“Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
Boroutshara jo Bosha jo bo Diretsweng go re Thusa go Dira Maeto a go Boela le go Simolola Dithuto Tsa Baebele
1. Ke boroutšhara bofe jo bo golotsweng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Dibela Pelo ya Gago!” jo bo diretsweng go re thusa go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele?
1 Fa re ne re le kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Dibela Pelo ya Gago!,” re ile ra itumelela go amogela boroutšhara jo bosha jo bo tla re thusang go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele. Boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! bo tla dirisiwa mo boemong jwa Re Direng, mme diboroutšhara tseno di a tshwana ka gonne di na le dithuto tse di khutshwane. Boroutšhara jono bo tla re thusa gore re kgone go tshwara dithuto re eme ka dinao. Le fa go ntse jalo, e re ka boroutšhara jwa Re Direng bo ne bo bua ka dilo tse Bakeresete ba tshwanetseng go di dira, tse go ka nnang thata gore baithuti ba basha ba di dumele, boroutšhara jono jo bosha bo bua thata ka dikgang tse di molemo tse di fitlhelwang mo Baebeleng.—Dit. 15:35.
2. Ke ka ntlha yang fa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo bo ile jwa dirwa?
2 Ke ka ntlha yang fa bo dirilwe? Bakaulengwe go ralala lefatshe ba ntse ba kopa go direlwa sengwe se se motlhofo go ka tlhaloganngwa se se ka kgonang go ngokela batho mo boammaaruring le go ba fetisetsa mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng?, e leng sedirisiwa sa rona sa konokono sa go tshwara dithuto tsa Baebele. Gantsi batho ba ba sa rateng go bala dibuka ba rata thata go ithuta Baebele go dirisiwa boroutšhara. Mo godimo ga moo, boroutšhara bo kgona go ranolelwa motlhofo mo dipuong di le dintsi.
3. Boroutšhara jono bo farologana jang le dikgatiso tse dingwe tse di ithutiwang?
3 Kafa bo Dirilweng ka Teng: Bontsi jwa dikgatiso tse re di ithutang di kwadilwe ka tsela e e thusang motho gore a kgone go e bala le go tlhaloganya boammaaruri le fa a sa thusiwe ke ope. Kgatiso eno yone e farologane. E kwadilwe gore e kgone go thusa motho go ithuta Baebele go na le motho yo o mo rutang. Ka jalo, fa re e tsamaisetsa motho, go ka nna botlhale gore re sekaseke serapa se le sengwe kgotsa di le pedi le ene. Dirapa tsa teng di dikhutshwane, ka jalo, di ka balwa lo eme ka dinao kgotsa kwa lefelong la gagwe la kgwebo. Le fa go le molemo go simolola ka thuto 1, re ka simolola thuto gongwe le gongwe mo boroutšhareng jono.
4. Boroutšhara jono bo re thusa jang gore re rute go tswa mo Baebeleng ka tlhamalalo?
4 Mo dikgatisong tsa rona tse dintsi, re kgona go bona dikarabo tsa dipotso tse di kwadilweng mo dirapeng. Le fa go ntse jalo, mo kgatisong eno, gantsi dikarabo di fitlhelwa mo Baebeleng. Batho ba le bantsi ba batla go ithuta go tswa mo Baebeleng go na le go tswa mo dikgatisong tsa rona. Ka jalo, bontsi jwa ditemana tse di umakilweng ga di a nopolwa. Di tshwanetse go balwa go tswa mo Baebeleng. Seno se thusa baithuti gore ba lemoge gore se ba se ithutang se tswa kwa Modimong.—Isa. 54:13.
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore motho yo o tshwarang thuto a baakanyetse sentle pele ga thuto nngwe le nngwe?
5 Boroutšhara jono ga bo tlhalose ditemana tsotlhe. Ka ntlha yang? Bo diretswe go rotloetsa moithuti go botsa dipotso le go letla motho yo o ithutang le ene gore a dirise bokgoni jwa gagwe jwa go ruta. Ka jalo, go botlhokwa gore a baakanyetse pele ga thuto nngwe le nngwe. Ela tlhoko: O se ka wa bua thata. Re rata go tlhalosa Dikwalo. Mme gantsi re kgona go thusa moithuti ka go mo kopa gore a tlhalose se temana e se kayang. Ka go dirisa dipotso ka botlhale, re ka kgona go mo thusa gore a tlhalose se temana nngwe le nngwe e se kayang.—Dit. 17:2.
6. Re ka dirisa boroutšhara jono jang: (a) fa re kopana le batho ba ba sa dumeleng mo Modimong le mo Baebeleng? (b) fa re dira tiro ya ntlo le ntlo? (c) fa re simolola dithuto tsa Baebele ka tlhamalalo? (d) fa re dira maeto a go boela?
6 Fela jaaka dikgatiso tse dingwe tse di dirisiwang go tshwara thuto, boroutšhara jono bo ka tsamaisiwa nako nngwe le nngwe, go sa kgathalesege gore go tsamaisiwa kgatiso efe mo kgweding. Baboledi ba le bantsi ba tlile go itumelela go e dirisa go simolola dithuto mo loetong lwa ntlha. Mo godimo ga moo, jaaka go ile ga tlhalosiwa kwa kopanong ya kgaolo, go dirisa boroutšhara jono fa o boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego, “ruri go ka dira gore o itumelele go dira maeto a go boela!”—Bona mabokoso a a mo tsebe 5-7.
7. O ka tshwara thuto ya Baebele jang o dirisa boroutšhara jono?
7 Kafa o ka Tshwarang Thuto ka Teng: O ka simolola motlotlo ka go bala dipotso tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng tse di nang le dinomoro. Go tswa foo, bala serapa le (di)temana e e kwadilweng ka mokwalo o o sokameng. Botsa dipotso ka botlhale go thusa mong wa ntlo go tlhaloganya se ditemana di se kayang. Go tswa foo, pele o fetela kwa karolong e e latelang, kopa mong wa ntlo gore a arabe potso e e kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng go tlhomamisa gore o tlhaloganya se lo se ithutang. Mo maetong a ntlha a le mmalwa, go ka nna molemo gore lo sekaseke potso e le nngwe ya dipotso tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng. Fa nako e ntse e tsamaya, o ka nna wa oketsa motlotlo go akaretsa thuto yotlhe.
8. Re tshwanetse go buelela ditemana jang mme ka ntlha yang?
8 Ditemana tse di umakilweng tse di kwadilweng “bala” ke tsone tse di arabang potso e e kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng ka tlhamalalo. Fa o buelela temana, tila go bua mafoko a a jaaka, “Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana” kgotsa “Ela tlhoko se Jeremia a neng a se bolelela pele.” Mong wa ntlo a ka akanya gore re bala mafoko a batho fela. Go ka nna botoka fa o ka re, “Lefoko la Modimo le a re” kgotsa “Ela tlhoko se Baebele e ileng ya se bolelela pele.”
9. A ditemana tse di umakilweng di tshwanetse go balwa tsotlhe?
9 A re tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse di umakilweng kgotsa ditemana tse di kwadilweng “bala” fela? Go tla ikaega ka maemo. Ditemana tsotlhe tse di umakilweng di lo bontsha kwa lo ka bonang ntlha e lo tlotlang ka yone teng. Temana nngwe le nngwe e na le tshedimosetso e go ka tlotliwang ka yone. Mme mo maemong mangwe, ka ntlha ya go tlhoka nako ga moithuti, go tlhoka kgatlhego kgotsa go sa kgone go bala sentle, go ka nna botlhale gore lo bale ditemana tse di kwadilweng “bala” fela.
10. Ke leng mo re ka fetelang mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng?
10 Nako ya go Fetela mo Bukeng ya Baebele e Ruta Eng?: Morago ga go nna le metlotlo e le mmalwa e bile re setse re ithuta le moithuti ka metlha, re ka nna ra fetela mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa re ka nna ra tswelela ka boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo go fitlha re bo fetsa. Baboledi ba ka dirisa botlhale go bona gore ke leng ba tshwanetseng go fetela kwa bukeng e nngwe. Fa re setse re dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng?, a re tshwanetse go simolola kwa tshimologong? Ga go na melao e e beilweng malebana le kgang eno. Batho ga ba tshwane. Le fa go ntse jalo, baithuti ba le bantsi ba tla solegelwa molemo fa ba boeletsa tshedimosetso eo ka botlalo mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng?
11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa boroutšhara jono jo bosha ka tsela e e molemo?
11 Mo lefatsheng leno le dikgang tse di molemo di sa bonweng motlhofo mo go lone, re na le tshiamelo e kgolo ya go itsise batho dikgang tse di molemo ka mo go ka kgonegang ka teng—gore Bogosi jwa Modimo bo a busa le gore bo tla tloga bo tlisa lefatshe le lesha le go tla nnang le tshiamo mo go lone. (Math. 24:14; 2 Pet. 3:13) Re tlhomamisegile gore batho ba le bantsi ba ba utlwang molaetsa ono ba tla dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa, yo o tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka, yo o itsiseng poloko phatlalatsa, yo o rayang Siona a re: ‘Modimo wa gago jaanong ke kgosi!’” (Isa. 52:7) E kete re ka dirisa boroutšhara jono jo bosha go isa dikgang tse di molemo tse di tswang kwa Modimong kwa bathong ba ba nyoretsweng boammaaruri ba ba mo tshimong ya rona!
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Fa Batho ba sa Dumele mo Modimong le mo Baebeleng:
● Mo mafelong mangwe, baboledi ba fitlhela mafoko “Modimo” le “Baebele” a thibela motlotlo. Mo boemong jo bo ntseng jalo, mo loetong lwa ntlha go ka nna molemo gore o tlotle ka dilo tse batho ba mo lefelong la lona ba tshwenyegileng ka tsone, jaaka go batla puso e e siameng, kwa malapa a ka bonang thuso teng le gore isagwe e re tshwaretse eng. Gongwe re ka buelela boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo morago ga gore re tlotle ka makgetlho a le mmalwa le mong wa ntlo go bona gore re itse jang gore Modimo o teng le gore ke ka ntlha yang fa Baebele e ikanyega.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Fa re Dira Tiro ya Ntlo le Ntlo:
● “Ke go etetse go tla go go bontsha kafa go leng motlhofo ka teng go bona se Modimo a ikaeletseng go se direla batho mo isagweng. A o kile wa ipotsa gore a Modimo o tla re golola mo pogong? [Mo letle gore a arabe.] Boroutšhara jono bo bontsha gore ke kae mo Baebeleng mo o ka bonang karabo ya potso eno teng. [Mo neye boroutšhara o bo o bala serapa sa ntlha mo thuto 1, mmogo le Jeremia 29:11.] Go tswa mo go se o se utlwileng, a go a utlwala gore Modimo o batla gore re nne le isagwe e e molemo? [Mo letle gore a arabe.] Fa o rata boroutšhara jono, o ka bo tsaya. Mo nakong e e tlang, re ka tlotla ka serapa sa bobedi go bona karabo ya potso eno e e tswang mo Baebeleng, ‘Modimo o tlile go golola batho jang mo pogong?’” Fa go lebega mong wa ntlo a na le nako e e oketsegileng mo loetong lwa ntlha, lo ka bala le go sekaseka serapa sa bobedi le ditemana tsa Baebele tse tharo tse di mo go sone. Rulaganyetsa go boa gore lo tle go sekaseka potso ya bobedi mo thutong eo.
● “Batho ba le bantsi ba rata go rapela, segolobogolo fa ba na le mathata. A o a tle o rapele ka dinako dingwe? [Mo letle gore a arabe.] A o akanya gore Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe, kgotsa a go na le dithapelo tse di sa mo itumediseng? [Mo letle gore a arabe.] Ke na le boroutšhara jo bo bontshang kafa re ka bonang ka teng dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng. [Mo neye boroutšhara lo bo lo sekaseka serapa sa ntlha mo thuto 12 le ditemana tse di kwadilweng “bala.”] A ga se selo se se itumedisang go bo Modimo a iketleeditse go re reetsa? Mme fa re batla go solegelwa molemo ke thapelo ka botlalo, re tshwanetse go itse Modimo sentle. [Bula mo thuto 2 o bo o mmontsha ditlhogwana.] Fa o kgatlhegela boroutšhara jono, nka go naya jone mme mo nakong e e tlang re ka bala dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tseno tse di kgatlhang.”
● “Ke go etetse ka gonne batho ba tshwenyegile ka moo lefatshe leno le leng maswe ka teng. A o akanya gore boemo jwa lone bo tla fetoga? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba gakgamadiwa ke go ithuta gore Baebele e na le dikgang tse di molemo tse di ka re nayang tsholofelo. Dingwe tsa dipotso tse Baebele e di arabang ke tseno.” Mo neye boroutšhara o bo o mo kopa gore a tlhophe potso e e mo kgatlhang thata e e mo tsebeng e e kwa morago. Go tswa foo, mo ise kwa thutong eo o bo o mmontshe gore thuto e tshwarwa jang. Rulaganyetsa go boela kwa go ene gore lo tle go sekaseka potso e e latelang mo thutong eo.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Leka go Buelela Thuto ka Tlhamalalo:
● “Ke go etetse ka nako e khutshwane go tla go go itsise ka tsela e ntšha ya go ithuta Baebele. Boroutšhara jono bo na le dithuto di le 15 tse di bontshang gore ke kae mo Baebeleng ya gago o ka bonang dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa. [Mmontshe tsebe e e ka fa ntle le e e kwa morago.] A o kile wa leka go tlhaloganya Baebele? [Mo letle gore a arabe.] Mma ke go bontshe kafa dithuto tseno di leng motlhofo ka teng. [Sekasekang serapa sa ntlha sa potso 3 mo thuto 3 lo bo lo bala Tshenolo 21:4, 5. Fa go tshwanela, sekasekang serapa se se latelang le ditemana tse di kwadilweng “bala.”] Fa o kgatlhegela boroutšhara jono, nka go tlogelela jone. Re go kgothaletsa gore o leke go ithuta Baebele ka mokgwa ono. Fa o rata, o ka tswelela. Mo nakong e e tlang, re tla sekaseka thuto ya ntlha. Ela tlhoko gore e boleele jwa tsebe e le nngwe fela.”
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Buelela Boroutshara jo Bosha mo Loetong Lwa go Boela:
● Fa re boela kwa mothong yo ileng a bontsha kgatlhego re ka nna ra re: “Ke itumelela go go bona gape. Ke go tletse ka boroutšhara jono jo bo nang le dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di kgatlhang. [Mo neye boroutšhara o bo o mo kopa gore a lebe tsebe e e kwa morago.] Ke setlhogo sefe se se go kgatlhang thata mo ditlhogong tseno? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, bula thuto e a e tlhophileng.] Mma ke go bontshe kafa o ka dirisang boroutšhara jono ka teng go bona dikarabo tsa Baebele.” Mmontshe kafa thuto e tshwarwang ka teng ka go sekaseka serapa se le sengwe kgotsa di le pedi le ditemana tse di kwadilweng “bala.” Ka go dira jalo, o setse o simolotse thuto ya Baebele! Tlogelela mong wa ntlo boroutšhara mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boela kwa go ene. Fa lo fetsa thuto, lo ka ithuta thuto e nngwe gape e e tlhophilweng ke mong wa ntlo kgotsa lo ka simolola kwa tshimologong ya boroutšhara.