Thusang Batho ba Sekadinku Go Aga mo Motheong o o Tiileng
1 Go aga ntlo go tlhoka gore o rulaganye dilo ka kelotlhoko le go dira maiteko o tlhoafetse. Morago ga polane ya ntlo e sena go dirwa, setsha sa mo kago eo e tla nnang teng se a baakanngwa mme go bo go theiwa motheo o o tiileng. Ntlo eno e tswelela pele e gola go fitlhelela kgabagare e wediwa. Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go thusa batho ba sekadinku go ithuta boammaaruri ka tsela e e bontshang kgatelopele. Re leka go tsosa kgatlhego fela mo loetong lwa ntlha. Morago ga moo, re dira maeto a go boela, re thaya motheo ka go ruta boammaaruri jwa motheo ka Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka batho.—Luke 6:48.
2 Lefa go le jalo, pele re ka thaya motheo, re tshwanetse go baakanya setsha sa kago, jaaka go ka tualo, re akanyetsa maemo a mong wa ntlo. Ke setlhogo sefe se go neng ga tlotliwa ka sone mo nakong e e fetileng? Go ne ga dirisiwa dikwalo dife? O ne a itshwara jang? O tlogeletswe kgatiso efe? Fa o mmoela, nna o gopotse dintlha dingwe tse di rileng, mme o bo o tswelela pele o aga motheo o o bontshang kgatelopele. Loeto longwe le longwe lo tla godisa kitso ya mong wa ntlo le tumelo ya gagwe mo Modimong e tla oketsega.
3 Fa o tsamaisitse buka ya “O Ka Tshelela Ruri,” o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Ke itumeletse go go fitlhela mo gae. O tla gakologelwa gore mo motlotlong wa rona wa bofelo, re ile ra buisana ka gore mo lefelong la rona batho ga ba na kgatlhego mo Modimong. Bibela e bontsha ka phepafalo gore Modimo o kgatlhegela batho le gore batho ba ba tshiamo ba tla segofadiwa ka Bogosi jwa gagwe. [Bala Mathaio 6:9, 10.] Ka Bogosi jono, tshiamo le tshiamiso di tla nna dikgolo.” Bala Isaia 11:3-5, go tswa foo o bo o dira gore mong wa ntlo a ele tlhoko dirapa tse pedi tsa ntlha tsa kgaolo 1 mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri. Dira pontsho ya ka fa setlhogo seno se ka ithutiwang ka gone.
4 Fa o tsamaisitse pampitshana ya Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha mo loetong lwa ntlha, o ka boeletsa dintlha tsa konokono tse lo neng lwa buisana ka tsone mo nakong e e fetileng, ka ga botlhokwa jwa go batla maemo a a botoka le ditsholofetso tsa Bibela. Gatelela ntlha ya gore re tshwanetse go nna le kitso ya boammaaruri gore re tle re tshele mo lefatsheng le lesha. Bala Yohane 17:3. Mo tlhalosetse gore fa re sena go nna le kitso e e ntseng jalo, re tshwanetse go dira thato ya Modimo. Bala 1 Yohane 2:17. Dira gore mong wa ntlo a ele tlhoko dintlha tse di tlhomameng tse di mo tsebeng 5 ya pampitshana eno.
5 Fa o ne wa gatelela setlhogo sa botshelo jwa lelapa ka nako ya fa o tsamaisa buka ya “O Ka Tshelela Ruri” mo loetong lwa ntlha, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Mo nakong e e fetileng fa ke ne ke go etetse, re ne ra tlotla ka setlhogo sa botshelo jwa lelapa. Re ne ra dumelana gore e le gore re tle re nne le botshelo jwa lelapa jo bo itumetseng, re tshwanetse go latela dikaelo tse di mo Bibeleng. O akanya gore go tlhokega eng go dira gore lenyalo e nne le le atlegileng?” Mo neye sebaka sa go araba. Gatelela dintlha tse di tlhomameng tse di tswang mo tshedimosetsong e e bontshitsweng mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo ditsebeng 243-6. Kopa mong wa ntlo a akgele ka ditshwantsho o bo o sekaseka dintlha tse o di tlhophileng tse di tshwanelang. Otlelela melemo e e ka bonwang ka ntlha ya melaometheo ya Bibela.
6 Fa o mo tlogeletse pampitshana ya Itumelele Botshelo jwa Lelapa, sekasekang melaometheo ya konokono ya Bibela e e bontshitsweng mo ditsebeng 4 le 5. Morago ga moo mo tsamaisetse buka ya O Ka Tshelela Ruri. Mmontshe kgaolo ya 29 ya setlhogo se se reng, “Ditsela tsa Go Atlegisa Botshelo jwa Lelapa,” o bo o bontsha ka fa seno se ka sekasekiwang ka teng le mong wa ntlo le lelapa la gagwe.
7 Rotlhe re tshwanetse go nna le seabe ka metlha mo go direng maeto a go boela. Latelela botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego ka go dira maeto a go boela a a nang le matswela ka September.