Tswelela Pele o Godisa Kgatlhego ka go Dira Maeto a go Boela a a Nang le Matswela
1 Puo nngwe le nngwe e e baakanyeditsweng sentle e nna le ketapele e e tsosang kgatlhego, mmele wa puo o o nang le tshedimosetso tota, le konelo e e tlhotlheletsang. Ketapele e ka gapa tlhokomelo ya bareetsi, mme fa puo e sena mmele le konelo, e tla bo e sa felela. Molaomotheo o o tshwanang le ono o a dira le mo bodiheding jwa rona. Ke selo se se molemo go tsosa kgatlhego ya mong wa ntlo mo loetong lwa ntlha, mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra tswelela pele re godisa kgatlhego eo re e boneng lwa ntlha ka go dira maeto a go boela a a nang le matswela.
2 Ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse pogo jaana? Abo eo e le potso e e dirang gore motho a akanye thata jang ne! A o a dumela gore batho ba le bantsi gompieno ba akantse ka kgang eno? Ke ka moo, mo setlhogong se se fa godimo, go ileng ga akantshiwa gore o botse potso eno kwa bokhutlong jwa loeto lwa gago lwa ntlha ka kgopolo ya go tla go e araba fa o boela.
3 O ka nna wa bolela jaana:
◼ “Dumela. Mo nakong e e fetileng fa re ne re bua, go ne ga tlhaga kgang ya gore Modimo o dumeletse pogo, mme ke ne ka go solofetsa gore ke tla go tlisetsa tshedimosetso nngwe fa ke boa. Batho ba le bantsi ba ikutlwa gore fa e le gore eleruri Modimo o amegile ka rona, o ne a tla fedisa pogo. Gongwe o ile wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang le eno le wena. [Naya mong wa ntlo sebaka sa go araba.] Bibela e re tlhomamisetsa gore totatota Modimo o a amega. [Bala 1 Yohane 4:8.] Modimo o na le mabaka a a utlwalang a go bo a dumeletse pogo go tswelela pele go fitlha le jaanong. Lengwe la mabaka ao le tlhalositswe mo go 2 Petere 3:9. [E bale.] Mabaka a mangwe a kwadilwe mo boroutšhareng eno.” Morago ga moo o bo o bula tsebe ya 15 ya boroutšhara ya “Bonañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha” mme o bo o tlotla ka ntlha e e mo kgatlhang.
4 Beng ba matlo ba bangwe ba ka nna ba itumelela go tlhalosediwa ka mo go oketsegileng ka botlalo, mme ba ka nna ba tlhoka go boelwa makgetlho a le mmalwa pele ba ka kgotsofalela karabo eo ka mo go feletseng. Bontsi jwa dibuka tsa Mokgatlho tsa ditsebe di le 192 tse di nang le khabara e e thata tse di tla bong di tsamaisiwa ka January di na le kgaolo e e ka dirisiwang jaaka motheo wa go tsweledisa motlotlo mo kgannyeng eno.
5 Fa o setse o ela go konela motlotlo wa gago, botsa potso e nngwe o bo o bolelela mong wa ntlo gore o tla itumelela go abalana le ene tshedimosetso e e kgatlhang fa o mmoela. Batho ba le bantsi ba ne ba ka rata go itse gore go diragalang fa motho a swa. Ke ka ntlha yang fa o sa rulaganye go tla go tlotla ka setlhogo seo ka nako e e tshwanetseng?
6 O ka thusega go nna o gopotse ka melaometheo eno e meraro ya konokono. Nna o fetofetoga le maemo. Mong wa ntlo o ka nna a bo a sa tlwaela go beela nako e e rileng kwa thoko ya go tlotla ka Bibela. Bua ka bokhutshwane. O se ka wa nna nako e telele kana wa bua dintlha tse dintsi mo loetong lwa ntlha. Mo mabakeng a le mantsi, batho ba itumelela maeto a gago fa e le gore o bua dintlha disekaenyana fela mo nakong e khutshwane. Bontsha lorato le botsalano. Bontsha mong wa ntlo gore o a mo kgatlhegela ka namana.
7 Mokgele wa rona o o potlakileng ke go dira gore mong wa ntlo a tsene mo motlotlong wa Dikwalo. Morago ga moo re batla go simolola thuto ya legae ya Bibela e e nang le matswela mo kgatisong e e tshwanetseng, mo bukeng e e jaaka ya Tshelela Ruri. O ka bona boipelo joo fa e le gore o tswelela pele o godisa ka bopelotelele kgatlhego e o e boneng la ntlha ka go dira maeto a go boela a a nang le matswela.