Ka Moo Index e ka Solegelang Lelapa Molemo ka Gone
1 Fa e bua ka maloko a lelapa, 1 Timotheo 5:4 e bolela jaana: “A bauō ba ithutè pele go ichupa [poifomodimo, NW] mo go ba ga bōnè.” Eleruri go bontsha poifomodimo ka tsela eo re dirisanang ka yone le maloko a lelapa ke selo seo se tshwanetseng sa ithutiwa. Mo ntlheng eno re tlhoka go kaelwa ke Modimo, ereka go tlhokomela maloko a lelapa e le karolo ya boikarabelo jwa Mokeresete. Watch Tower Publications Index e ka kgona go re thusa gore re bone kaelo mo maemong a a farologaneng ao a tlhagang mo botshelong jwa lelapa. Fa o go fitlhela go le thata go dirisa Watch Tower Publications Index ka Seesemane, o tla fitlhela ditshupiso tse di tshwanang tse di mosola mo Tatelanong ya Ditlhogo kafa morago ga Tora ya Tebelo ya December 15 le Tsogang! ya December 8.
2 Lelapa le simolola fa monna le mosadi ba nyalana. (Gen. 2:24) A o akanyetsa lenyalo ka tsela e e masisi? Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Marriage,” o tla fitlhela setlhogo se se reng “selecting a mate.” Tshupiso eno e tla go bontsha kgakololo e e mosola mo tirong eno eo ka dinako tse dingwe e leng boima. Index gape e na le ditlhogwana tse di reng “husband’s role” le “wife’s role,” nngwe le nngwe e neela tshedimosetso eo e tla solegelang bao ba ratang go nyalana molemo le bao ba setseng ba nyalane. Mo godimo ga moo, ditlhogwana tse di ntseng jaaka “communication,” “closeness in,” le “peace” di bontsha dintlha tseo di ka nonotshang lenyalo. Fa go tsoga mathata, setlhogwana se se reng “problems in” di ka nna tsa go neela kgakololo e e molemo malebana le ka moo o ka a rarabololang ka gone.
3 Bana ke boswa jwa ga Jehofa. (Pes. 127:3) Batsadi ba ka godisa jang bana ba bone “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna”? (Baef. 6:4) Se se botlhokwa le go feta ke kaelo e Jehofa a e neelang ka Lefoko la gagwe le setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo. Batsadi ba tlhoka go lemoga maikutlo a bana ba bone le dilo tseo ba di tlhokang. Kgakololo e e mosola le dikakantsho di ka bonwa ka ditlhogo tsa Index tse di reng “Children” le “Youths.” Mme go tweng ka go tsenya molao wa ga Jehofa mo dipelong tsa bone tse dinnye? Setlhogo se se reng “Child Training” se isa kwa metlotlong e e bulang tlhaloganyo kaga karolo nngwe le nngwe ya go godisa bana, go akaretsa le ka moo o ka ba thusang ka gone gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa le gore ba nne le keletso ya boammaaruri.—1 Pet. 2:2.
4 Metlotlo ya Bibela le lelapa e e rulagantsweng e sa le pele e botlhokwa go dira gore lelapa e nne le le atlegileng. (Dute. 6:6-9; Isa. 54:13; Baef. 5:25, 26) Ditshupiso tse di leng malebana le go tshwara metlotlo e e ipedisang ya lelapa e ka bonwa kafa tlase ga setlhogo se se reng “Families.” Mo go Index ya bosheng jaana, setlhogwana se se reng “Bible study” se na le ditlhogwana tse di nntseng jaaka “making it effective,” “making it enjoyable,” le “making it interesting.” Gape, ke ka ntlha yang fa gangwe le gape lo sa lebelele nngwe ya dikgang tse di bolelang ka botshelo jwa Basupi ba ga Jehofa? Kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Full-Time Ministry,” o tla bontshiwa dikgang tse di tlotlang ka matshelo tse di nang le ditlhogo tse di tshwanang le “A Choice I’ve Never Regretted” le “Receiving the Requests of My Heart.” Gape dipego tse dingwe tse di ntseng jalo di neetswe kafa tlase ga “Missionaries.” Lenaane le le feletseng le fitlhelwa kafa tlase ga “Life Stories of Jehovah’s Witnesses.”
5 Watch Tower Publications Index ke sedirisiwa se se molemo sa go batla kgakololo le megopolo e mengwe malebana le botshelo jwa lelapa. Ekete e ka go thusa gore o bone boitumelo jo bogolo mo go diragatseng boikarabelo jwa gago mo lelapeng.