Go Dirisa Didirisiwa Tsa Botlhokwa ka Tsela E E Botlhale
1 Jaaka o ntse o rera ka ntlo le ntlo, mokgele wa gago e tshwanetse ya nna go tsenyeletsa mong wa ntlo mongwe le mongwe mo motlotlong o o agang, wa Dikwalo ka go dirisa Bibela le didirisiwa tse dingwe tsa botlhokwa. (Bapisa 2 Bakorintha 6:1; 2 Timotheo 2:15.) Batho ba mo tshimong ya lona ba amegile ka eng mo malatsing ano? A ba tshwenyegile ka seemo sa itsholelo le go wa nonofo ya botshelo jwa lelapa? A ba tshwenyegile ka go oketsega ga bokebekwa le boikepo mo lefatsheng leno? Dikakgelo disekae tsa ketapele ya nngwe ya dipuisano tseno di ka gogela kwa motlotlong wa Bibela o o molemo.
2 O ka nna wa bolela jaana:
◼ “Mo dinakong tseno tse di gwetlhang thata jaana, batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go bona madi a a lekaneng go ka itshedisa. A o akanya gore dipuso tsa batho di tla rarabolola mathata a batho a tsa madi ka tsela eo e tla kgotsofatsang mongwe le mongwe? [Reetsa karabo.] Nna ka namana ke ile ka fitlhela ntlha eno e le e e kgothatsang tota . . . ”
3 Morago ga moo o ka nna wa bala Pesalema 72:12-14 mme o konele motlotlo ka go tlhopha temana e nngwe mo go tseo di leng mo ditsebeng 175-6 mo bukeng ya Go Fetolana. Kana fa o sena go bala lokwalo lo le longwe fela, o ka bala serapa se le sengwe kana di le pedi mo kgaolong ya 1 le 2 mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri.
4 Mo bathong ba le bantsi o ka nna wa bona go le botoka go dirisa mokgwa ono:
◼ “Batho ba le bantsi ba dumela gore re tshela mo ‘metlheñ ea bohèlō’ le gore nako e e saletseng lefatshe leno e fela ka potlako. O ikutlwa jang ka seno? [Mo neye sebaka sa go araba.] A o kile wa lemoga gore Bibela e re bolelela kafa re ka kgonang ka gone go falola bofelo jwa lefatshe leno la gompieno mme re bo re tshela mo lefatsheng le le tla bong le dirilwe paradaise? A ke ka go balela lokwalo lono lo lo kgothatsang tota?” Bala Pesalema 37:9-11. Bontsha mong wa ntlo kgaolo ya 8 ya buka ya Kagiso ya Boammaaruri o bo o bala serapa sa 1. O ka nna wa rata go balela mong wa ntlo dikwalo tse di oketsegileng, go ikaegile ka gore o kgatlhega go le kana kang le ka nako e a nang le yone. (Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 274-82.)
5 Baboledi ba bangwe ba go fitlhetse go bereka go dirisa pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha Le Le Nang le Kagiso go simolola puisano. Ba bontsha mong wa ntlo setshwantsho fela ba bo ba mmotsa gore a o ne a ka rata go tshela tlase ga maemo a a ntseng jalo a kagiso. Morago ga moo ba tlhokomedisa mong wa ntlo serapa se se mo pampitshaneng eo. Fa ba sena go tlotla dintlha disekae go tswa mo pampitshaneng eno le go bala lokwalo lo le longwe fela kana a le mabedi, ba tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri.
6 Fa e le gore motho ga a a tsaya buka, mong wa ntlo o ka tlogelelwa pampitshana mme ga dirwa dithulaganyo tsa gore a boelwe gape go tsweledisa motlotlo. Baboledi ba le bantsi—go akaretsa le basha—ba simolola dithuto tsa Bibela ka katlego ba dirisa nngwe ya dipampitshana ka go bala fela serapa mme morago ga moo ba bo ba kopa mong wa ntlo gore a ntshe maikutlo a gagwe mo go se se badilweng.
7 Fa o ka kgona go simolola thuto mo loetong lwa pele, dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go tsweledisa motlotlo ono ka letlha le le latelang. O ka nna wa thaela loeto lwa gago lo lo latelang motheo ka go bolelela mong wa ntlo gore fa o boela kwa go ene o tla rata go abalana le ene potso e batho ba tlwaetseng go e botsa e e reng: “Ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse pogo jaana?” Setlhogo se se fa tlase se tla go akantsha kafa kgang eno e ka nnang ya simololwa ka gone fa o setse o boela.