Go Dirisa Buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe fa re Dira Maeto a go Boela
1 Moaposetoloi Paulo o ne a itse kafa go leng botlhokwa ka gone gore re tsenye marapo dinameng mo go tlhokomeleng bao ba bontshitseng kgatlhego mo boammaaruring. O ne a ba tshwantsha le dijalo tse di sa nonofang, tseo di tlhokang go nosediwa ka metlha le go tlhagolelwa. (1 Bakor. 3:6-9) Ka mo go tshwanang le gompieno, batho bao ba kgatlhegang ba tlhoka gore re ba tlhokomele ka go ba neneketsa ka tsela eo e tshwanang le eo re dirang ka yone fa re dira maeto a go boela go ba thusa gore ba gole semoyeng.
2 Go molemo gore re gakologelwe gore batho bao re ba etelang gantsi ba tla tlhoka gore re ba thuse go gakologelwa dilo tseo re neng ra tlotla ka tsone mo nakong e e fetileng. Ka gone, mo loetong longwe le longwe lwa go boela go ka nna molemo gore o tlhatlhobe seo o ileng wa tlotla le motho ka sone fa o ne o mo etetse mo nakong e e fetileng, o tlhoma mogopolo mo dintlheng tseo mong wa ntlo a ileng a di itumelela segolobogolo. Dira gore mong wa ntlo a nne le seabe mo motlotlong mme o lemoge ka bonako dilo tseo a di kgatlhegelang le tseo a di tlhokang.
3 Fa o dira loeto lwa go boela, go sa kgathalesege gore a o ile wa tsamaisa buka ya “Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe” kana nnyaa, o ka nna wa rata go dirisa mokgwa ono wa ka tlhamalalo wa go simolola thuto:
◼ O ka nna wa botsa jaana: “Ke eng seo se ileng sa dira gore Jesu e nne monna yo mogolo go ba gaisa botlhe mo lefatsheng?” O ka araba seo ka go mmontsha dikgaolo di sekae tsa tse 133 tseo di leng malebana le botshelo jwa gagwe, botho jwa gagwe, seo a neng a se ruta, le dilo tseo a neng a di dira. Kgaolo 24 e tlhalosa gore o ne a tletse eng mo lefatsheng. Kgaolo 35 e tlhatlhoba Thero ya gagwe e e tumileng ya mo Thabeng. Kgaolo 133 e re naya lesedi malebana le ditshegofatso tseo setho se tlileng go nna le tsone ka nako ya fa a wetsa tiro ya gagwe. Bontsha mong wa ntlo kafa dipotso le dikwalo tseo di leng kwa bokhutlong jwa kgaolo nngwe le nngwe di re thusang ka gone gore re tlhaloganye dintlha tseo di leng botlhokwatlhokwa tseo di leng mo kgaolong nngwe le nngwe. Tlotla ka dintlha di sekae fela mme o bo o dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boela gape o mo etela.
4 Yo mongwe o ne a ka nna a re:
◼ “Ke itumeletse thata seo re ileng ra tlotla ka sone mo bekeng e e fetileng. Batho ba le bantsi ba ile ba bontsha kafa ba amegileng ka gone ka ntlha ya maemo a lefatshe ao a ntseng a senyegela pele. Ke ne ke akanya gore kgaolo 111 ya buka eno, Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e tla go kgatlha. [Baakanyetsa gore o akgele malebana le dikarolo dingwe tseo o di tlhophileng tsa kgaolo 111 go araba potso e le nngwe kana di le pedi tsa poeletso tse di leng kwa bokhutlong jwa kgaolo eo, ka sekai: “Ke maemo afe a lefatshe ao a tshwayang go nna gone ga ga Keresete?” kana “Ke sesupo sefe se Jesu a se neelang seo se tla thusang barutwa ba gagwe ba mo isagweng go bona fa bokhutlo bo tla bo bo le gaufi?”] O theile karabo ya gago mo go seo re se balang fano, o ne o ka re ke eng seo re se solofetseng mo bogautshwaneng? [Naya mong wa ntlo sebaka sa gore a arabe mme morago ga moo o bo o mo akgola.] Ke eng seo re tshwanetseng go se dira fa e le gore re batla go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e e boikepo?” Bala Yohane 17:3 mme o bo o buelela thuto ya ka metlha ya Bibela.
5 Fa o boela koo o neng o etetse teng mo nakong e e fetileng koo o ileng wa tsamaisa buka ya “Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe” teng, o ne o ka nna wa re:
◼ “Nako e e fetileng fa ke ne ke go etetse, re ile ra tlotla ka maemo a lefatshe ao a tlhokang go fetolwa. A ga o ise o ko o tsamaye o ipotse gore go tlile go nnang jang mo lefatsheng leno fa boikepo bo tla bo bo sa tlhole bo le teng?” Mo nee sebaka sa gore a arabe o bo o bula mo kgaolong 133, o lebe dipotso tsa ntlha tse pedi tsa poeletso tseo di leng kwa bokhutlong jwa kgaolo eo. Bala dirapa tseo di arabang dipotso tseno o bo o tlotle ka tsone, o leba dingwe tsa dikwalo tseo di leng kwa bokhutlong jwa kgaolo eo. O ka nna wa oketsa motlotlo oo ka go bula mo setshwantshong seo se leng mo kgaolong eo.
6 Koo go Ileng ga Tlogelwa Pampitshana Teng: Ka dinako tse dingwe go tlogelwa pampitshana nngwe mo loetong lwa ntlha. Fa o dira maeto a go boela, o ne o ka nna wa tlotla ka serapa se le sengwe kana di le pedi go tswa mo pampitshaneng eo mmogo le dikwalo tseo di tlhagang mo go yone. Fa motho yoo a bontsha kgatlhego, o ka nna wa rata go mo tsamaisetsa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe mme o bo o dira dithulaganyo tsa gore o tsweletse motlotlo oo pele mo loetong lwa gago lo lo latelang.
7 Fa re ntse re leka ka boikanyego go nosetsa dijalo tseo di sa nonofang tsa tumelo ya Bokeresete tseo re di tlhokomelang, Modimo o tla dira gore di gole gore a tle a bakwe le go galalediwa.—1 Bakor. 3:7.