Boela Kwa Bathong ba ba Neng ba Kgatlhega
1 Fa re dira tiro ya ntlo le ntlo, gantsi nako e re ka kgonang go e dirisa go bua le motho yo o kgatlhegang ya bo e le nnye. Gantsi tiro ya go ruta e dirwa fa re dira maeto a go boela le fa re tshwara dithuto tsa Baebele. (Math. 28:19, 20) Gore re tle re kgone go ruta ka tsela e e nnang le matswela fa re dira maeto a go boela, re tshwanetse gore re boeletse dilo tse re neng re tlotla ka tsone mo loetong lwa rona lwa ntlha mme re ipaakanyetse go tsweletsa motlotlo pele.
2 Fa e le gore o ne wa bua ka go sa iketlang ga thulaganyo ya lelapa, o ka nna wa dirisa tshedimosetso e e mo kgaolong ya 29 e e mo bukeng ya “O Ka Tshelela Ruri.” O ka nna wa bolela jaana:
◼ “Mo nakong e e fetileng re ile ra bua ka moo go leng botlhale ka teng go latela kgakololo ya Baebele gore re tle re nne le botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang. O akanya gore ke eng se se ka kopanyang malapa gompieno?” Letela karabo. Mo lebise mo serapeng sa 27 mo tsebeng ya 247, mme o bale Bakolosa 3:12-14. Akgela ka mo go oketsegileng o supa kafa lorato lwa boammaaruri lo ka kitlanyang lelapa ka teng. Tlhalosa ka moo go ithuta buka ya O Ka Tshelela Ruri ka thulaganyo go ka thusang go rarabolola mathata ka gone.
3 Fa e le gore mo loetong lwa gago lwa ntlha o ne wa tlotla ka maemo a lefatshe a a nnelang maswe kwa pele, o ka nna wa bolela jaana fa o boela:
◼ “Ke dumela gore o tla dumalana le nna gore go tla tlhokega diphetogo tse dikgolo gore re tle re tshele ka kagiso. Baebele e bontsha gore Satane ke ene motswedi wa mathata a rona. Batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke eng fa Modimo o mo dumeletse gore a tswelele pele ka sebaka se seleele jaana. Wena o akanya jang?” Letela karabo. Bula tsebe ya 20, dirapa 14 le 15 mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri, mme o tlhalose gore ke ka ntlha yang fa Satane a ise a nyelediwe. Morago ga foo bala Baroma 16:20, e e bontshang gore re ka solofela eng gautshwane jaana.
4 Fa e le gore o ne wa bua ka masego a re tla a bonang mo pusong ya Bogosi, o ka nna wa bolela jaana mo loetong lwa gago lwa go boela:
◼ “Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa masego a a itumedisang mo lefatsheng le mo bathong. Masego ano a tshwantshitswe sentle mo tsebeng eno ya 12 le ya 13. Ke eng se o se bonang se se go kgatlhang? [Letela karabo.] A o ko o akanye gore go tla nna jang go tshela mo lefatsheng le le ntseng jaana.” Bala serapa sa 12. Fa motho a kgatlhega, botsa potso e e mo serapeng sa 13, mme o tlotle ka karabo ya yone. Mmolelele gore kgaolo eno e araba dipotso tse di oketsegileng tse di malebana le masego a Bogosi mme o tla itumelela go tla go tlotla ka one mo loetong lwa gago lo lo latelang.
5 O ka nna wa kgona go simolola thuto ka go bolela jaana:
◼ “Batho ba le bantsi ba ile ba bona dikarabo tsa dipotso tsa Baebele tse ba neng ba di botsa ka thuso ya buka eno.” Bula diteng mme o botse jaana: “Ke setlhogo sefe se se go kgatlhang thata mo go tseno?” Letela karabo, bula kgaolo e e ba kgatlhang mme o bale serapa sa ntlha. Tlhalosa kafa dipotso tse di kwa tlase ga tsebe nngwe le nngwe di gatelelang ka teng dintlha tse dikgolo tsa serapa sengwe le sengwe. Supa seno ka go tlotla ka serapa se le sengwe kana tse pedi, o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gape.
6 Fa re boela kwa re tsamaisitseng buka ya O Ka Tshelela gone re tla bo re bontsha gore re batla go swetsa bodiredi jwa rona ka botlalo. (2 Tim. 4:5) Re ka nna ra kgona go thusa batho ba ba re utlwang gore ba kgaratlhele go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 17:3.