Dimakasine Tse Di Tlhomologileng Tse Di Buelelwang
1 Ditokololo tsa April le May tsa Tora ya Tebelo le Awake! di tlile go nna le ditlhogo tse di kgatlhisang thata mo go botlhe bao ba batlang isagwe e e itumedisang. Ka sekai, “Ke Mang Yo O Tla Gogelang Setho kwa Kagisong?” le “Kagiso ya Lefatshe Lotlhe—Tota E Tla Bolelang?” ke ditlhogo tsa ditokololo tsa Tora ya Tebelo tsa April 1 le April 15. Ga se batho ba le kalo ba ba itseng dikarabo tse di tshwanetseng tsa dipotso tseno. Mme lefa go ntse jalo Jehofa ga a re tlogela fela re akabetse. (Amose 3:7) Eleruri, batho ba le dimilionemilione ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang ba tla rata go itse dikarabo tse e leng tsa boammaaruri tsa tsone.
2 Ditokololo tsa Awake! tsa April le May tsone di tlile go nna le ditlhogo tseno “What Prospects for Longer Life?” (Ke Ditebelelo Dife Tse Di Leng Teng tsa Botshelo Jo Botelejana?), “A Clean Earth—Will You Live to See It?” (Lefatshe Le Le Phepa—A O Tla Bo O Santse O Tshela Fa le Tla?), le “A World Without Guns—Is It Possible?” (Lefatshe Le Le Senang Ditlhobolo—A go Ka Kgonagala Gore Le Nne Teng?) A o a dumalana gore batho ba mo tshimong ya lona ba tshwanetse ba fiwa sebaka sa go ka bala ditokololo tseno?
SEABE SE SE OKETSEGILENG
3 Re tshwanetse ra dira dithulaganyo gone jaanong jaana tsa gore re nne le seabe ka botlalo mo go anamiseng ditokololo tseno tse di tlhomologileng tseo di tlileng go tla ka April le May. Ke ka ntlhayang fa o sa dire dithulaganyo tsa gore o senye nako e ntsi go feta e o tlholang o e senya ka metlha mo go anamiseng dimakasine? E re ka go tlotliwa ka ditlhogo tse di leng mo nakong go le kalo, re ka tsamaisa dimakasine tseno re na le tsholofelo le ka matlhagatlhaga.
4 Ke eng seo se ka re thusang gore re oketse palo ya dimakasine tseo re di tsamaisang? Sa ntlha, re tshwanetse ra bala dimakasine tseno ka botlalo. Fa re tlwaelane ka botlalo le dimakasine tseno, seo se tla dira gore re di tsamaise ka tlhoafalo e kgolwane. Ka nako ya fa re di bala, re tshwanetse ra leka go bona dintlha tse re ka di buelelang mo ditlhogong tse di farologaneng. Ke eng seo se leng mo setlhogong sengwe le sengwe seo se ka ikuelang mo bathong ba mofuta o o rileng? Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Ke bomang bao segolobogolo ba tla anaanelang ditlhogo tseno? Ke eng seo se tla ikuelang go moagelani, go bao re ba tlwaetseng, go motho wa kgwebo, go moithuti, jalo le jalo?’ Gore re kgone go nna le katlego ka mmatota, re tshwanetse ra kgona go buelela dimakasine tseno ka namana re theile seo mo kitsong ya rona le mo go seo re se ipeletseng mo ditlhogong tsa tsone tse di mo nakong.
ITLHOMELE MOKGELE
5 Ba bangwe ba ka nna ba batla go itlhomela mokgele ka namana wa go tsamaisa dimakasine ka April le May. Fa o dira jalo, tlhomamisa gore o kope gore o okelediwe otoro ya gago ya dimakasine ka selekanyo se se lekanang mokgele oo wa gago. Seno se tshwanetse sa dirwa gone fela jaanong jaana, segolo-bogolo fa e le gore o rulaganyetsa go nna mmulatsela yo o thusang mo dikgweding tseo. Ka gone phuthego e ka otora dimakasine tse di oketsegileng ka nako e e tshwanetseng gore di bo di le gone fa di batlega.
6 Re ka tsamaisa dimakasine tseno mo bosuping jwa mmila le fa re etetse dikgwebo. Bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba nna le batho bao ba ba isetsang dimakasine ka metlha. Fa o dira maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegang, o ka nna wa ba tlogelela ditokololo tsa bosheng. Bosupi jo bo sa ikaelelwang le jone ke tsela e e molemolemo ya go neela bosupi le go tsamaisa dimakasine tseno.
7 Gakologelwa gore dimakasine tsa rona ga di tshwane le tse dingwe. Di bontsha tsela ya go bona kagiso, boitumelo, le botshelo jo bo sa khutleng. (Yoh. 17:3) Ka gone rulaganyetsa gone jaanong jaana gore o ipelele tiro e e oketsegileng ka ditlhogo tseno tse di tlhomologileng tseo di tlileng go gatisiwa mo ditokololong tsa April le May tsa Tora ya Tebelo le Awake!