LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/98 ts. 1
  • Fa e Na le Matswela, e Dirise!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa e Na le Matswela, e Dirise!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Dirisang Dipuisano Tse di Akantshiwang ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Baakanyetsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Aba Dimakasine Tse di Supang ka ga Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A ke Tshwanetse Go e Tla ke Fetoga?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 2/98 ts. 1

Fa e Na le Matswela, e Dirise!

1 Tirelo ya Rona ya Bogosi e nna e re neela dikakantsho tse di farologaneng tse re ka di dirisang mo bodireding fa re buisana le batho. Seno se re naya megopolo e mesha e re ka e dirisang go dira gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi. Go ka nna ga direga gore o leka go ithuta e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa dipuisano tseno kgwedi nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, baboledi bangwe ba fitlhela gore ka nako ya fa ba dirisitse nngwe ya tsone ka makgetlho a le mmalwa, kgatiso e nngwe ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e ntsha dipuisano tse disha. Gone ke boammaaruri gore go ka se kgonege gore mongwe le mongwe a ithute puisano e ntšha a ise a kgone go dirisa ya pele sentle.

2 Gone ee, go na le babulatsela ba le diketekete le baboledi ba bangwe ba ba dirisang nako e ntsi mo tirelong ya tshimo. Mo godimo ga moo, diphuthego di le dintsi di bereka tshimo ya tsone di e fetse mo dibekeng di sekae fela. Mo maemong ano, baboledi ba itumelela go nna le ditsela le megopolo e mesha e ba ka e dirisang go bolela molaetsa. Seno se ba thusa go tokafatsa bokgoni jwa bone. Gape se dira gore bodiredi jwa bone bo kgatlhise bo nne le matswela e bile go ba thusa go lebana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.

3 Go sa kgathalesege gore maemo a gago ke afe, fa o baakantse puisano e e nang le matswela a a molemo go tsosa kgatlhego, o se tshabe, tswelela pele o e dirise! Ga go tlhokege gore o tlogele go dirisa puisano e e molemo e e nnang le matswela. E fetole fela gore e tsamaisane le mpho ya buka e e tsamaisiwang mo kgweding eo. Fa o ntse o sekaseka dipuisano tse di akantshitsweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi, batla dintlha tse di kgatlhisang tse o ka ratang go di dirisa mo puisanong ya gago.

4 Ka jalo, fa o amogela kgatiso e ntšha ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, gakologelwa gore dipuisano tse di mo go yone ke dikakantsho fela. Fa o kgona go di dirisa, go siame. Mme fa o setse o na le puisano e e nang le matswela mo tshimong ya lona, dirisa yone! Selo sa botlhokwa ke go “wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo” ka tsela e e molemo, o senka ba ba tshwanelang o bo o ba thusa go nna barutwa.—2 Tim. 4:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela