LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/96 ts. 2
  • Ipaakanyetse Tiro ya Dimakasine ka April

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ipaakanyetse Tiro ya Dimakasine ka April
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Kgwedi ya April e Tla Bo e le Kgwedi e e Kgethegileng mo go Wena?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • A re Ka Dira April 2000 Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Dimakasine Tse Di Tlhomologileng Tse Di Buelelwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 2/96 ts. 2

Ipaakanyetse Tiro ya Dimakasine ka April

Jaaka fa re bone mo 1996 Calendar ya rona, Sejo sa Morena sa Maitseboa se tla ketekiwa ka April 2 monongwaga. E re ka re tla bo re kgothaditswe ke tiragalo e e botlhokwa eno, a rotlhe re nne le seabe ka tlhoafalo mo go tsamaiseng dimakasine mo kgweding yotlhe ya April. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng re ile ra itumelela Letsatsi le le kgethegileng thata la Dimakasine ka April. Monongwaga letsatsi la April 20 ke lone le le beetsweng kwa thoko. A bo re tla bo re dirisa dimakasine tse di tshwanelang jang ne! Tora ya Tebelo ya April 1 e tla bo e thailwe mo puong ya phatlalatsa ya kopano ya kgaolo ya ngwaga o o fetileng e e neng e re “Bakang Kgosi ya Bosaenkae!” Tora ya Tebelo ya April 15 e tla nna le setlhogo se se tshwanang le sa puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya ngwaga o o fetileng ka April se se reng, “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Gaufi.” Puo e e kgethegileng ya ngwaga ono ka April 21 ka setlhogo se se reng “Go Nna re Sena Molato mo Gare ga Losika lo lo Logwadi,” e tshwanetse ya re tlhotlheletsa le go feta. Re tla bo re tsamaisa Tsogang! ya May 8 ka setlhogo se se reng “Fa go sa Tlhole go Nna le Dintwa.”

Go tsweletsa letsholo la pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ya ngwaga o o fetileng ka April, kgwedi eno ya April e tshwanetse go nna e e kgethegileng ya go tsamaisa dimakasine. Eno ke yone nako ya go dira dithulaganyo. Bontsi bo tla batla go ikwadisa go nna babulatsela ba ba thusang. Go tshwanetse ga otariwa dikhopi tse di oketsegileng tsa dimakasine tsa April go ya kafa lo di tlhokang ka teng. Go ka dirwa dithulaganyo tsa Malatsi a Dimakasine gore fa go kgonega mongwe le mongwe a nne le seabe—mo mosong, motshegare le maitseboa. A rotlhe re nne “badiri ba lefoko.” Fela jaaka go boleletswe pele ka Mesia mo go Pesalema 69:9, e kete le rona re ka kgona go bua re re: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e njele.”—Jak. 1:22; Joh. 2:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela