Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
1 A o itumelela go dira maeto a go boela? Baboledi ba le bantsi ba a go itumelela. O ka nna wa bo o ne o boifa pele, segolobogolo fa o ne o boela kwa go beng ba matlo ba ba neng ba bontsha kgatlhego e nnye fa o ne o ba etela la ntlha. Mme fa o ntse o ‘nna pelokgale ka thuso ya Modimo wa rona go bua mafoko a a molemo’ ka go dira maeto a go boela, o tla gakgamala go bona ka fa tiro eno e ka nnang motlhofo ka teng le go itumedisa. (1 Bathes. 2:2, NW) Jang?
2 Gone tota, go etela motho la ntlha go farologana thata le loeto lwa go boela. Loeto lwa go boela lo dirwa mo mothong yo o mo itseng, e seng yo o sa mo itseng, e bile gantsi go motlhofo go buisana le motho yo o mo itseng go na le yo o sa mo itseng. Mme fa e le ka matswela a a molemo a go nna le seabe mo tirong eno, maeto a go boela a ka felela ka dithuto tsa magae tsa Baebele.
3 Fa re dira ka ntlo le ntlo, re nna re etela batho ba ba neng ba sa kgatlhege fa re ne re ba etetse mo nakong e e fetileng. Mme he, ke ka ntlha yang fa re nna re ba etela? Re lemoga gore maemo a motho a a fetoga le gore motho yo o neng a lebega a sa kgatlhege kana a ganetsa mo nakong e e fetileng a ka nna a kgatlhega fa re mo etela gape. Re ntse re akantse ka seo, re ipaakanyetsa sentle re bo re rapela Jehofa gore a re segofatse gore se re tla bong re se bua mo lekgetlhong leno se sekegelwe tsebe.
4 Fa re le mo tirong ya rona ya ntlo le ntlo, re ithaopela go rerela batho ba ba neng ba sa kgatlhege gotlhelele, a tota ga re a tshwanela go rata go boela kwa go ope fela yo o supang go kgatlhegela molaetsa wa Bogosi go sekae?—Dit. 10:34, 35.
5 Bontsi jwa rona gompieno re mo boammaaruring ka gonne mmoledi mongwe a ile a nna a re etela ka bopelotelele. Fa o le mongwe wa bano, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Ke ile ka dira gore mmoledi yoo a akanye eng ka nna la ntlha? A ke ile ka amogela molaetsa wa Bogosi fela fa ke sena go o utlwa? A gongwe ke ile ka bonala ke sa kgatlhege?’ Re tshwanetse ra itumelela go bo mmoledi yoo a ile a bona go tshwanela gore a boele kwa go rona, ‘a nna pelokgale ka Modimo,’ go aga a re etela le go tswelela go re ruta boammaaruri. Go tweng ka batho ba ba bontshang kgatlhegonyana mo tshimologong mme moragonyana ba bo ba simolola go re tila? Go nna le boikutlo jo bo siameng go botlhokwa, jaaka maitemogelo a a latelang a bontsha.
6 Moso mongwe fa baboledi bangwe ba babedi ba ne ba dira tiro ya go rera mo mmileng, ba ne ba kopana le mosadi mongwe yo mmotlana a kgweetsa kolotsana ya ngwana. Mosadi yono o ne a tsaya dimakasine mme a laletsa bokgaitsadi bano go mo etela kwa legaeng la gagwe ka Sontaga se se latelang. Ba ne ba fitlha ka nako e e beilweng mme mongantlo o ne a ba bolelela gore o ne a se na nako ya go ka buisana le bone. Mme le fa go ntse jalo, o ne a solofetsa go nna gone mo bekeng e e latelang. Bokgaitsadi bano ba ne ba belaela gore a o tla nna gone, mme mosadi yoo o ne a ba letetse fa ba ne ba bowa. Ba ne ba simolola thuto mme tsela e mosadi yono a neng a gatela pele ka yone e ne e gakgamatsa. O ne a simolola go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo mo nakonyaneng e khutshwane fela. Gone jaanong o kolobeditswe.
7 Thaya Motheo mo Loetong Lwa Ntlha: Motheo wa go atlega mo loetong lwa go boela o thaiwa mo loetong lwa ntlha. Reetsa dikakgelo tsa mongantlo ka kelotlhoko. Di go bolelela eng? A ke motho yo o ratang bodumedi? A o amegile ka dilo tsa loago? A o kgatlhegela saense? hisitori? tikologo? Kwa bofelong jwa loeto o ka nna wa botsa potso e e dirang gore a kgatlhege o bo o solofetsa go tlotla ka karabo ya Baebele fa o bowa.
8 Ka sekai, fa mongantlo a kgatlhegela tsholofetso ya Baebele ka ga lefatshe la paradaise, go tla bo go siame go tsweledisa pele motlotlo ka kgang eo. Pele fela ga o tsamaya, o ka nna wa botsa jaana: “Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o tla diragatsa tsholofetso eno?” O bo o oketsa jaana: “Gongwe nka bowa ka eta gape fa lelapa lotlhe le tla bo le le mo gae, mme ke bo ke go bontsha karabo ya potso eno mo Baebeleng.”
9 Fa mongantlo a sa kgatlhegela kgang epe e e rileng, o ka nna wa botsa nngwe ya dipotso tse di mo dipuisanong tse di mo tsebeng e e kwa morago ga Tirelo ya Rona ya Bogosi mme o bo o di dirisa mo loetong lwa gago lo lo latelang.
10 Boloka Direkoto Tse di Kwadilweng Tse di Siameng: Rekoto ya gago ya ntlo le ntlo e tshwanetse go nepa e bile e feletse. Kwala leina le aterese tsa mongantlo fela fa o tswa mo ntlong. O se ka wa fopholetsa nomoro ya ntlo kana leina la seterata—sekaseka tshedimosetso ya gago go tlhomamisega gore e siame. Kwala gore motho yoo o ntse jang. Kwala kgang e lo ileng lwa tlotla ka yone, dikwalo tse lo ileng lwa di bala, dikgatiso dipe tse lo ileng lwa di tlogela le potso e o tla e arabelang fa o boela teng. Akaretsa letsatsi le nako e o ileng wa eta la ntlha ka yone le e o ileng wa re o tla bowa ka yone. Jaanong ka rekoto ya gago e feletse, o se ka wa e latlha! E beye mo lefelong le le babalesegileng gore o tle o kgone go e bona moragonyana. Nna o akantse ka motho yoo le gore o tla bua jang le ene mo nakong e e tlang.
11 Itse Gore Maikaelelo a Gago ke Eng: Sa ntlha, leka go ritibatsa mongantlo maikutlo ka go nna lorato gape o le botsalano. Mmontshe gore o a mo kgatlhegela mme o sa sunye nko mo dilong tsa gagwe. Morago ga moo, mo gakolole potso epe e o ileng wa e botsa mo loetong lwa gago lwa nako e e fetileng. Reetsa maikutlo a gagwe ka kelotlhoko o bo o lebogela dikakgelo tsa gagwe go tswa pelong. Go tswa foo mmontshe lebaka la go bo pono ya Baebele e le e e utlwalang. Fa go kgonega o ka nna wa mmontsha ntlha e e tshwanang le eo mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Gakologelwa gore maikaelelo a gago a magolo a go bo o dira maeto a go boela ke go simolola thuto ya Baebele.
12 Tsela e e tlhamaletseng ya buka ya Kitso e tlhotlheleditse ba le bantsi ba rona go ‘nna pelokgale’ go kgothatsa dithuto tsa rona tsa Baebele go nna gone kwa dipokanong le go kopanela le phuthego ya ga Jehofa. Mo nakong e e fetileng re ne re tle re lete go fitlha motho a ithuta nako e teletsana pele re mo laletsa go kopanela le rona. Gone jaanong baithuti ba le bantsi ba nna gone kwa dipokanong ka bonako fela fa ba simolola go ithuta, mme ka jalo ba gatela pele ka bonako.
13 Banyalani bangwe ba ne ba rerela motho yo ba dirang le ene ka tsela e e seng ya tlwaelo. Fa a ne a bontsha gore o kgatlhegela boammaaruri, ba ne ba mo kgothaletsa go ithuta Baebele ka buka ya Kitso. Ba ne ba mmolelela gone fela foo gore o ne a tshwanetse gore a nne gone kwa dipokanong, koo bontsi jwa dipotso tsa gagwe di neng di tla arabiwa gone. Monna yono ga a ka a amogela taletso ya bone ya go ithuta fela mme gape o ne a ithuta gabedi mo bekeng a bo a simolola go nna gone ka metlha kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ka metlha.
14 Dirisa Boroutšhara Jwa Modimo o Batla Gore re Direng?: Kwa Dikopanong Tsa Kgaolo tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” re ne ra amogela boroutšhara jo bosha jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Boroutšhara jono bo molemo go simolola dithuto tsa Baebele le batho ba ba boifang Modimo go sa kgathalesege gore ba rutegile go le kana kang. E na le thuto e e tseneletseng e e akaretsang dithuto tsa motheo tsa Baebele. Kgatiso eno e tla nna sedirisiwa se se molemo thata go ruta kitso ya Modimo. E tlhalosa boammaaruri ka tsela e e phepafetseng thata le e e motlhofo mo e leng gore mongwe le mongwe wa rona o tla kgona go e dirisa go ruta ba bangwe se Modimo a se batlang. Go bonala baboledi ba le bantsi ba tla nna le tshiamelo ya go dirisa boroutšhara jono go tshwara dithuto tsa Baebele.
15 Batho bangwe ba ba ikutlwang gore ga ba na nako ya go ithuta buka ya Kitso ba ka nna ba dumela go nna le dithuto tse dikhutshwane mo boroutšhareng jwa Re Direng? Ba tla itumelela dilo tse ba tla di ithutang! Mo ditsebeng tse pedi kana tse tharo fela ba tla kgona go bona dikarabo tsa dipotso tse batho ba sa bolong go ipotsa tsone ka makgolokgolo a dingwaga: Modimo ke mang? Diabolo ke mang? Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? Bogosi jwa Modimo ke eng? O ka bona jang bodumedi jwa boammaaruri? Le fa boroutšhara jono bo tlhalosa boammaaruri ka tsela e e motlhofo, gone molaetsa wa jone o maatla. Bo akaretsa dintlha tsa konokono tse bagolwane ba tla di botsang bayakolobetsong e bile e ka nna sedirisiwa sa go simolola thuto e e tseneletseng mo bukeng ya Kitso.
16 Go buelela thuto mo loetong lwa go boela, o ka nna wa re fela: “A o ne o itse gore ka go tsaya metsotso e sekae fela, o ka kgona go bona karabo ya potso e e botlhokwa ya Baebele?” Morago ga moo o bo o mmotsa nngwe ya dipotso tse di tlhagelelang mo tshimologong ya nngwe ya dithuto tse di mo boroutšhareng. Ka sekai, fa o etetse mongwe yo o godileng, o ka nna wa re: “Re itse gore Jesu o ne a fodisa batho mo nakong e e fetileng. Mme mo isagweng, ke eng se Jesu a tla se direlang balwetse? batsofe? baswi?” Dikarabo di ka bonwa mo thutong ya bo 5. Motho yo o ratang bodumedi a ka nna a kgatlhiwa ke potso eno: “A Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe?” E arabiwa mo thutong ya 7. Ba lelapa ba ka nna ba batla go itse gore: “Modimo o batla eng mo batsading le mo baneng?” Ba tla itse seo fa ba ithuta thuto ya 8. Dipotso tse dingwe ke: “A baswi ba ka gobatsa batho ba ba tshelang?” e e tlhalosiwang mo thutong ya 11; “Ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a mantsi jaana a a iphakang go nna a Bokeresete?” e e arabiwang mo thutong ya 13; le “O tshwanetse go dirang go nna tsala ya Modimo?” e e tlotliwang mo thutong ya 16.
17 Thusa ba ba Buang Puo e Sele: Go tweng ka beng ba matlo ba ba buang puo e sele? Fa go kgonega, ba tshwanetse go rutiwa ka puo e ba e tlhaloganyang sentle thata. (1 Bakor. 14:9) Nayang molebedi wa lona wa tirelo leina le aterese tsa motho yo o kgatlhegang le tshedimosetso epe fela e e ka tlhokegang. Ene o tla ikgolaganya le phuthego ya puo eo kana setlhopha mo lefelong leo se se ka tlhokomelang motho yoo yo o kgatlhegang. Tshedimosetso eno e tshwanetse go romelwa kwa Mokgatlhong fa fela go sa bonwe phuthego epe ya puo eo. Fa e le gore ga go na phuthego kana setlhopha sepe gaufi e bile go se na mmoledi ope wa lefelo leo yo o kgonang go bua puo ya mongantlo, mmoledi a ka leka go ithuta le mongantlo a dirisa boroutšhara jwa Re Direng? a dirisa dipuo tsoopedi.
18 Mmoledi mongwe yo o buang Seesemane o ne a simolola thuto le monna mongwe yo o neng a bua Se-Vietnam mme mosadi wa gagwe a bua Se-Thailand. Ba ne ba dirisa dikgatiso le Dibaebele tsa Seesemane, Se-Vietnam le Se-Thailand fa ba ithuta. Le fa puo e ne e le bothata kwa tshimologong, mmoledi yono o kwala jaana: “Banyalani ba ne ba gatela pele semoyeng ka bonako. Ba ile ba lemoga botlhokwa jwa go nna gone kwa dipokanong le bana ba bone ba babedi mme ba bala Baebele e le lelapa bosigo bongwe le bongwe. Morwadia bone wa dingwaga tse thataro o na le thuto ya Baebele e a e tshwarang.”
19 Fa o ithuta le batho ba ba buang puo e sele, bua ka iketlo, tlhalosa sentle o bo o dirise mafoko le dipolelo tse di motlhofo. Le fa go ntse jalo, gopola gore batho ba ba buang puo e nngwe ba tshwanetse go tshwarwa ka tlotlo. Ga ba a tshwanelwa go tshwarwa e ke te ke masea.
20 Dirisa ditshwantsho tse di molemo tse di mo boroutšhareng jwa Re Direng? sentle. Fa “senepe se kgona go tlhalosa mo gontsi,” ditshwantsho tse dintsintsi tse di mo boroutšhareng di tla kgona go tlhalosetsa mongantlo go le gontsi. Mo kope gore a bale dikwalo mo Baebeleng ya gagwe. Go tla bo go le molemo fa e le gore thuto e ka tshwarwa ka nako ya fa mongwe mo lelapeng yo o kgonang go bua puo e e buiwang koo yo o tla kgonang go ranola a le gone mo gae.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi, May 1984, tsebe 8.
21 Dira Maeto a go Boela Kwantle ga go Diega: O tshwanetse go leta nako e kae pele o dira loeto lwa go boela? Baboledi bangwe ba boela morago ga letsatsi kana a mabedi morago ga loeto lwa ntlha. Ba bangwe ba boela moragonyana ka lone letsatsi leo! A go ka bonako thata? Gantsi, go bonala fa seo se sa tshwenye beng ba matlo. Gantsi ke mmoledi yo o dirang loeto lwa go boela yo o tshwanetseng go leka go nna le maikutlo a a siameng le go nna pelokgalenyana. Ela tlhoko maitemogelo a a latelang.
22 Mmoledi mongwe wa dingwaga tse 13 o ne a dira ka ntlo le ntlo ka letsatsi lengwe fa a bona basadi ba babedi ba tsamaya mmogo. Ka go akanya ka kgothatso ya gore re rerele batho gongwe le gongwe kwa ba ka bonwang gone, o ne a atamela basadi bao mo mmileng. Ba ile ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi mme boobabedi ba tsaya dibuka tsa Kitso. Mokaulengwe yono yo mosha o ne a tsaya diaterese tsa bone, a boela kwa go bone morago ga malatsi a mabedi mme a simolola thuto ya Baebele le mongwe le mongwe wa bone.
23 Kgaitsadi mongwe o dira dithulaganyo tsa go boela morago ga beke. Mme letsatsi kana a mabedi morago ga loeto lwa ntlha o boela teng go ya go naya mongantlo dimakasine tse di buang ka kgang e ba tlotlileng ka yone pelenyana. O bolelela mongantlo a re: “Ke ile ka bona setlhogo seno mme ka akanya gore o tla rata go se bala. Ga ke kgone go nna gore re tlotle gone jaanong, mme ke tla bowa motshegare wa Laboraro jaaka re ile ra rulaganya. A nako eo e sa ntse e go siametse?”
24 Fa motho a kgatlhegela boammaaruri, re ka tlhomamisa gore ka tsela nngwe o tla ganediwa. Fa re boela kwa mothong ka bonako fela morago ga loeto lwa ntlha, go tla mo nonotsha gore a kgone go emelana le dikgatelelo tsa ba losika, ditsala le ba bangwe.
25 Tsosa Kgatlhego Ya ba O Kopanang le Bone mo Mafelong a Batho Botlhe: Bontsi jwa rona re itumelela go rera mo mmileng, mo go emisiwang dikoloi gone, mo dipalamong tsa botlhe, mo mabenkeleng, mo diparakeng, jalo le jalo. Mo godimo ga go ba neela dibuka, re tshwanetse go dira gore ba kgatlhege. Gore re atlege mo go seo, re tshwanetse go leka go kwala leina, aterese, fa go kgonega, nomoro ya founo ya mongwe le mongwe yo re kopanang le ene. Go bona tshedimosetso eo ga go thata jaaka o ka tswa o akantse. Fa o tla mo bokhutlong jwa motlotlo, ntsha bukana ya gago ya go kwalela o bo o botsa jaana: “A go na le tsela epe e re ka tsweletsang motlotlo ono pele ka nako e nngwe?” Kana o ka re: “Ke rata gore o bale setlhogo se ke dumelang gore o tla se rata. A nka se tlisa kwa legaeng la gago kana kwa ofising ya gago?” Mokaulengwe mongwe o botsa fela jaana: “Nka ikgolaganya le wena mo nomorong efe?” O bega gore mo dikgweding tse tharo batho botlhe fa e se ba le bararo fela ba ile ba dumela go mo naya dinomoro tsa bone tsa founo.
26 Dirisa Founo go Bona ba ba Kgatlhegang le go Godisa Kgatlhego ya Bone: Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o dirisa founo gore a kgone go fitlhelela batho ba ba nnang mo dikagong tse go nang le tshireletso e e gagametseng mo go tsone. O dira gape le maeto a go boela ka tsela e e tshwanang. Mo loetong lwa ntlha a re: “Ke itse gore ga o nkitse. Ke dira maiteko a a kgethegileng go fitlhelela batho mo lefelong la lona le go ba abela molaetsa wa Baebele. Fa o na le nakonyana, ke ne ke ka rata go go balela tsholofetso e e fitlhelwang mo go . . .” Morago ga go bala lekwalo, a re: “A ga go kitla go itumedisa go bona nako eo e tla? Ke itumeletse go go balela seno. Fa e le gore le wena o go itumeletse, ke ne ke tla rata go go founela gape go tlotla le wena ka lekwalo le lengwe.”
27 Fa a bowa a founa gape, o gakolola mongantlo ka motlotlo wa bone wa nako e e fetileng a bo a mmolelela gore o rata go mmalela go tswa mo Baebeleng gore maemo a tla bo a ntse jang fa boikepo bo tla bo bo fedisitswe. Morago ga moo o nna le puisano ya Baebele e e khutshwane le mongantlo. Mo nakong yotlhe e a ileng a buisana le batho ka founo, batho ba le 35 ba ile ba mo kopa gore a ba etele kwa magaeng a bone mme o ile a simolola dithuto tsa Baebele di le supa! A go thata mo go wena ka dinako tse dingwe gore o dire maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegang ka dikgwedi tsa maemo a bosa a a sa iketlang kana bolwetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa o sa ikgolaganye le bone ka founo?
28 Godisa Kgatlhego Ya ba O ba Boneng mo Mafelong a Kgwebo: Go bereka mabenkele go akaretsa se se fetang go naya batho dimakasine fela. Boramabenkele ba le bantsi ba kgatlhegela boammaaruri thata mme kgatlhego eo e tshwanetse go godisiwa. Ka nako nngwe go ka kgonega gore o simolole motlotlo wa Baebele kana le e leng thuto gone mo lefelong la kgwebo. Mo makgetlhong a mangwe wena le motho yoo yo o kgatlhegang lo ka nna lwa kopana ka nako ya dijo tsa motshegare kana nako epe fela e e tshwanelang.
29 Molebedi mongwe yo o etang o ne a etela mong wa lebenkele le lennye la dikorosari mme a mo kopa go mmontsha tsela e thuto ya Baebele e tshwarwang ka yone. Fa a ne a bodiwa gore pontsho eno e tla tsaya nako e kae, molebedi yo o etang o ne a re e tla tsaya metsotso e le 15 fela. Fa a utlwa seo, mong wa lebenkele o ne a pega boroto mo lebating e kwadilwe: “Ke Tla Boa mo Metsotsong e le 20,” a tlisa ditulo mme boobabedi ba tlotla ka dirapa tsa ntlha tse tlhano tsa buka ya Kitso. Monna yono yo o peloephepa o ne a kgatlhilwe thata ke se a neng a se ithuta mo a ileng a nna gone kwa Pokanong ya Phatlalatsa le kwa Thutong ya Tora ya Tebelo ka Sontaga se se latelang mme a dumela go tswelela ka thuto mo bekeng e e latelang.
30 Go buelela thuto mo lefelong la kgwebo, o ka nna wa re: “Go tsaya fela metsotso e le 15 go bontsha gore thuto ya rona ya Baebele e tshwarwa jang. Fa e le gore o na le nako, ke ne ke tla rata go go bontsha gore e tshwarwa jang.” Mme o bo o dirisa yone nako e e beilweng. Fa e le gore ga lo kgone go buisana nako e telele mo lefelong la kgwebo, go ka nna ga nna botoka go etela mong wa lebenkele kwa legaeng la gagwe.
31 Boela Gape Le fa Go sa Tsewa Dikgatiso Dipe: Le fa go ile ga tsamaisiwa dikgatiso kana go sa tsamaisiwa dipe, go tshwanetse ga boelwa gape kwa kgatlhegonyana e ileng ya bontshiwa gone. Gone mme fa go phepafetse gore tota mongantlo ga a kgatlhegele molaetsa wa Bogosi, go tla nna botoka go leka go sele.
32 Fa kgaitsadi mongwe a ne a dira tiro ya ntlo le ntlo, o ne a kopana le mosadi mongwe yo o neng a le botsalano thata mme a gana dimakasine gotlhelele. Mmoledi yono o kwala jaana: “Ke ne ka akanya ka ene ka malatsi a le mantsi mme ka swetsa gore ke batla go mmona gape.” Kgabagare kgaitsadi yono o ne a rapela, a nna pelokgale mme a ya go kokota mo lebating la mosadi yono. Ka boitumelo mongantlo o ne a mo laletsa gore a tsene. O ne a simolola thuto ya Baebele mme e ne ya tshwarwa gape ka letsatsi le le latelang. Fa nako e ntse e ya mongantlo o ne a amogela boammaaruri.
33 Rulaganya Go sa Le Gale Gore o Tle o Kgone go Dira mo Gontsi: Go akantshiwa gore go dirisiwe nako e e rileng beke le beke go dira maeto a go boela. Go ka dirwa mo gontsi fa go rulaganngwa sentle. Rulaganya go dira maeto a go boela mo lefelong lone leo o tla bong o dira ka ntlo le ntlo mo go lone. Fa go berekiwa ka koloi, setlhopha se tshwanetse go nna se le sennye gore mongwe le mongwe a kgone go dira maeto a go boela ka botlalo. Mokgweetsi wa koloi o tshwanetse go itse go sale gale gore go tla dirwa maeto a go boela kwa kae gore go tilwe mosepele o o sa tlhokegeng.
34 Batho ba ba atlegang mo go direng maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele ba re go botlhokwa go amega tota ka batho le go akanya ka bone le fa o setse o ile wa ba etela gape. Gape go botlhokwa go nna le kgang e e kgatlhang ya Baebele e lo tlotlang ka yone le go thaya motheo wa go boela pele o fetsa loeto lwa ntlha. Mo godimo ga moo, go botlhokwa go bowa ka bonako go tsweledisa kgatlhego pele. O tshwanetse go nna o gopotse gore maikaelelo ke go simolola thuto ya Baebele.
35 Nonofo e e botlhokwa e motho a tshwanetseng go nna le yone gore a atlege mo tirong ya maeto a go boela ke go nna pelokgale. Seno se ka bonwa jang? Moaposetoloi Paulo o araba ka go re ‘re nne pelokgale’ go rerela ba bangwe “ka Modimo wa rona.” Fa o tlhoka go gola mo karolong eno, rapela Jehofa gore a go thuse. Mme go dumalana le dithapelo tsa gago, boela kwa go bontshitsweng kgatlhego gone. Ruri Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago!
[Box on page 3]
Tsela ya go Atlega fa o Dira Maeto a go Boela
■ Nna le kgatlhego ya mmatota mo bathong.
■ Tlhopha setlhogo se se kgatlhang sa Baebele se lo tla tlotlang ka sone.
■ Thaya motheo wa poelo nngwe le nngwe.
■ Nna o akantse ka motho yoo le fa o setse o tsamaile.
■ Bowa gape morago ga letsatsi kana a mabedi go tsweledisa kgatlhego pele.
■ Gakologelwa gore maikaelelo ke go simolola thuto ya Baebele.
■ Rapelela thuso ya gore o nne pelokgale go dira tiro eno.