Metlha ya Bofelo
Tlhaloso: Bibela e dirisa polelwana ‘metlha ya bofelo’ go lebisa go lobaka lo lo wetsang nako e e gogelang kwa katlholong e e tlhomilweng ya bomodimo e e tshwayang bofelo jwa tsamaiso ya dilo. Tsamaiso ya Sejuda le kobamelo ya yone e e neng e agilwe go dikologa tempele mo Jerusalema e ne ya itemogela metlha ya yone ya bofelo ka nako ya ditiragalo tse di neng tsa felela ka gore e nyelediwe ka 70 C.E. Se se neng sa diragala koo e ne e le tshwantshetso ya seo se tla itemogelwang ka tsela e kgolwanyane fela thata-thata mme e le mo selekanyong sa kgolokwe ka nako ya fa merafe yotlhe e tla bong e lebane le go ntshiwa ga katlholo e e laotsweng ke Modimo. Tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo, eo e anamang lefatshe lotlhe, e ne ya tsena mo metlheng ya yone ya bofelo ka 1914, mme bangwe ba losika lwa yone ba ba neng ba tshela ka nako eo gape ba tla bo ba le gone go itemogela bofelo jo bo feletseng ka “sepitla se segolo.”
Ke eng seo se supang gore le rona gompieno re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”?
Bibela e tlhalosa ditiragalo tse dintsi le maemo tseo di tshwayang lobaka lono lwa nako lo lo botlhokwa-tlhokwa. “Seshupō” ke seo se dikarolo dintsi seo se dirilweng ka dikai tse dintsi; ka gone tiragatso ya sone e tlhoka gore dikarolo tsotlhe tsa sesupo di bo di ile tsa bonala sentle ka nako ya losika lo le longwe. Dikarolo tse di farologaneng tsa sesupo di begilwe mo go Mathaio dikgaolo 24, 25, Mareko 13, le Luke 21; go na le ditlhaloso tse dingwe gape mo go 2 Timotheo 3:1-5, 2 Petere 3:3, 4, le Tshenolō 6:1-8. Ka tsela ya tshwantshetso, re tla akanyetsa dingwe tsa dikarolo tse di tlhomologileng thata tsa sesupo.
“Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi” (Math. 24:7)
Dintwa ga di bolo go nna di gaila batho mo lefatsheng ka diketekete tsa dingwaga. Go lolwe dintwa tsa ditšhabatšhaba le tsa selegae. Mme go simolola ka 1914 ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya lowa. Seno e ne e se thulano fela magareng ga mephato ya masole e mebedi mo botlhabanelong. E le lwantlha, mebuso e megolo yotlhe e ne ya lwa. Merafe yotlhe—go akareletsa le batho ba eseng masole—ba ne ba rotloediwa go tshegetsa boiteko jwa ntwa. Go lekanyediwa gore kwa bofelong jwa ntwa diphesente tse 93 tsa baagi ba lefatshe ba ne ba kopanyelediwa. (Malebana le botlhokwa jwa ditso jwa ngwaga eo ya 1914, bona ditsebe 279, 280.)
Jaaka go boleletswe pele mo go Tshenolō 6:4, ‘kagiso e ne ya tlosiwa mo lefatsheng.’ Ka gone lefatshe le ne la tswelela go nna mo seemong sa tlhakantshuke fa e sa le 1914. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya lowa go tloga ka 1939 go ya go 1945. Go ya ka Ramasole Mogolo Gene La Rocque yo o tlogetseng tiro, go tla go fitlha go 1982 go nnile le dintwa tse dingwe di le 270 go tloga 1945. Batho ba ba fitlhang go dimilione tse 100 ba ile ba bolawa mo tlhabanong mo lekgolong leno la dingwaga. Gape, go ya ka kgatiso ya 1982 ya World Military and Social Expenditures, go ne go na le batho ba le dimilione tse di 100 ka ngwaga eo ba ba neng ba thamuketse ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosole.
A go na le mo gontsi mo go tlhokafalang go diragatsa karolo eno ya boperofeti? Go na le dikete-kete tsa dibetsa tsa nuklea tseo di emetseng tiriso e e potlakileng. Baitseanape ba ba digogang kwa pele ba ile ba re fa merafe e ne e ka dirisa le eleng karolonyana e potlanyana ya marumo a yone a nuklea, tlhabologo gongwe le eleng mefuta yotlhe ya batho di ne di tla nyelediwa. Mme seo ga se se boperofeti jwa Bibela bo reng se tla nna gone.
“Me go tla nna meshwèle, . . . mo maheloñ mañwe le mañwe” (Math. 24:7)
Go ile ga nna le mauba a le mantsi mo ditsong tsa setho. Lekgolo la dingwaga la bo-20 le ile la amiwa go ya bokgakaleng jo bo kae ke one? Ntwa ya lefatshe e ne ya gogela mo kanamong e kgolo ya tlala mo Yuropa le mo Asia. Aferika e ile ya tlhaselwa ke lenyora, go felela ka ditlhaelo tse dikgolo tsa dijo. Boaphelong jwa 1980 ba Food and Agriculture Organization ba ne ba akanyetsa gore batho ba ba dimilione tse 450 ba ne ba tshwerwe ke tlala go ya ntlheng ya go motega, mme ba ba ka fitlhang go bilione ba ne ba se na dijo tse di lekanetseng go di ja. Mo go bano, go swa ba ba ka nnang dimilione tse 40 ka ngwaga—mme mo dingwageng dingwe le eleng ba ba ka nnang dimilione tse 50—ka ntlha ya tlhaelo ya dijo.
A go na le sengwe se se farologaneng kaga ditlhaelo tseno tsa dijo? Tshenolō 6:6 e supile fa selekanyo se se botlana sa dijo tse di tlhokwang thata ke batho jaaka korong kana barele di tla bo di rekisiwa ka tuelo ya letsatsi (tushiling; bona Mathaio 20:2), e bile e ne ya tlhagisa gore go se ka ga dirisiwa lookwane le bojalwa jwa mofine botlhaswa. Dilo tseno tsotlhe e ne e le dilo tse di botlhokwa thata ka nako eo kwa Botlhabagare; ka jalo, go ne go bolelelwa pele go tlhaelelwa thata ke dijo. Seemo seno ga se sa tlhole e le sa lefelo lengwe, mme ke sa kgolokwe. Ka 1981 The New York Times e ne ya bega ka gore: “Tokafatso ya ditekanyetso tsa go tshela le letlhoko le le golang la dijo go dikologa lefatshe di ile tsa baya kgatelelo mo ditlhotlhweng tsa dijo, di go dira bokete ka dinaga tse di humanegileng go reka dijo tse ba di tlhokang.” Mo mafatsheng a mantsi temo ya dijo, le eleng ka thuso ya boitseanape jwa segompieno, ga e ya ka ya kgona go itepatepanya le koketsego ya banni ba lefatshe. Batlhalefi ba segompieno ba dijo ga ba bone tharabololo epe ya bothata.
“Go tla nna dithoromō tse dikgolo tsa lehatshe” (Luke 21:11)
Ke boammaaruri gore go ne go na le dithoromo tse dikgolo mo makgolong a dingwaga a a fetileng; mme gape, ka ditshipi tsa bone tse di tlhabolotsweng, baitseanape jaanong ba kgona go lemoga dithoromo tse di fetang sedikadike ka ngwaga. Mme ga go na didirisiwa dipe tse di kgethegileng tse di tlhokafalang ka batho go itse gore a go na le thoromo e kgolo ya lefatshe.
A tota go ile ga nna le palo e e supegang ya dithoromo tsa lefatshe fa e sa le 1914? Ka boikitsiso jo bo bonweng go ba National Geophysical Data Center mo Boulder, mo Colorado, jo bo neng jwa tshegediwa ke dipego tse di tlhomameng, go ne ga dirwa dipalo ka 1984 tseo di neng di akareletsa dithoromo tsa lefatshe fela tse di neng di lekanela go 7.5 kana go feta mo selekanyong sa Richter, kana tseo di neng tsa felela ka tshenyo ya dimilione tse tlhano tsa didolara (U.S.) kana go feta mo dithotong, kana tse di neng tsa bolaya batho ba le 100 kana go feta. Go ne ga balwa gore go ile ga nna le dithoromo tsa lefatshe tse di ntseng jalo di le 856 mo dingwageng tse 2 000 tsa pele ga 1914. Palo e e tshwanang e ne ya bontsha gore mo dingwageng tse 69 fela morago ga 1914 go ne go na le dithoromo tse di ntseng jalo di le 605. Seo se raya gore, fa go bapisiwa le dingwaga tsa pele tse 2 000, mo palogareng mo ngwageng nngwe le nngwe e ile ya nna makgetlo a 20 ka bogolo fa e sa le 1914.
“Le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne . . . dikgogodi tsa bolwetse” (Luke 21:11)
Kwa bofelong jwa ntwa ya lefatshe ya ntlha mohikela wa Spain o ne wa ratha go dikologa kgolokwe, o bolaya batho ba ba dimilione tse 20 mme e le ka bogolo jo bo sa lekanngweng le sepe mo ditsong tsa bolwetse. Go sa kgathalesege ditlhabololo tsa boitseanape jwa kalafi, palo e kgolo e a swa ngwaga le ngwaga ke kankere, bolwetsi jwa pelo, le malwetsi a mantsi-ntsi a a tshelanwang a dikobo, go swa ditokololo, letshoroma, bofofu jwa noka le bolwetsi jwa mafatlha.
‘Koketsego ya boikepo e patilwe ke go tsidifala ga lorato mo go ba le bantsi’ (Math. 24:11, 12)
Moithuta ditiro tsa bokebekwa mongwe yo o itsegeng thata o re: “Selo se le sengwe seo se go fatlhang fa o lebelela bokebekwa mo selekanyong sa lefatshe ke bokgopo le go oketsega ga jone ka metlha gongwe le gongwe. Koo go sa ntseng go iketlile teng ke selo sa kwa bothokong fela, mme e ka re ka bofefo sa heheutlelwa ke lekhubu le le tlhatlogang.” (The Growth of Crime, New York, 1977, Sir Leon Radzinowicz le Joan King, dits. 4, 5) Koketsego ke ya mmatota; ga se kgang fela ya go bega mo go botoka. Go boammaaruri, dikokomana tse di fetileng di ne di na le dikebekwa le tsone, mme le ka motlha ga go ise go ke go nne le bokgopo jo bo kalo jwa bokebekwa jaaka go ntse gompieno. Batho bao ba setseng ba tsofetse ba itse seo go tswa boitemogelong jwa botho.
Boikepo jo bo lebisitsweng mo boperofeting bo akareletsa lonyatso lwa melao e e itsiweng ya Modimo, motho a ipaya kwa pele go na le Modimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Ka ntlha ya boikutlo jono, dipalo tsa tlhalo ke tse di ntseng di ya magoletsa, go tlhakanela dikobo kwantle ga lenyalo le bosodoma ke tseo di amogelwang fela, mme dimilione tse dintsi tsa ditshenyo tsa mpa di dirwa ngwaga le ngwaga. Boikepo jo bo ntseng jalo bo nyalanngwa (mo go Mathaio 24:11, 12) le tlhotlheletso ya baperofeti ba maaka, bao ba beelang kwa thoko Lefoko ja Modimo ka go rata dithuto tsa bone. Go tsaya-tsia matlhajana a bone go na le go ngaparela Bibela go tlatseletsa malebana le lefatshe le le seng lorato. (1 Yoh. 4:8) Bala tlhaloso ya lone mo go 2 Timotheo 3:1-5.
“Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ” (Luke 21:25, 26)
“Ntlha ke gore gompieno boikutlo bo le bongwe jo bogolo thata jo bo laolang matshelo a rona ke poifo,” go boletse jalo U.S. News & World Report. (October 11, 1965, ts. 144) “Ga go le ka motlha pele setho se ileng sa nna mo poifong jaaka jaanong,” go begile jalo makasine wa Sejeremane Hörzu.—No. 25, June 20, 1980, ts. 22.
Mabaka a mantsi a tlatseletsa go boikutlo jono jwa kgolokwe jwa poifo: bokebekwa jo bo thubakanyo, go tlhoka mmereko, go reketla ga itsholelo ka ntlha ya go bo merafe e mentsi e le mo dikolotong tse di boitshegang, kgotlelo ya lefatshe ka bophara ya tikologo, tlhaelo ya ditlamo tse di nonofileng le tse di lorato tsa lelapa, le boikutlo jo bo fekeetsang jwa gore setho se gaufi le kotsi e e ka se tilweng ya masetlapelo a nuklea. Luke 21:25 e umaka ‘ditshupo mo letsatsing, mo ngweding le mo dinaleding, le go suma ga mawatle’ malebana le tlalelo e e mo merafeng. Go tlhaba ga letsatsi gantsi go tsala, eseng tebelelo ya boitumelo, mme poifo ya gore letsatsi leo le ka tlisang; fa ngwedi le dinaledi di phatsima, poifo ya bokebekwa e dira batho gore ba itotlelele mo matlong. Mo lekgolong la dingwaga la bo-20, mme eseng pele, difofane le dimmisaele di ile tsa dirisiwa go romela tshenyego e e rothothang go tswa magodimong. Bo “submarine” ba ba tshotseng merwalo ya dimmisaele e e bolau ba gobea mo mawatleng, “submarine” a le mongwe fela yo o ntseng jalo o tlhomeletswe go ka nyeletsa metse e le 160. Ga go gakgamatse go bo merafe e le mo tlalelong!
‘Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba tla ilwa le go tlhoiwa ke merafe yotlhe ka ntlha ya leina ja gagwe’ (Math. 24:9)
Pogiso eno ga se ka ntlha ya go itshunya nko mo dipolotiking mme ke ‘ka ntlha ya leina ja ga Jesu Keresete,’ ka go bo balatedi ba gagwe ba ngaparela go ene jaaka Kgosi ya Bomesia ya ga Jehofa, ka go bo ba utlwa Keresete go feta mmusi ope fela wa selefatshe, ka go bo ka boikanyego ba ngaparetse Bogosi jwa gagwe mme ba sa kopanyelediwe mo dikgannyeng tsa mebuso ya batho. Jaaka ditiragalo tsa motlha wa segompieno di bontsha, seo e ile ya nna boitemogelo jwa Basupi ba ga Jehofa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.
‘Mafoko a a molemo ano a bogosi a tla rerwa mo lefatsheng jotlhe go nna tshupo’ (Math. 24:14)
Molaetsa oo o tla bong o rerwa ke wa go re Bogosi jwa Modimo jo go busang Jesu Keresete bo simolotse go busa mo magodimong, mme le gore e tla re gautshwane bo khutlise tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo, le gore tlase ga puso ya jone setho se tla tlisiwa boitekanelong mme lefatshe le tla nna paradaise. Mafoko a a molemo ao a rerwa gompieno mo mafatsheng a a fetang 200 le ditlhopha tsa ditlhake, go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Basupi ba ga Jehofa ba senya dimilione tse dintsi-ntsi tsa dioura mo tirong eno ngwaga le ngwaga, ba boaboela gangwe le gape kwa matlong e le gore mongwe le mongwe a ka kgona go neelwa sebaka sa go utlwa.
Ditiragalo tseno tsotlhe tsa ‘metlha ya bofelo’ di supela eng?
Luke 21:31, 32: “Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilo tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse [ke gore, nako ya fa bo tla tloga bo senya lefatshe le le boikepo la jaanong mme jone ka bojone bo laole dikgang tsa lefatshe ka botlalo]. Amarure, kea lo raea, Losika lo, ga lo ketla lo heta go tsamaee dilō cotlhe di dihale pele.” (“Losika” lo lo neng lo tshela kwa tshimologong ya tiragatso ya sesupo ka 1914 jaanong le setse le tsofetse. Nako e e setseng e tshwanetse ya bo e le khutshwanyane thata. Maemo a lefatshe a neela tshupo e e tletseng ya gore seno se ntse jalo.)
Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba re ‘metlha ya bofelo’ e ne ya simolola ka 1914?
Ngwaga ya 1914 e tshwaiwa ke boperofeti jwa Bibela. Ditlhaloso malebana le tlhatlhamano ya metlha, bona ditsebe 271-273, tlase ga setlhogo se segolo “Metlha.” Tsepamo ya ngwaga eno e sutšwa ke lebaka la gore maemo a lefatshe a a boleletsweng pele go tshwaya lobaka lono lwa nako a ne a diragala fa e sa le 1914 fela jaaka go ne go boleletswe pele tota. Mabaka a a tlhomilweng fa godimo a supela seno.
Bora-ditiragalo ba lefatshe ba leba ngwaga ya 1914 jang?
“Fa re leba morago go tswa tshedimogong ya jaanong re bona ka botlalo gompieno gore tlhagogo ya Ntwa ya Lefatshe I e ne ya tlisa mo lekgolong la dingwaga la masome a mabedi ‘Motlha wa Mathata’—go ya ka tlhaloso ya ga raditiragalo wa Britani Arnold Toynbee—eo tlhabologo ya rona e iseng e keng e ntshe tlhogo fa e sa le. Ka tlhamalalo kana eseng ka tlhamalalo dikhuduego tsotlhe tsa halofo ya bofelo ya lekgolo la dingwaga di tswa fela kwa go 1914.”—The Fall of the Dynasties: The Collapse of the Old Order (New York, 1963), Edmond Taylor, ts. 16.
“Batho ba losika lwa Ntwa ya Lefatshe II, losika lwa me, ka metlha ba tla akanya thulano ya bone jaaka kgaogano e kgolo ya motlha wa segompieno wa phetogo. . . . Re tshwanetse go dumela boithamako jwa rona, go tlhaselwa ga rona ke ditiragalo. Mme re tshwanetse go itse gore, ka matshelo a batho, phetogo ya makgaola kgang e kgolo e ne ya tla ka Ntwa ya Lefatshe I. E ne ya nna gone he ditsamaiso tsa sepolotiki le tsa matshelo a batho, tse di neng tsa agiwa ka makgolo a dingwaga, di neng tsa salalagana—ka dinako tse dingwe e le fela mo dibekenyaneng. Mme tse dingwe di ne tsa fetoga gotlhelele. E ne e le Ntwa ya Lefatshe I eo maitsetsepelo a bogologolo a neng a latlhega ka yone. . . . Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tswelela, ya atolosa le go tlhomamisa phetogo eno. Ka matshelo a batho Ntwa ya Lefatshe II e ne e le tlhabano ya bofelo ya Ntwa ya Lefatshe I.”—The Age of Uncertainty (Boston, 1977), John K. Galbraith, ts. 133.
“Halofo ya lekgolo la dingwaga e setse e fetile, lefa go le jalo lobadi loo lwa kotsi ya Ntwa e Kgolo [Ntwa ya Lefatshe I, eo e neng ya simolola ka 1914] e le tlogetseng mo mmeleng le mo moeng wa merafe ga le a nyelela . . . Bogolo jwa boitemogelo jo bo botlhoko jono jwa mmele le jwa boitsholo ke gore ga go sepe seo se neng sa tlogelwa se ntse jaaka se ne se ntse pele. Mokgatlho ka kakaretso ya one: ditsamaiso tsa puso, melelwane ya merafe, melao, masole, dikamano tsa merafe, mme gape le megopolo, botshelo jwa lelapa, ditebelelo, maemo, dikamano tsa botho—sengwe le sengwe se ne sa fetoga go tswa kwa godimo go ya tlase. . . . Setho la bofelo se ne sa latlhegelwa ke tekatekanyo le ka motlha se se ketla se itata motlhala nako kgolo ke eno.”—General Charles de Gaulle, a bua ka 1968 (Le Monde, Nov. 12, 1968, ts. 9).
A tota gone mongwe o tla bo a tshela mo lefatsheng morago ga bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya lefatshe?
Eleruri ee. Bofelo jwa tsamaiso ya jaanong ya kgolokwe bo tla tla, eseng ka ntlha ya kganyaolo e e sa tlhaoleng ya ntwa ya nuklea, mme ka sepitla se segolo seo se tla akareletsang ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshen. 16:14, 16) Ntwa eo ga e ne e senya lefatshe (mmu), lefa e le gone go nyeletsa setho sotlhe.
Math. 24:21, 22: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.” (Jalo “motho” mongwe, batho bangwe ba tla falola.)
Dia. 2:21, 22: “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”
Pes. 37:29, 34: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo yeōna ka bosakhutleñ. Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwañ, u tla go bōna.”
Ke goreng Modimo o dumelela nako e e kana go feta pele ga a senya baikepi?
2 Pet. 3:9: “[Jehofa] ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.”
Mar. 13:10: “Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.”
Math. 25:31, 32, 46: “Me e tla re Morwa Motho [Jesu Keresete] a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi. Ma bauō [ba palelwang ke go lemoga bonnake ba semoya ba ga Keresete jaaka baemedi ba Kgosi ka sebele] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.”
Bona gape ditsebe 348, 349 le 92-95.
Fa Mongwe A Re—
‘Maemo ga a maswe-maswe mo go kalo gompieno; go nnile ga nna le dintwa ka metlha, mauba, dithoromo tsa lefatshe, bokebekwa’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke ka tlhaloganya gore ke goreng o ikutlwa ka tsela eo. Re tsaletswe mo lefatsheng leo dilo tseno eleng dikgang tsa letsatsi le letsatsi. Mme boraditiragalo ba tlhalosa gore go nnile le sengwe se se farologaneng thata thata kaga lekgolo la dingwaga la bo-20. (Bala ditsopolo mo ditsebeng 279, 280.)’
Kana o ka nna wa re: ‘Ga se fela ntlha ya gore go ile ga nna le dintwa, mauba, dithoromo tsa lefatshe le bokebekwa mo go leng botlhokwa. A o ile wa lemoga gore sesupo se Jesu a neng a se naya se ne se le dikarolo dintsi?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Ga a ka a re tiragalo e le nngwe ka boyone e ne e tla supa gore re mo “metlheñ ea bohèlō.” Mme fa sesupo sotlhe se bonala, seo se botlhokwa—mme segolo bogolo fa se bonala ka selekanyo sa kgolokwe le go simolola ka ngwaga e e tlhomilweng mo tlhatlhamanong ya metlha ya Bibela.’ (Bona ditsebe 274-279, gape le ditsebe 271-273.)
‘Lo itse jang gore kokomana nngwe mo isagweng ga e ne e tshwanelwe ke boperofeti jono botoka go na le eno?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Eo ke potso e e kgatlhisang, mme karabo e tlotlomatsa lebaka la gore eleruri re tshela mo “metlheñ ea bohèlō.” Jang? Mme kana, karolo ya sesupo se Jesu a se neileng e kopanyeletsa dintwa magareng ga merafe le magosi. Mme ke eng seo se neng se tla diragala gompieno fa tiragatso ya sesupo e ne e ka batla gore re letele ntwa e nngwe gape e kgolo e e ka tlhagogang magareng ga maatla a lefatshe a mabedi? Ntwa e e ntseng jalo e ne e tla tlogela bafalodi ba se kae fa e ne e le gore ba ne ba tla nna teng. Ka jalo, o ka bona, boikaelelo jwa Modimo jwa gore go nne le bafalodi bo supa gore re gaufi fela thata le bofelo jwa tsamaiso eno e kgologolo.’
Kana o ka nna wa re: ‘Go bapisa ditiragalo tsa lefatshe le boperofeti jono go tshwana le go tshwantshanya ditselana tsa seatla (fingerprints) le seatla sa mong wa tsone. Go tla bo go se na ope yo mongwe gape yo o nang le tse di tshwanang. Ka mo go tshwanang, ditiragalo tse di neng tsa simolola ka 1914 ga di ketla di boelediwa mo losikeng longwe lo lo mo isagweng.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Sengwe le sengwe seo se bontshang sesupo se bonala ka phepafalo.’ (2) ‘Eleruri ga re batle go nna jaaka batho ba motlha wa ga Noa. (Math. 24:37-39)’
‘Ga re ne re bona bokhutlo re sa ntse re tshedile’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme gone o a dumela gore Modimo o tla tsenelela dikgang ka nako nngwe, a ga go jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Tsela e le nosi fela eo ope wa rona o ka itseng gore seo se tla nna leng ke fa A ne a re neela boikitsiso joo. Jaanong, Jesu o ne a tlhalosa ka papamalo gore ga go motho ope yo o tla itseng kaga letsatsi jeo kana nako eo, mme o ne a tlhalosa ka botlalo dilo tseo di neng di tla diragala mo losikeng loo lo neng lo tla bo lo le gone fa e tla.’ (2) ‘Tlhaloso eo e tlotla ka ditiragalo tseo wena o tlwaelaneng le tsone. (Fa go kgonega, tlotla sesupo ka botlalo, o dirisa mabaka a a baakanyeditsweng mo ditsebeng tse di kwa morago.)’
‘Nna ga ke itshwenye ka dilo tseno; ke tshela letsatsi le le lengwe nako e le nngwe’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Eleruri go molemo go sa tshwenyege go feta kaga isagwe. Mme rotlhe re dira sentle go leka go rulaganyetsa matshelo a rona e le gore re tle re itshireletse le baratiwa ba rona. Thulaganyo e e utlwalang e a dira. Bibela e bontsha gore go na le dilo tse di molemo kwa pele, mme re tla bo re le botlhale fa re rulaganya e le gore re tle re nne gone koo molemong wa rona. (Dia. 1:33; 2 Pet. 3:13)’
‘Ga ke nnele go akanya ka maemo ano otlhe a a bosula; ke rata go leba isagwe ka tsholofelo’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ka mo go kgatlhisang, Jesu o ne a bolela gore go ne go tla nna le lebaka le le molemo la balatedi ba gagwe go nna le tsholofelo mo motlheng wa rona. (Luke 21:28, 31)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Mme elatlhoko gore ga a ka a ba bolelela go ipipa matlho kaga seo se tla bong se diragala mo lefatsheng mme ba itumele. O ba bolelela gore tsholofelo ya bone e tla bo e na le motheo tota; e tla bo e le ka go bo ba tlhaloganya bokao jwa ditiragalo tsa lefatshe le go itse matswela a a tla nnang gone.’