Boela Kwa Bathong Botlhe ba ba Bontshitseng Kgatlhego Gore ba Solegelwe Molemo
1 Rotlhe re tshwanetse go nna tlhaga go boela kwa bathong botlhe ba re kopaneng le bone kwa tshimong. Batho bangwe ba ile ba ikutlwa gore go mosola fela go boela kwa mothong yo o tsereng dikgatiso dingwe. Kwantle ga pelaelo seno ga se a siama. Fa fela motho a bontsha kgatlhegonyana e nnye fela mo molaetseng wa Bogosi, re batla go dira gotlhe mo re ka go kgonang gore motho yoo a solegelwe molemo. Ka jalo re dira maeto a go boela ka boikaelelo jwa go tsosa kgatlhego ya motho le go simolola thuto ya Baebele. Ono ke one mokgele wa rona lefa re sa tlogele dikgatiso dipe. Re ka dira seno jang?
2 Fa e le gore mo nakong e e fetileng o ne wa tlotla ka tsela e mathata a lenyalo a oketsegileng ka gone mme wa tlogela buka ya “Tshelela Ruri,” o ka nna wa simolola motlotlo ka tsela eno:
◼ “Mo loetong lwa me lwa nako e e fetileng, re ne ra bua ka lenyalo le ka kgakololo e e molemo ya Baebele e e ka re thusang go bona boitumelo jo bo oketsegileng. A ga go boammaaruri gore le e leng mo malapeng a a siameng thata gangwe le gape go tsoga mathata? [Letela karabo.] Baebele e re naya kgakololo e e molemolemo e e ka re thusang go rarabolola mathata mo dikamanong tsa lelapa. Lelapa le ka segofala fa le ithuta Baebele mmogo.” Bula tsebe 246 mme o tlotle ka serapa 23. Bala Johane 17:3 mme o ithaope go thusa lelapa go simolola thuto ya Baebele mo lapeng.
3 Fa e le gore o ne wa bua ka bana le ka moo ba tlhokang go thapisiwa ka gone, o ka nna wa tsweletsa motlotlo ka tsela eno:
◼ “Mo nakong e e fetileng re ile ra bua kafa bana ba tlhokang go thapisiwa semoyeng ka gone le kafa batsadi ba ka ba thusang ka gone. Batsadi ba le bantsi ba ke buileng le bone ba tshositswe ke boitsholo jo bo maswe jwa basha ba le bantsi gompieno. O akanya eng ka . . . ? [Umaka sekai sengwe sa mo tikologong ya lona sa kafa basha ba sa itshwareng sentle ka gone. Letela karabo.] Mma ke go bontshe kgakololo e e molemo e e neelwang mo Baebeleng.” Bula mo serapeng sa 22 mo tsebeng 246 mo bukeng ya Tshelela Ruri, tlotla ka ntlha ya konokono mme o bo o bala Baefeso 6:4. Tlhalosa gore tota bana ba bantsi ba batla go otlhaiwa le go kaelwa. Fa batsadi ba dira seno sentle, bana ba tla itumela le go feta mme ba tla itshwara ka tsela e e tlotlegang le go feta. Tlhalosa gore re ithuta Baebele jang le bana ba rona.
4 Fa e le gore kgang e o neng o tlotla ka yone e ne e le ka lefatshe la Paradaise, he o ka nna wa bolela jaana go tsosa gape kgatlhego:
◼ “Re ile ra lebelela ditshwantsho dingwe mo bukeng eno tse di ileng tsa bontsha gore lefatshe le tla nna jang fa Modimo o le fetotse go nna paradaise. Go tla bo go sa re solegele molemo fa batho ba re ba ratang ba se kitla ba le itumelela mmogo le rona. A ga o dumalane le seo?” Letela karabo. Morago ga foo bula tsebe 162 mo bukeng ya Tshelela Ruri. Bala Tshenolo 21:3, 4 mme o tlhalose gore batho ba re ba ratang ba ka kgona go nna le rona goyagoile. Fa motho a kgatlhega, bala Johane 5:28, 29 go bontsha gore batho ba ba suleng ba tla boa ba tshela gape. Mmontshe bokafantle jwa buka mme o bo o re: “Ke boammaaruri tota—re ka kgona go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise!” Rulaganya loeto lo longwe le mo go lone o tla tlang go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re itse gore le gaufi.
5 Lebaka le legolo la go dira loeto lwa go boela ke go thusa batho ba ba kgatlhegang gore ba solegelwe molemo ke molaetsa wa Bogosi. Batho ba le bantsi ba tlhoka sengwe se se tla tsosang kgatlhego ya bone mo dilong tsa semoya. Dira gore motho a ele dintlha tse di rileng tse di botlhokwa tlhoko mo kgatisong, o bo o gatelela kafa di tla ba thusang ka teng go tlhaloganya Baebele botoka. Maeto a go boela a a kgonang go fitlhelela mekgele eno a tla thusa batho ba bangwe gore ba solegelwe molemo ka tsela e e molemolemo.