogo di le pedi, “Great Crowd” le “Other Sheep,” ke ditlhogo tsa konokono tseo di bontshang tshedimosetso eo e leng malebana le bao tsholofelo ya bone eleng botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Tshen. 7:9; Yoh. 10:16.
7 Go sa kgathalesege gore a re babotlana kana re godile, tshiamelo ya go nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa e kopanyeletsa karolo nngwe le nngwe ya botshelo. Ditlhogo tsa mo isagweng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di tla bontsha ka moo Index e ka re thusang ka gone mo bodiheding jwa rona, mo phuthegong, mo teng ga lelapa, le mo tshimong.