Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi mo Phuthegong
1 Ka Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Jehofa o neetse boikarabelo go “motlhanka yo o boikanngo” kana mokaedi wa ntlo. (Luke 12:42, 43) Thulaganyo eno e dirile gore go kgonege gore re amogele kaelo e e kwadilweng e e malebana le ka moo ‘re tshwanetseng ra itshwara ka gone mo ntlong ya Modimo.’ (1 Tim. 3:15) Sedirisiwa se segolo seo se dirisiwang go bona gore ke eng seo se gatisitsweng ke Watch Tower Publications Index. (Fa o go fitlhela go le thata go dirisa Watch Tower Publications Index ka Seesemane, o tla fitlhela ditsopolo tse di tshwanang tse di mosola mo tatelanong ya ditlhogo e e tlhagang ngwaga le ngwaga kafa morago ga Tora ya Tebelo ya December 15 le Tsogang! ya December 8.) E ka go thusa jang?
2 A o mogolwane? Go na le ditlhogo di le pedi tse di akaretsang tseo di leng malebana le boikarabelo jwa gago: “Elders” le “Overseers.” Karolo ya “Elders” e na le bontsi jwa ditshupiso tse di go bontshang tshedimosetso e e malebana le go thusa batho ba ba farologaneng mo phuthegong, ka moo o ka neelang kgakololo ka gone, tsela eo setlhopha sa bagolwane se tshwanetseng sa lebana ka yone, maikarabelo a bagolwane, le tse dingwe. Ditshupiso tse di malebana le ditshwanelego di fitlhelwa kafa tlase ga “Overseers,” ereka setlhogo seo e le lefoko leo Bibela e le dirisang fa e tlotla ka dilo tseno. Gape kafa tlase ga “Overseers” go na le dikabelo tsa tiro tse di nntseng jaaka, “presiding overseer,” “service overseer,” le “secretary.” Setlhogo se segolo se se reng “Congregations” le sone se tla neela tshedimosetso e e mosola.
3 Lona bao lo leng batlhanka ba bodihedi le lona lo na le seabe se se botlhokwa tota mo phuthegong. Setlhogo se se reng “Ministerial Servants” se neela tshedimosetso e e malebana le ditshwanelego tsa lona le maikarabelo a lona. Gape lo tla bona ditshupiso tse di malebana le kafa ditshiamelo tsa tirelo di leng botlhokwa ka gone tseo di go bulegelang le ka moo o ka lekelang go bona boikarabelo jo bo oketsegileng ka gone.
4 Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba na le ditshiamelo tse di malebana le dipokano mo phuthegong. Setlhogo se se reng “Meetings” se neela ditshupiso tse di leng malebana le karolo nngwe le nngwe ya setlhogo seo, go akaretsa le dikai tse di kgatlhisang kafa tlase ga “efforts to attend.” Gone ke boammaaruri gore, go na le gape ditlhogo tse dikgolo tsa dipokano dingwe le dingwe.
5 Pesalema 68:11 e bolela jaana: “Basadi ba ba itsiseñ batho mahoko ba nne bontsi yo bogolo.” Jaaka maloko a banna a phuthego, bokgaitsadi le bone ba tshwanetse ba tshwarelela mo boitshwarong jo bo tshwanetseng joo bo ba tshwanetseng mo ntlong ya Modimo. Ka dinako tse dingwe go tlhaga dipotso tse di buang ka ditlhogo tse di tshwanang le gore ke leng kgaitsadi a tshwanetseng a rwala mo tlhogong kana gore ke eng seo se tshwanetseng sa dirwa fa go sena mokaulengwe ope yo o ka kgonang go tshwara dipokano kana yo o tshwanetseng a emela phuthego ka thapelo a le gone. Setlhogo se se reng “Women” se ka nna sa go kaela kwa tshedimosetsong e e buang ka ditlhogo tseno. Gape le ditlhogo tse di jaaka “Sisters,” “Head Covering,” le “Prayer” di a thusa.
6 Karolo e e konelang ya ga 1 Timotheo 3:15 e bua ka phuthego ya Bokeresete e re ke “lekotwana le setshegeco sa boamarure.” Re na le tshiamelo ya go tshegetsa boammaaruri jaaka fa re itshwara ka tsela e e siameng mo ntlong ya Modimo, re diragatsa bodihedi jwa rona jwa Bogosi mo phuthegong.