Kgothaletsa ba Bangwe Gore ba Bale Tora ya Tebelo
1 Ka April le May, re tla batla go kgothatsa bao ba ratang boammaaruri gore ba bale Tora ya Tebelo ka metlha. Seo re se itemogetseng rona ka namana se re tlhatswitse pelo gore mo dimakasineng tsotlhe tseo di gatisiwang gompieno, ke yone fela eo e neelang dijo tsa semoya tseo di tlhokwang ke bao ba lelang le go sonelela maemo a a maswe a lefatshe.—Esek. 9:4.
2 Tora ya Tebelo e re thusitse go tlhaloganya polelelo pele ya Bibela eo e bontshang gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo lere kagiso mo lefatsheng. Fa re amegile ka mmatota ka matshelo a ba bangwe seno se re tlhotlheletsa gore re abelane tsholofelo e e itumedisang eno le bone. Ebile re a kgothala fa re bona gore ba le bantsi ba ba dipelo tse di ikanyegang ba a kokoanngwa gore ba bolokwe.—Yoh. 10:16.
3 “A O Tla Thanya Lo Le Tsebeng?” ke setlhogo se se tsosang maikutlo sa dingwe tsa ditlhogo tse di leng go tokololo ya Tora ya Tebelo ya April 1, 1991. Tokololo ya April 15 e na le setlhogo se se reng “Totatota Kagiso Eo E Nnelang Ruri E Tla Tla Leng?” Ditlhogo tseno di ka nna tsa golaganngwa monate le Setlhogo sa gone jaanong sa Motlotlo se se reng, “Kagiso ya Lefatshe Lotlhe, A E Gaufi?” Gore o kgone go bona gore a mong wa ntlo o kgatlhegela mafoko a a molemo ka mmatota, mo gogele mo motlotlong o o itumedisang le o o botsalano wa Bibela. Seno se batla gore o ipaakanyetse e santse e le nako le gore o nne o ntse o ipaakantse go bontsha ka moo ditlhogo dingwe tse di leng mo makasineng wa bosheng di tla thusang mong wa ntlo ka gone gore a atolose tsela eo a tlhaloganyang setlhogo se se tlotliwang ka gone.
4 Re batla go kgothatsa ba le bantsi ka mo go kgonagalang ka gone gore ba dire peeletso ya Tora ya Tebelo. Lemororo kwantle ga pelaelo re tla bona dipeeletso di le dintsi fa re tsamaya ka ntlo le ntlo, ga re batle go lebala bao re dirang kgwebo le bone, baagelani ba rona le balosika. Fa motho a sa batle mpho ya peeletso, mo neele dimakasine tse pedi. O ka nna wa kgona go kwala leina la gagwe mo bathong bao o ba tsamaisetsang dimakasine ka metlha mme o bo o nna o mo etela ka metlha. Fa o ntse o etela motho yono ka metlha seno se tla mo dira gore a tlhagolele kgatlhego mme o bone gore ke leng fa go tshwanela gore o ka mo direla peeletso. Gakologelwa gore tiro ya rona ke go rera mafoko a a molemo le go dira barutwa.—Math. 24:14; 28:19, 20.
5 April le May di tla re neela ditshono di le dintsi tsa go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa ka ntlo le ntlo mmogo le ka go tlotla le batho bao re kopanang le bone ka mokgwa o eseng wa ka tlwaelo. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela a ntse a segofatsa maiteko a rona ao re a dirang ka tlhoafalo a gore re batle bakgobaladi ba ba mo tshimong ya rona mme re ba tlamele ka dijo tse di tlhokafalang tsa semoya.