Go Tsamaisa Peeletso ya Tora ya Tebelo ka May
1 Boikaelelo jwa Tora ya Tebelo bo bontshiwa ka papamalo mo tokololong nngwe le nngwe ya yone kwa godimo mo tsebeng 2. Ke eng seo re ka se dirang tumalanong le boikaelelo jo bo bontshitsweng joo e le gore re ke re kgone go thusa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng? Ka May, re tlile go dira boiteko jo bo kgethegileng jwa gore re kgothatse batho ba le bantsi ka moo go ka kgonegang ka teng gore ba dire peeletso ya Tora ya Tebelo.
2 Re ka nna ra re jaana mo mothong mongwe yoo a bolelang gore e setse e le Mokeresete:
◼ “Re botsa baagelani ba rona potso nngwe mme re tla rata fa o ka akgela malebana le yone. Ereka Jesu a re rutile gore re rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka fa e dirwa kwa legodimong, a o akanya gore thato ya Modimo ruri e tla tsamaya e dirwa mono mo lefatsheng?” Mo letle gore a arabe, mme morago ga moo o bo o bula Isaia 55:10, 11 mme o kope mong wa ntlo gore a ele tlhoko kafa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di tlileng go diragadiwa ka teng.—rsTN, ts. 12, ketapele ya bobedi kafa tlase ga “Bogosi.”
3 Fa mong wa ntlo a bontsha kgatlhego, o ka nna wa tswelela pele ka go bolela jaana:
◼ “Bongwe jwa maikaelelo a makasine wa Tora ya Tebelo ke go tlhokomedisa batho kafa boperofeti jwa Bibela bo diragadiwang ka teng. Bona setlhogo seno.” Morago ga moo o bo o mo tlhokomedisa setlhogo sa ntlha se se mo tokololong ya May 1 ya Tora ya Tebelo, “1914—Ngwaga E E Neng ya Garola Lefatshe Lotlhe Pelo” o bo o re: “O ka nna wa tswa o ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le kgatlhego mo go 1914?’ Bona seo serapa sa 2 se se bolelang ka 1914 le ka Tora ya Tebelo.” Morago ga moo o bo o bala serapa seo.
4 Fa o batla go nna le motlotlo o moleelenyana, o ka nna wa oketsa seo o buisanang le ene ka sone ka go akaretsa temana ya Tshenolō 21:3-5, jaaka fa go tlhalositswe mo bukeng ya Go Fetolana.
Mo lekgetlong leno, e ka nna ya re morago ga fa o sena go bala Isaia 55:10, 11, o bo o re:
◼ “Boperofeti bongwe joo bo leng malebana le thato ya Modimo ka lefatshe bo tla tloga bo diragadiwa. Bo tla ama botshelo jwa gago le jwa me. A o ke o akanye fela ka seo se kwadilweng mo go Tshenolō 21:3-5.” E ka nna ya re morago ga moo o bo o bala ditemana tseo le go tlotla le ene ka masego ao a tlileng go nna teng kafa tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo. Mo tlhalosetse kafa Tora ya Tebelo e itsiseng puso ya Bogosi jwa Modimo ka gone.
O ka nna wa re:
◼“Tokololo ya May 1 e na le setlhogo se se reng ‘Ke Mang Yo O Tla Falolang “Motlha oa Khuduègō”?’ Se tla go bontsha kafa o ka tshelang mo lefatsheng le lesha la tshiamo ka gone kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo joo re balang ka jone mo go Tshenolō 21.”
5 Dirisa Tora ya Tebelo Go go Thusa go Simolola Thuto ya Bibela: Mokgele wa rona ke go thusa ba bangwe gore ba ithute boammaaruri e le gore le bone ba ke ba fetoge bao ba direlang Jehofa mmogo le rona mme ba nne le seabe mo go itsiseng Bogosi jwa ga Jehofa. Ka jalo, fa re bona batho bao ba kgatlhegang, re tshwanela gore re kwale seo mme re bo re boela ka bonako kwa go bone.
6 Le mororo go sena pelaelo gore re tlile go bona bontsi jwa dipeeletso tsa rona ka ntlo le ntlo, ga re rate go lebala bao re dirang tiro nngwe le bone, baagelani ba rona, le ba losika. Fa re na le seabe mo tirong ya mmila mongwe a ka nna a re: “Dimakasine tseno tsa lona ke aga ke di bala fela.” Mo tlhalosetse kafa a ka amogelang Tora ya Tebelo ka metlha ka gone ka go dira peeletso ya yone. A bana ba rona ka namana ba na le peeletso? A re ile ra akanya ka go romelela mongwe yoo eleruri re amegileng ka ene mpho ya peeletso? Go tweng ka bao re dirang maeto a go boela ka metlha kwa go bone kana le eleng bao re ithutang Bibela nabo? Fa motho a sa kgone go ka dira peeletso ya ngwaga otlhe, mo neele peeletso ya dikgwedi di le thataro. Fa motho a sa amogele peeletso, mo kgothaletse gore a tseye dimakasine tse pedi.
7 Fa re ntse re bolelela ba bangwe ka boammaaruri re thusiwa ke Tora ya Tebelo, ekete re ka kopa Jehofa gore a re kaele mo tirong eno ya rona e le gore re ke re bone ba sekadinku le go ba fepa.—Yoh. 21:15-17.