LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/95 ts. 10
  • Thusa Batho ba Bangwe Gore ba Solegelwe Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Batho ba Bangwe Gore ba Solegelwe Molemo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boela Kwa Bathong Botlhe ba ba Bontshitseng Kgatlhego Gore ba Solegelwe Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Dipuisano Tse di Akantshiwang Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Boela Kwa Bathong ba ba Neng ba Kgatlhega
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Rera ka Botlhale
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 9/95 ts. 10

Thusa Batho ba Bangwe Gore ba Solegelwe Molemo

1 Jehofa o solofetsa gore o tla re ruta dilo tse re tlhokang go di itse. O re tlhomamisetsa jaana mo go Pesalema 32:8: “Ke tlaa go laya ke go ruta tsela e o tlaa tsamayang ka yone; ke tlaa go gakolola, leitlho la me le ntse le le mo go wena.” Tlhomamisetso eno e re thusa thata. Re batla go bontsha batho ba bangwe kwantle ga bopelotshetlha gore ba solegelwa molemo jang fa ba utlwa kgakololo e e molemo e e mo Baebeleng. (Isa. 48:17) Ka September re ka dira seno ka go tsamaisa buka ya Tshelela Ruri. Fa re buisana le batho, re ka ba bontsha tsela e Baebele e leng mosola thata ka gone ka ditsela tse di farologaneng.

2 E re ka go na le mathata a le mantsi a lenyalo gompieno, o ka nna wa tlhopha go bua ka kgang eno go tswa mo bukeng ya “Tshelela Ruri”:

◼ “Bontsi jwa batho ba ke ileng ka bua le bone ba amegile thata ka tsela e go sa itumela mo lenyalong le tlhalo go oketsegileng ka gone. Wena o ikutlwa jang ka bothata jono? [Letela karabo.] Batho ba le bantsi ga ba kgone go lemoga gore dilo tse di bakang mathata ano ke eng. Fa banyalani ba dira maiteko a mmatota, ba ka se ka ba boloka manyalo a bone fela mme gape ba tla bona boitumelo jwa boammaaruri. Se se ka dirang gore motho a atlege ke go dirisa kgakololo e e mo Baebeleng.” Bala Baefeso 5:28, 29, 33. Bula tsebe 243, mme o tlotle ka dirapa 16 le 17 mme morago ga foo o bo o tsamaisa buka.

3 Bana ba tlhoka nako e e nang le boleng le thapiso ya batsadi ba bone. Fa o tsamaisa buka ya “Tshelela Ruri,” o ka nna wa re:

◼ “Rotlhe re amegile ka gore basha ba rona ba itumele mo isagweng. Wena o akanya gore ke tsela efe e e molemolemo e batsadi ba ka thusang bana ba bone go bona isagwe e e babalesegileng? [Letela karabo.] Reetsa kgakololo eno ya seane sa Baebele se se ileng sa kwalwa dingwaga tse 3 000 tse di fetileng. [Bala Diane 22:6.] Le mororo bana ba rona ba ka kgona go solegelwa molemo thata ke thuto e ba e bonang kwa sekolong, thapiso ya bone e e botlhokwa thata ba e bona kwa gae go tswa mo batsading ba bone. Go tlhokega nako, go ba reetsa, le go ba rata mme lefa go ntse jalo matsapa a gone a a duela.” Bula tsebe 245, o tlotle ka dirapa 20 le 21 mme morago ga foo o bo o tlhalosa gore buka eno e ka dirisiwa jang gore e nne yone motheo wa thuto ya lelapa ya Baebele.

4 O ka nna wa batla go tsamaisa buka ya “Tshelela Ruri” ka go bontsha gore lefatshe le tla nna paradaise jang:

◼ “Ke dumela gore o tshwenyegile ka gore botshelo jwa gago bo tla nna jang mo isagweng. Mo Thapelong ya Morena, Jesu o ne a re ruta gore re rapele gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong. Lefatshe le tla nna jang fa seo se diragala? [Letela karabo.] Motshwantshi mono o tshwantsha lefatshe la paradaise. [Mmontshe setshwantsho se se mo ditsebeng 12 le 13. Morago ga foo bala Isaia 11:6-9 e e leng mo serapeng sa 12.] A go ka se nne monate go tshela mo lefatsheng le le ntseng jaana? Buka eno e tla go bontsha gore wena le lelapa la gago lo ka kgona jang go tshela mo paradaiseng e e ntseng jaana.”

5 Selo se se tla go thusang thata go atlega fa o fitlha mo ntlong ke go baakanyetsa puisano ya gago go sa le gale. Pele ga o kokota, tlhomamisa gore go na le sengwe se se kgethegileng se se malebana le Dikwalo se o ka buang ka sone. Mo godimo ga moo, akanya ka tsela e o ka akgelang ka bokhutshwane ka yone ka sengwe se se kgatlhang mo makasineng kana mo pampitshaneng e o batlang go e tsamaisa fa buka e sa tsewe. Dirisa tshono nngwe le nngwe e o e bonang go jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi ka September. (Mor. 11:6) O tla bo o thusa batho ba bangwe gore ba bone melemo e e tla nnelang ruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela